Dipokano Tsa Tirelo Tsa October
Beke e e Simololang ka October 6
Pina 39
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. October ke kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo.
15 mets: “A Batho Botlhe ba Tla Tsamaya ba Ratana?” Dipotso le dikarabo. Boeletsa dintlhakgolo tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Bontsha mabaka a go bo batho ba ba mo tshimong ya lona ba tla solegelwa molemo ke tshedimosetso eno. Gatelela botlhokwa jwa go dira dithulaganyo jaanong tsa go nna le seabe ka botlalo mo go e tsamaiseng le go tlhoafalela go boela mo go botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego.
20 mets: “Tsamaisa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Gongwe le Gongwe.” Puo e e bulang ka molebedi wa tirelo. Akaretsa dirapa 5-8 ka dipotso le dikarabo. Bolela ka dithulaganyo tsa phuthego ya lona tsa go dira mo go oketsegileng. Tlotla ka ditsela tsa go tlhomamisa gore tshimo yotlhe e berekiwe. Baboledi ba ka nna ba dirisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 fa ba neela batho bosupi kwa dibese di emang gone, kwa dikgwebong tse di potlana, koo go phakiwang dikoloi gone le mo mafelong a mangwe. Bolela dikakantsho tsa kafa ba basha ba ba batlang go simolola tiro ya go rera ba ka thusiwang ka gone. Akaretsa tshedimosetso e e mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1995, serapa 11. Mo mafelong a mangwe go ka nna molemo gore motho a bereke a le esi le gore a se ka a tshwara borifikheise fa go tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Dira dipontsho tse pedi kana tse tharo tse dikhutshwane.
Pina 126 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 13
Pina 41
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Sekaseka dintlha tse go ka tlotliwang ka tsone go tswa mo dimakasineng tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Gakolola botlhe gore ka nako ya bodiredi jwa mafelobeke, dimakasine di tla tsamaisiwa mmogo le pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Re tshwanetse go boela mo go botlhe ba ba ileng ba bontsha kgatlhego.
20 mets: “Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya ‘Tumelo mo Lefokong la Modimo’.” (Dirapa 1-12) Dipotso le dikarabo. Bala dirapa 7 le 9. Gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa go ya ka Dikwalo gore re nne le moaparo le boitshwaro jo bo bori jwa Bokeresete le go tlhokomela bana ba rona ka tsela e e siameng.
15 mets: “O Itshwara Jang fa Batho ba sa Kgatlhege?” Motlotlo fa gare ga bagolwane ba babedi.
Pina 130 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 20
Pina 42
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka maitemogelo mangwe a a tswang go 1996 Yearbook, ditsebe 6-8, tlase ga setlhogo “Go Anamisiwa ga Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mo Lefatsheng Lotlhe.” Bontsha maiteko ao mmoledi mongwe le mongwe a ileng a a dira mo letsholong le le fetileng la go tsamaisa Dikgang Tsa Bogosi. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo mo go tsamaiseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35.
15 mets: “Kopano ya Kgaolo ya 1997 ya ‘Tumelo mo Lefokong la Modimo’.” (Dirapa 13-19) Dipotso le dikarabo. Bala serapa 13 le ditemana tse di umakilweng. Gatelela botlhokwa jwa go dira dilo ka thulaganyo le go akanyetsa ba bangwe, segolobogolo fa go tla mo mannong. Konela ka puo e khutshwane o boeletsa “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo.”
15 mets: “A o Mosupi wa Nako e e Tletseng?” Puo e e neelwang ke mogolwane.
Pina 133 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 27
Pina 43
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bontsha ka moo pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 e setseng e tsamaisitswe ka gone. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a a kgothatsang. Bolela gore ke tshimo e e kana kang e e setseng e berekilwe go tla go fitlha jaanong le gore go tla tlhokega gore go dirweng gore e tle e wediwe ka November 16. Fa tshimo e setse e weditswe, re tla tsamaisa buka ya Kitso mo malatsing a a setseng a kgwedi eo. Gatelela mokgele wa go simolola dithuto fa re dira maeto a go boela koo batho ba ileng ba arabela sentle mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi teng. Kgothaletsa botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tshimo tsa October ka mafelobeke ano.
15 mets: Tsela ya go Bona Tsholofelo mo Nakong ya Boitlhobogo. Puo e e neelwang ke mogolwane e e tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1997, ditsebe 22-5.
18 mets: A Lesedi la Lona le Phatsime. Puo le motlotlo o o tswang mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 84-8. Rulaganya go sa le gale gore baboledi bangwe ba ntshe dikakgelo dingwe mo dipotsong tseno tse di latelang: (1) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba rera ka ntlo le ntlo? (2) Mokgwa ono o ne o dirisiwa go ya bokgakaleng bofe mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (3) Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore go rerwe ka ntlo le ntlo gompieno? (4) Ke maemo afe a a ka dirang gore go nne thata gore re nne le seabe ka metlha? (5) Re ka thusiwa jang gore re kgone go itshoka? (6) Re segofadiwa jang fa re phatsimisa lesedi la rona? (7) Re ka dirang gore re atlege thata go fitlhelela batho? Bontsha seno ka go dira gore baboledi ba le bararo kana ba le banè ba bolele maitemogelo a a kgothatsang ao ba ileng ba nna le one fa ba ne ba rera mo dikgwebong kana fa ba ne ba neela bosupi jwa mmila.
Pina 136 le thapelo e e konelang.