LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/97 ts. 1
  • O Itshwara Jang fa Batho ba sa Kgatlhege?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Itshwara Jang fa Batho ba sa Kgatlhege?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Bone go Ruta ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Ga ke Kgatlhege”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Matseno a a Tsosang Kgatlhego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tsela ya go Nna re Itumetse mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 10/97 ts. 1

O Itshwara Jang fa Batho ba sa Kgatlhege?

1 Go sa kgatlhege ke go se nang maikutlo ape ka selo, go sa se kgatlhegele kana go se amege ka sone. Ke bongwe jwa maikutlo a re kopanang le one thata mo bodireding e bile go le thata go dirisana le jone. Wena o itshwara jang fa o kopane le jone? A bo dirile gore o repise letsogo mo bodireding? O ka bo lwantsha jang gore o tle o fitlhelele batho ka molaetsa wa Bogosi?

2 Sa ntlha, leka go bona gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba mo tshimong ya lona ba sa kgatlhege. A ke ka gonne ba swabisitswe ke baeteledipele ba bone ba bopolotiki le ba bodumedi? A ba na le maikutlo a gore ga go na tharabololo ya mathata a ba lebaneng le one? A ba utlwala ba sa tshepe fa o ba solofetsa ka sengwe se se botoka se se tlang? A ba gana go akanya ka dilo tsa semoya fa ba sa kgone go iponela melemo ya mmatota ka yone nako eo?

3 Gatelela Tsholofelo ya Bogosi: Ga go na bothata jo Bogosi bo se kitlang bo bo rarabolola. Ka jalo, fa re kgona, re tshwanetse go bua ka ditsholofetso tsa Bogosi, re ba bolelele ka dipolelo tsa konokono tsa Dikwalo, le fa re sa kgone kana go sa direge gore re ba bontshe ditemana tsa Baebele. (Baheb. 4:12) Le fa go ntse jalo, re ka dira jang gore motlotlo wa rona o ise koo?

4 Batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa re ba etetse. Ba tshwanetse go lemoga gore re ba etetse ka go bo re rata baagelani ba rona e bile re amegile ka batho. Re ka nna ra botsa potso e e akanyeditsweng sentle e e jaaka, “O akanya gore ke eng se se ka rarabololang [bothata bongwe jo bo amang batho ba lefelo la lona]?” Fa se o se buang se sa dire, leka tsela e nngwe.

5 Mo tshimong nngwe e go nnang batho ba ba humileng thata kwa go yone koo beng ba matlo ba neng ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi teng, baboledi bangwe ba ne ba leka go batla sengwe se ba neng ba ka bua ka sone se se neng se ka tsosa kgatlhego. Fa ba ne ba tsamaisa buka ya Kitso, banyalani bangwe ba ne ba leka go simolola motlotlo ka go re: “A o akanya gore go botlhokwa gore motho a nne le thutego e e molemo gore a tle a atlege mo lefatsheng gompieno? A o a dumalana gore thutego e e feletseng e ka akaretsa go itse Baebele?” Mo thapameng e le nngwe fela, ba ne ba tsamaisa dibuka di le tharo, e nngwe ba e tsamaisetsa mosadi mongwe yo moragonyana a ileng a re o badile buka yotlhe ya Kitso mme a dumela go rutwa Baebele.

6 Fa o kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng, leka ditsela tse di farologaneng, botsa dipotso tse di dirang gore motho a akanye, mme o dirise maatla a Lefoko la Modimo. Ka go dira jalo o ka kgona go thusa ba bangwe go nna le tsholofelo e e itumedisang ya Bogosi e re nang le yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela