LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/97 ts. 5-8
  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 1998

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 1998
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ditlhogwana
  • Ditaelo
  • THULAGANYO
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 10/97 ts. 5-8

Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo Ya 1998

Ditaelo

Ka 1998 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika [bi7-TN], Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo [jv-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola” [si-TN], Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng [kl-TN], Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng [fy-TN] le “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka fa di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha [td-TN]. Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se bo se tswelela jaana:

PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tsewa mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo kana “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa mo bukeng ya Baboledi e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” e tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go 12 morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng eno ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo yotlhe fela mme e nne go supa kafa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, go gatelelwa kafa e ka thusang phuthego ka gone. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Sebui se ka akgela ka ditshwantsho, dinepe le ditšhate tse di mo bukeng ya Baboledi le go ruta ka tsone. Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba dirise nako e e beilweng. Go ka neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore e neelwe.

DINTLHAKGOLO TSE DI TSWANG MO MMALONG WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya gore ke eng se se mo dikgaolong tsotlhe tse di abetsweng ka metsotswana e le 30 go ya go e le 60. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge gore ke ka ntlha yang fa tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga foo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.

PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abetsweng gore o neelwe ke mokaulengwe. Seno se tla dirwa mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutshwane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti go dira ditlhaloso tse dikhutshwane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang kafa ditiragalo tsa nako e e fetileng, boporofeti kana dithuto tsa motheo di dirang ka gone le kafa go leng botlhokwa ka gone go dirisa melaometheo ya yone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse a tla di balang fa e le gore ditemana ga di latelane.

PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla ntshiwa mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, kana “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Seting e ka nna ya bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo, go dira loeto lwa go boela kana thuto ya legae ya Baebele, mme fa batsayakarolo ba ka nna ba bo ba ntse fa fatshe kana ba eme ka maoto. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona kafa moithuti a thusang mong wa ntlo go akanya ka teng le go tlhaloganya tshedimosetso eo le kafa dikwalo di dirisiwang ka gone. Moithuti yo o e abelwang o tshwanetse a bo a kgona go bala. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme le fa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Moithuti o tla swetsa gore a mong wa ntlo o tla bala kana ga a kitla a bala dirapa dingwe fa go dirisiwa buka ya Kitso kana Boitumelo mo Lelapeng. Selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go akanyediwa thata go feta seting ke tsela e e molemo e tshedimosetso e dirisiwang ka yone.

PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa mokaulengwe kana kgaitsadi fa e tserwe go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano,” jaaka di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Fa e tserwe mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, e tla abelwa mokaulengwe. Puo nngwe le nngwe e na le setlhogo sa yone mo thulaganyong. Fa e abetswe mokaulengwe, e tshwanetse go neelwa go akantswe ka bareetsi ba ba mo Holong ya Bogosi e le gore e tle e nne e e rutang eleruri le gore e tswele ba ba e utlwang mosola. Fa karolo eno e abetswe kgaitsadi, puo eno e tshwanetse ya neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3.

*THULAGANYO YA GO THUSA GO BALA BAEBELE: Yone e kwalwa mo masakaneng morago ga nomoro ya pina ya beke nngwe le nngwe. Ka go latela thulaganyo eno, o bala mo e ka nnang ditsebe di le lesome ka beke, o ka kgona go bala Baebele yotlhe mo dingwageng tse tharo. Ga go na dikarolo dipe tsa thulaganyo ya sekolo kana tsa tlhatlhobo e e kwalwang tse di tswang mo thulaganyong ya go thusa go dira mmalo.

ELA TLHOKO: Go bona tshedimosetso le ditaelo tse dingwe malebana le kgakololo, nako, ditlhatlhobo tse di kwalwang le go baakanyetsa dikabelo, tsweetswee bona tsebe 5 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996.

THULAGANYO

Jan. 5 Mmalo wa Baebele: Ditiro 7-8

Pina No. 196 [*Genesise 1-9]

No. 1: Bakaulengwe ba ba Ineetseng ba Gatisa le go Dira Dibuka (jv-TN ts. 579 ser. 4–ts. 586 ser. 4)

No. 2: Ditiro 7:44-60

No. 3: Ikobele Molaodi yo Mogolo ka Metlha (kl-TN dits. 130-1 dir. 1-6)

No. 4: td-TN 16A Jesu ke Morwa Modimo le Kgosi e e Tlhomilweng

Jan. 12 Mmalo wa Baebele: Ditiro 9-10

Pina No. 53 [*Genesise 10-18]

No. 1: Go Atolosa Morago ga Ntwa ya Lefatshe II (jv-TN ts. 588 ser. 1–ts. 595 ser. 4)

No. 2: Ditiro 9:1-16

No. 3: Ineele mo Balaoding ba Bagolo (kl-TN dits. 131-3 dir. 7-10)

No. 4: td-TN 16B Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Dumela mo go Jesu Keresete

Jan. 19 Mmalo wa Baebele: Ditiro 11-13

Pina No. 162 [*Genesise 19-24]

No. 1: Dikhomputara di Thusa go Tsweledisa Pele Dikgang Tsa Bogosi (jv-TN ts. 596 ser. 1–ts. 602 ser. 3)

No. 2: Ditiro 13:1-12

No. 3: Anaanela Thulaganyo ya Modimo ya Bolaodi mo Lelapeng (kl-TN dits. 134-6 dir. 11-18)

No. 4: td-TN 16C Go Dumela mo go Keresete go Tshwanetse ga Patiwa ke Ditiro

Jan. 26 Mmalo wa Baebele: Ditiro 14-16

Pina No. 180 [*Genesise 25-30]

No. 1: Bagatisi le Baanamisi ba ba Tlhagafetseng ba Baebele (jv-TN ts. 603 ser. 1–ts. 607 ser. 4)

No. 2: Ditiro 16:1-15

No. 3: Taolo mo Phuthegong—Selo se se Lorato se re se Neilweng ke Jehofa (kl-TN dits. 137-9 dir. 19-25)

No. 4: td-TN 6A Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Direlang Batho

Feb. 2 Mmalo wa Baebele: Ditiro 17-19

Pina No. 111 [*Genesise 31-36]

No. 1: Go Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha (jv-TN ts. 607 ser. 5–ts. 615 ser. 5)

No. 2: Ditiro 18:1-11

No. 3: Kafa go Ikanyega ka Nitamo go Dirang Lenyalo le le Itumetseng ka Gone (kl-TN dits. 140-1 dits. 1-6)

No. 4: td-TN 6B Go Busa ga Bogosi go Simolola fa Baba ba ga Keresete ba sa Ntse ba Tshwere ka Thata

Feb. 9 Mmalo wa Baebele: Ditiro 20-21

Pina No. 38 [*Genesise 37-42]

No. 1: Go Lekwa le go Feferwa go Tswa mo Teng (jv-TN ts. 618 ser. 1–ts. 623 ser. 3)

No. 2: Ditiro 21:1-14

No. 3: Seabe se se Botlhokwa sa Puisano mo Lenyalong (kl-TN dits. 142-3 dir. 7-9)

No. 4: td-TN 6C Bogosi Jwa Modimo ga bo Tlhomiwe ka Maiteko a Batho

Feb. 16 Mmalo wa Baebele: Ditiro 22-24

Pina No. 8 [*Genesise 43-49]

No. 1: Go Fetolwa ga Botsamaisi go Tlisa Diteko (jv-TN ts. 623 ser. 4–ts. 629 ser. 3)

No. 2: Ditiro 22:1-16

No. 3: Tseela Molekane wa Gago Kwa Godimo Le go Mo Tlotla (kl-TN dits. 143-4 dir. 10-14)

No. 4: td-TN 27A Se “Bokhutlo Jwa Lefatshe” bo se Bolelang Tota

Feb. 23 Mmalo wa Baebele: Ditiro 25-26

Pina No. 179 [*Genesise 50–Ekesodo 7]

No. 1: Go Tlhamaladiwa ga Dithuto Tsa Motheo le Ditebelelo (jv-TN ts. 629 ser. 4–ts. 635 ser. 1)

No. 2: Ditiro 25:1-12

No. 3: Tlhoma Sekai se se Siameng Mme o Bontshe Bana ba Gago Lorato (kl-TN dits. 145-6 dir. 15-18)

No. 4: td-TN 27B Nna o Thantse go Bona Ditshupo Tsa Malatsi a Bofelo

Mar. 2 Mmalo wa Baebele: Ditiro 27-28

Pina No. 92 [*Ekesodo 8-13]

No. 1: Ditiro—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 204-5 dir. 32-40)

No. 2: Ditiro 27:33-44

No. 3: Se go Otlhaya ka Lorato le go Kaela ka Tsela e e Siameng Go ka Se Fitlhelelang (kl-TN dits. 148-9 dir. 19-23)

No. 4: td-TN 9A Modimo o Solofetsa Batho ba ba Kutlo Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Mar. 9 Mmalo wa Baebele: Baroma 1-3

Pina No. 79 [*Ekesodo 14-20]

No. 1: Ketapele ya Baroma (si-TN dits. 205-6 dir. 1-7)

No. 2: Baroma 1:18-32

No. 3: Lebaka La go Bo re Batla go Atamalana le Modimo (kl-TN dits. 150-1 dir. 1-5)

No. 4: td-TN 9B Ga se Mongwe le Mongwe yo o Tla Yang Legodimong

Mar. 16 Mmalo wa Baebele: Baroma 4-6

Pina No. 174 [*Ekesodo 21-27]

No. 1: Ditebelelo, Dilo Tse di Ileng Tsa Diragala le Dikgang Tse Dingwe (jv-TN ts. 635 ser. 2–ts. 641 ser. 3)

No. 2: Baroma 4:1-15

No. 3: Dilo Tse di Tlhokegang go Atamalana Gaufi le Modimo (kl-TN dits. 152-3 dir. 6-9)

No. 4: td-TN 9C Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Solofeditswe Palo E e Sa Lekanyediwang ya “Dinku Tse Dingwe”

Mar. 23 Mmalo wa Baebele: Baroma 7-9

Pina No. 27 [*Ekesodo 28-33]

No. 1: “Lo Tla Nna ba ba Tlhoilweng ke Merafe Yotlhe” (jv-TN ts. 642 ser. 1–ts. 646 ser. 3)

No. 2: Baroma 9:1-18

No. 3: Bua le Modimo Mme o Utlwiwe ke Ene (kl-TN dits. 153-5 dir. 10-14)

No. 4: td-TN 24A Tshwaragano ya Lenyalo e Tshwanetse go Bolokiwa e Tlotlega

Mar. 30 Mmalo wa Baebele: Baroma 10-12

Pina No. 70 [*Ekesodo 34-39]

No. 1: Go Senolwa ga Boitimokanyi Jwa Baeteledipele ba Bodumedi (jv-TN ts. 646 ser. 4–ts. 651 ser. 4)

No. 2: Baroma 10:1-15

No. 3: Ganelela mo Thapelong Mme o Reetse (kl-TN dits. 156-9 dir. 15-20)

No. 4: td-TN 24B Molaomotheo wa Botlhogo o Tshwanetse go Tlotlwa ke Bakeresete

Apr. 6 Mmalo wa Baebele: Baroma 13-16

Pina No. 175 [*Ekesodo 40–Lefitiko 7]

No. 1: Baroma—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 208-9 dir. 20-5)

No. 2: Baroma 13:1-10

No. 3: Bona Polokesego ya Boammaaruri mo Bathong ba Modimo (kl-TN dits. 160-1 dir. 1-4)

No. 4: td-TN 24C Boikarabelo Jwa Batsadi ba Bakeresete mo Baneng ba Bone

Apr. 13 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 1-3

Pina No. 173 [*Lefitiko 8-13]

No. 1: Ketapele ya 1 Bakorintha (si-TN dits. 210-11 dir. 1-7)

No. 2: 1 Bakorintha 1:10-25

No. 3: Kafa Jehofa a Nayang Dijo Tsa Semoya Ka Gone (kl-TN dits. 161-3 dir. 5-8)

No. 4: td-TN 24D Bakeresete ba Tshwanetse go Nyalana le Bakeresete Fela

Apr. 20 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 4-6

Pina No. 56 [*Lefitiko 14-19]

No. 1: Tlhotlheletso ya Baruti e a Bonala (jv-TN ts. 652 ser. 1–ts. 659 ser. 1)

No. 2: 1 Bakorintha 4:1-13

No. 3: Se go Apara Lorato go se Rayang (kl-TN dits. 163-6 dir. 9-14)

No. 4: td-TN 24E Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Nyale Lefufa

Apr. 27 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Ditiro 7–1 Bakorintha 6

Pina No. 91 [*Lefitiko 20-25]

May 4 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 7-9

Pina No. 29 [*Lefitiko 26–Dipalo 3]

No. 1: Baruti le Hitler Kgatlhanong le Batlhanka ba ga Jehofa (jv-TN ts. 659 ser. 2–ts. 665 ser. 1)

No. 2: 1 Bakorintha 7:10-24

No. 3: Phuthego—Lefelo la Polokesego (kl-TN dits. 167-9 dir. 15-20)

No. 4: td-TN 20A Marea E ne E Se “Mmaagwe Modimo”

May 11 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 10-12

Pina No. 103 [*Dipalo 4-9]

No. 1: Go Ganediwa mo Lefatsheng Lotlhe go Obamela Jehofa Fela (jv-TN ts. 666 ser. 1–ts. 673 ser. 1)

No. 2: 1 Bakorintha 11:1-16

No. 3: Etsa Jesu—Direla Modimo ka Bosakhutleng (kl-TN dits. 170-1 dir. 1-6)

No. 4: td-TN 20B Baebele e Bontsha Gore Marea O ne A se “Lekgarebe Goyagoile”

May 18 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 13-14

Pina No. 160 [*Dipalo 10-15]

No. 1: Ba Ilwa Ka go Bo e “Se ba Lefatshe” (jv-TN ts. 673 ser. 2–ts. 677 ser. 3)

No. 2: 1 Bakorintha 14:1-12

No. 3: Dikgato Tse di Botlhokwa Tse di Isang Botshelong (kl-TN dits. 173-5 dir. 7-9)

No. 4: td-TN 36A Se Dikwalo di se Bolelang ka ga Segopotso

May 25 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 15-16

Pina No. 158 [*Dipalo 16-22]

No. 1: 1 Bakorintha—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 213-14 dir. 23-6)

No. 2: 1 Bakorintha 16:1-13

No. 3: Lebaka La go Bo Kolobetso e Tlhokega (kl-TN dits. 175-6 dir. 10-12)

No. 4: td-TN 36B Go Ketekwa ga Mmisa Ga se Ga Dikwalo

June 1 Mmalo wa Baebele: 2 Bakorintha 1-4

Pina No. 58 [*Dipalo 23-29]

No. 1: Ketapele ya 2 Bakorintha (si-TN ts. 214 dir. 1-4)

No. 2: 2 Bakorintha 4:1-12

No. 3: Kolobetso—Kgato e e Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago (kl-TN ts. 177 dir. 13-16)

No. 4: td-TN 29A Bakeresete Botlhe ba Tshwanetse go Nna Badiredi

June 8 Mmalo wa Baebele: 2 Bakorintha 5-8

Pina No. 193 [*Dipalo 30-35]

No. 1: Go Femelwa le go Tlhomamisiwa Semolao ga Dikgang Tse di Molemo (jv-TN ts. 678 ser. 1–ts. 683 ser. 4)

No. 2: 2 Bakorintha 7:1-13

No. 3: Se go Tshelela Boineelo Jwa Gago le Kolobetso go se Rayang (kl-TN dits. 178-80 dir. 17-22)

No. 4: td-TN 29B Ditshwanelego Tsa Bodiredi

June 15 Mmalo wa Baebele: 2 Bakorintha 9-13

Pina No. 43 [*Dipalo 36–Duteronome 4]

No. 1: 2 Bakorintha—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 216-17 dir. 18-20)

No. 2: 2 Bakorintha 10:1-12

No. 3: Go Ipaakanyetsa “jo e Leng Botshelo Ruri” Gone Jaanong (kl-TN dits. 181-2 dir. 1-5)

No. 4: td-TN 18A Lebaka la go Ganediwa ga Bakeresete ba Boammaaruri

June 22 Mmalo wa Baebele: Bagalatia 1-3

Pina No. 127 [*Duteronome 5-11]

No. 1: Ketapele ya Bagalatia (si-TN dits. 217-18 dir. 1-6)

No. 2: Bagalatia 1:1-12

No. 3: Morago ga Haramagedona—Lefatshe la Paradaise (kl-TN dits. 182-4 dir. 6-11)

No. 4: td-TN 18B Mosadi yo o Nyetsweng ga aa Tshwanela go Letla Monna go mo Kgaoganya le Modimo

June 29 Mmalo wa Baebele: Bagalatia 4-6

Pina No. 98 [*Duteronome 12-19]

No. 1: Bagalatia—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 219-20 dir. 14-18)

No. 2: Bagalatia 6:1-18

No. 3: Kagiso Gongwe le Gongwe le Tsogo ya Baswi (kl-TN dits. 184-7 dir. 12-18)

No. 4: td-TN 18C Monna yo o Nyetseng ga aa Tshwanela go Letla Mosadi go mo Thibela go Direla Modimo

July 6 Mmalo wa Baebele: Baefeso 1-3

Pina No. 71 [*Duteronome 20-27]

No. 1: Ketapele ya Baefeso (si-TN dits. 220-1 dir. 1-8)

No. 2: Baefeso 1:1-14

No. 3: Se go Itekanela go Tla se Rayang le ka Moo Re ka Go Itumelelang (kl-TN dits. 187-91 dir. 19-25)

No. 4: td-TN 38A Dithapelo Tse Modimo a di Utlwang

July 13 Mmalo wa Baebele: Baefeso 4-6

Pina No. 214 [*Duteronome 28-32]

No. 1: Baefeso—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 222-3 dir. 16-19)

No. 2: Baefeso 6:1-13

No. 3: td-TN 38B Lebaka La go Bo Dithapelo Dingwe di sa Amogelwe

No. 4: Lelapa le mo Mathateng (fy-TN dits. 5-9 dir. 1-14)

July 20 Mmalo wa Baebele: Bafilipi 1-4

Pina No. 123 [*Duteronome 33–Joshua 6]

No. 1: Ketapele ya Bafilipi le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 223-4 dir. 1-7; ts. 225 dir. 12-14)

No. 2: Bafilipi 1:1-14

No. 3: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (fy-TN dits. 9-12 dir. 15-23)

No. 4: td-TN 37A Motho ga aa Laolelwagale

July 27 Mmalo wa Baebele: Bakolosa 1-4

Pina No. 64 [*Joshua 7-12]

No. 1: Ketapele ya Bakolosa le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 226 dir. 1-5; ts. 228 dir. 12-14)

No. 2: Bakolosa 4:1-13

No. 3: td-TN 40A Botshelo Jwa ga Jesu Jwa Motho bo Duetse e le “Thekololo a e Ntshetsa Botlhe”

No. 4: A o Setse o Siametse Lenyalo? (fy-TN dits. 13-15 dir. 1-6)

Aug. 3 Mmalo wa Baebele: 1 Bathesalonika 1-5

Pina No. 35 [*Joshua 13-19]

No. 1: Ketapele ya 1 Bathesalonika le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 229 dir. 1-5; ts. 231 dir. 13-15)

No. 2: 1 Bathesalonika 2:1-12

No. 3: Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Ikitse Pele le go Nna Tekatekano (fy-TN dits. 16-18 dir. 7-10)

No. 4: td-TN 40B Lebaka La go Bo Jesu a Ile a Kgona go Duelela Thekololo

Aug. 10 Mmalo wa Baebele: 2 Bathesalonika 1-3

Pina No. 10 [*Joshua 20–Baatlhodi 1]

No. 1: Ketapele ya 2 Bathesalonika le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 232 dir. 1-4; ts. 233 dir. 10-11)

No. 2: 2 Bathesalonika 1:1-12

No. 3: td-TN 5A Tsela ya go Tlhaola Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri

No. 4: Se o Tshwanetseng go se Senka Mo go Yo o Tla Nyalanang Nae (fy-TN dits. 18-22 dir. 11-15)

Aug. 17 Mmalo wa Baebele: 1 Timotheo 1-3

Pina No. 221 [*Baatlhodi 2-7]

No. 1: Ketapele ya 1 Timotheo (si-TN ts. 234 dir. 1-6)

No. 2: 1 Timotheo 1:3-16

No. 3: Dilo Tse o Tshwanetseng go Akanya ka Tsone Pele o Itlama (fy-TN dits. 22-3 dir. 16-19)

No. 4: td-TN 5B A go Phoso go Kgala Dithuto Tsa Maaka?

Aug. 24 Mmalo wa Baebele: 1 Timotheo 4-6

Pina No. 30 [*Baatlhodi 8-13]

No. 1: 1 Timotheo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 236-7 dir. 15-19)

No. 2: 1 Timotheo 4:1-16

No. 3: td-TN 5C Fa Modimo a Dumela Gore o Fetole Bodumedi Jwa Gago

No. 4: Bolokang Thatano ya Lona E Tlotlega Mme lo Lebe ka Kwa ga Lenyalo (fy-TN dits. 24-6 dir. 20-3)

Aug. 31 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa 1 Bakorintha 7–1 Timotheo 6

Pina No. 59 [*Baatlhodi 14-19]

Sept. 7 Mmalo wa Baebele: 2 Timotheo 1-4

Pina No. 46 [*Baatlhodi 20–Ruthe 4]

No. 1: Ketapele ya 2 Timotheo le Lebaka La go bo e Le Mosola (si-TN dits. 237-8 dir. 1-4; dits. 238-9 dir. 10-12)

No. 2: 2 Timotheo 3:1-13

No. 3: Melaometheo ya Baebele E e Ka lo Thusang go Baakanyetsa Lenyalo le le Atlegileng (fy-TN ts. 26 lebokoso la poeletso)

No. 4: td-TN 5D A Modimo o Leba Bodumedi Jotlhe E le Jo bo Siameng?

Sept. 14 Mmalo wa Baebele: Tito 1–Filemone

Pina No. 155 [*1 Samuele 1-8]

No. 1: Ketapele ya Tito le Filemone le Lebaka La go Bo di Le Mosola (si-TN dits. 239-41 dir. 1-4, 8-10; dits. 241-3 ser. 1-4, 7-10)

No. 2: Tito 3:1-14

No. 3: td-TN 44A Ke Bomang ba ba Tla Tsosiwang mo Baswing?

No. 4: Selotlele sa Ntlha sa Lenyalo le le Tla Nnelang Ruri (fy-TN dits. 27-9 dir. 1-6)

Sept. 21 Mmalo wa Baebele: Bahebera 1-3

Pina No. 149 [*1 Samuele 9-14]

No. 1: Ketapele ya Bahebera (si-TN dits. 243-4 dir. 1-9)

No. 2: Bahebera 3:1-15

No. 3: Selotlele sa Bobedi sa Lenyalo le le Tla Nnelang Ruri (fy-TN dits. 30-1 dir. 7-10)

No. 4: td-TN 44B Baswi ba Tla Tsosediwa Kae?

Sept. 28 Mmalo wa Baebele: Bahebera 4-7

Pina No. 3 [*1 Samuele 15-19]

No. 1: Go Lwela Kgololesego ya go Obamela ka fa Molaong (jv-TN ts. 684 ser. 2–ts. 692 ser. 4)

No. 2: Bahebera 6:1-12

No. 3: td-TN 13A Go Boa ga ga Keresete Ke go Go sa Bonaleng

No. 4: Botlhogo Jwa Monna bo Tshwanetse go Tshwana le Jwa ga Keresete (fy-TN dits. 31-3 dir. 11-15)

Oct. 5 Mmalo wa Baebele: Bahebera 8-10

Pina No. 209 [*1 Samuele 20-25]

No. 1: Go Direla Jehofa Ba se Na Poifo ba le Seoposengwe go sa Kgathalesege Kganetso (jv-TN ts. 693 ser. 1–ts. 699 ser. 2)

No. 2: Bahebera 8:1-12

No. 3: Tsela e Mosadi yo o Nyetsweng a ka Nnang Mothusi wa Monna wa Gagwe (fy-TN dits. 34-5 dir. 16-19)

No. 4: td-TN 13B Go Boa ga ga Keresete go Lemogiwa ka Mabaka a a Bonalang

Oct. 12 Mmalo wa Baebele: Bahebera 11-13

Pina No. 108 [*1 Samuele 26–2 Samuele 2]

No. 1: Bahebera—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 247 dir. 23-7)

No. 2: Bahebera 11:1-10

No. 3: td-TN 34A Bakeresete ga ba Tlhoke go Boloka Sabata

No. 4: Se Puisano e e Siameng e se Rayang Tota (fy-TN dits. 35-8 dir. 20-6)

Oct. 19 Mmalo wa Baebele: Jakobe 1-5

Pina No. 144 [*2 Samuele 3-10]

No. 1: Ketapele ya Jakobe le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 248-9 dir. 1-7; ts. 250 dir. 15-17)

No. 2: Jakobe 5:1-12

No. 3: Melaometheo ya Baebele E e Ka lo Thusang go Nna le Lenyalo le le Nnelang Ruri le le Itumetseng (fy-TN ts. 38 lebokoso la poeletso)

No. 4: td-TN 34B Molao wa Sabata O ne O sa Newa Bakeresete

Oct. 26 Mmalo wa Baebele: 1 Petere 1-5

Pina No. 54 [*2 Samuele 11-15]

No. 1: Ketapele ya 1 Petere le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 251-2 dir. 1-5; ts. 253 dir. 11-13)

No. 2: 1 Petere 4:1-11

No. 3: td-TN 34C Nako e Boikhutso Jwa Modimo Jwa Sabata bo Simololang le go Khutla ka Yone

No. 4: Tshela go Lekana Kgetsi ya Gago (fy-TN dits. 39-41 dir. 1-6)

Nov. 2 Mmalo wa Baebele: 2 Petere 1-3

Pina No. 177 [*2 Samuele 16-20]

No. 1: Ketapele ya 2 Petere le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 254 dir. 1-3; ts. 255 dir. 8-10)

No. 2: 2 Petere 3:1-13

No. 3: Go Tlhokomela Legae ke Tiro ya Lelapa Lotlhe (fy-TN dits. 42-4 dir. 7-11)

No. 4: td-TN 33A Modimo o Boloka Fela ka Keresete

Nov. 9 Mmalo wa Baebele: 1 Johane 1-5

Pina No. 114 [*2 Samuele 21–1 Dikgosi 1]

No. 1: Ketapele ya 1 Johane le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN dits. 256-7 dir. 1-5; ts. 258 dir. 11-13)

No. 2: 1 Johane 5:1-12

No. 3: td-TN 33B “Fa o Bolokilwe o Boloketswe Ruri” Ga se Ga Dikwalo

No. 4: Lebaka La go Bo Jehofa a Batla re Nna Phepa (fy-TN dits. 45-9 dir. 12-20)

Nov. 16 Mmalo wa Baebele: 2 Johane–Jude

Pina No. 22 [*1 Dikgosi 2-6]

No. 1: Ketapele ya 2 Johane, 3 Johane le Jude le Lebaka La go Bo di Le Mosola (si-TN ts. 259 dir. 1-3, 5; dits. 260-1 dir. 1-3, 5; dits. 261-3 dir. 1-4, 8-10)

No. 2: 2 Johane 1:1-13

No. 3: Se go Akgolwa ka Lorato le go Lebogwa Go ka Se Direlang Lelapa (fy-TN dits. 49-50 dir. 21-2)

No. 4: td-TN 33C “Poloko ya Popo Yotlhe” Ga se Thuto ya Dikwalo

Nov. 23 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 1-3

Pina No. 195 [*1 Dikgosi 7-10]

No. 1: Ketapele ya Tshenolo (si-TN dits. 263-4 dir. 1-6)

No. 2: Tshenolo 3:1-11

No. 3: td-TN 8A Se Boleo e Leng Sone

No. 4: Kgopolo ya Baebele ka Bana le Maikarabelo a Lelapa (fy-TN dits. 51-2 dir. 1-5)

Nov. 30 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 4-6

Pina No. 203 [*1 Dikgosi 11-15]

No. 1: Bodumedi bo le Bongwe Jwa Boammaaruri, Bo Tlhophilwe ke Modimo (jv-TN ts. 704 ser. 1–ts. 706 ser. 4)

No. 2: Tshenolo 5:1-12

No. 3: Se go Naya Ngwana wa Gago Tse a di Tlhokang go se Rayang (fy-TN dits. 53-5 dir. 6-9)

No. 4: td-TN 8B Lebaka La go Bo Batho Botlhe ba Boga ka Ntlha ya Boleo Jwa ga Adame

Dec. 7 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 7-9

Pina No. 200 [*1 Dikgosi 16-20]

No. 1: Jehofa o Segofatsa ba ba Dirisang Boammaaruri mo Matshelong a Bone (jv-TN ts. 707 ser. 1–ts. 709 ser. 5)

No. 2: Tshenolo 8:1-13

No. 3: td-TN 8C Leungo le le Ileditsweng E ne E le Eng?

No. 4: Ruta Ngwana wa Gago Boammaaruri (fy-TN dits. 55-7 dir. 10-15)

Dec. 14 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 10-12

Pina No. 137 [*1 Dikgosi 21–2 Dikgosi 3]

No. 1: Letshwao le le Bonalang le le Tlhaolang Barutwa ba Boammaaruri ba ga Jesu (jv-TN ts. 710 ser. 1–ts. 712 ser. 3)

No. 2: Tshenolo 10:1-11

No. 3: Ruta Ngwana wa Gago Ditsela Tsa ga Jehofa (fy-TN dits. 58-9 dir. 16-19)

No. 4: td-TN 8D Go Leofela Moya o o Boitshepo ke Eng?

Dec. 21 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 13-15

Pina No. 60 [*2 Dikgosi 4-9]

No. 1: Batlhanka Botlhe ba Boammaaruri ba Modimo ba Tshwanetse go Nna ba Disitse (jv-TN ts. 713 ser. 1–ts. 716 ser. 4)

No. 2: Tshenolo 13:1-15

No. 3: td-TN 30A Moya (Soul) ke Eng?

No. 4: Botlhokwa Jwa go Kgalemela ka Ditsela Tse di Farologaneng (fy-TN dits. 59-61 dir. 20-3)

Dec. 28 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa 2 Timotheo 1–Tshenolo 15

Pina No. 212 [*2 Dikgosi 10-15]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela