LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/97 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 10/97 ts. 11

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya October: Dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Go ka nna ga tsamaisiwa peeletso koo go bontshitsweng kgatlhego teng. (Seno ke go fetoga ga kitsiso e e dirilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September.) Go tla tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 go simolola ka October 12. November: Go sa ntse go tla tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Diphuthego tse di fetsang tshimo ya tsone ka go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 di ka nna tsa tsamaisa buka ya Kitso ka moneelo wa R4,00. December: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R8,00. January: Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R12,00, kana Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R6,00.

◼ Go na le tsenyeletso e e tlhagang mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e e reng “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 1998” mme ga ya tshwanela go latlhwa gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 1998.

◼ E re ka November e na le mafelobeke a a tletseng a le matlhano, e ka nna nako e e molemo ya gore ba le bantsi ba nne babulatsela ba ba thusang.

◼ Dinako tsa dipokano tsa diphuthego di le dintsi di tla fetoga ka January 1. Ka jalo, go ka nna ga tlhokega gore go otariwe dipampitshana tsa taletso tse disha tse di bontshang dinako tse di fetogileng tsa dipokano.

◼ Tsweetswee itsiseng molebedi wa lona yo o okamelang ka dipego tse di tlhomologileng tse di molemo kana tse di maswe tse di tswang kwa metsweding ya tshedimosetso, tse di ka amang tsela e batho ba lebang Basupi ba ga Jehofa ka teng. O tshwanetse a di romela kwa Mokgatlhong.

◼ Diphuthego di ka nna tsa simolola go otara temana ya ngwaga wa 1998 ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa le Sezulu ka R14,00 e le nngwe, mme madi a tsone a tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka. Diphuthego tse di nang le molato mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse tsa romela madi le otara ya tsone. Go akantshiwa gore diphuthego tsotlhe di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 1998.

◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otara Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—1998 mo otareng ya tsone ya ka metlha ya dibuka go tloga ka October 1. Dibukana tseno di tla bo di le gone ka Seburu, Sechichewa, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sekwanyama, Sentadiana, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu. Go fitlhela di nna gone le go romelwa di tla tlhaga mo tshupasekolotong ya phuthego e le “Back Ordered.” Dibukana tsa Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ke dilwana tsa setoko se se laolwang mme madi a tsone a tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ka R2,00 e le nngwe, e e leng tlhwatlhwa ya baboledi mmogo le ya babulatsela. Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ba ba ikwadisitseng pele ga July 1, 1997, ba ka nna ba amogela khopi e le nngwe ya mahala. Diphuthego tse di se nang akhaonto mo Mokgatlhong kana tse di nang le molato mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse go romela madi ka diotara tsa tsone. Dikhopi tse di ntshitsweng mahala tsa babulatsela di tshwanetse tsa kwalwa di le tsosi mo foromong ya Remittance and Credit Request (S-AB-20). Di tshwanetse tsa otariwa ka phuthego. RE LO KGOTHALETSA GORE LELOKO LENGWE LE LENGWE LA LELAPA, GO AKARETSA BANA BA BA KGONANG GO BALA, BA NNE LE KHOPI YA BONE YA BUKANA ENO.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 GA E A TSHWANELA go begiwa mo dipegong tsa S-4 kana mo karateng ya Congregation Report (S-1).

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:

Watch Tower Publications Index 1996 (phuthego, batho botlhe le babulatsela: R2,00)—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela