Dipokano Tsa Tirelo Tsa July
Beke e e Simololang ka July 7
Pina 6
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgola bakaulengwe go bo ba ile ba iteka ka natla mo tshimong ka April mme o itsise phuthego gore ke eng se se ileng sa fitlhelelwa mo dikgweding tse tharo tsa tirelo e e kgethegileng.
15 mets: “Go Ikanyega go a Duelwa.” Dipotso le dikarabo. Akaretsa sekai se se boletsweng mo makasineng wa Tsogang! wa January 22, 1993, ditsebe 18-21 (ka Seesemane).
20 mets: “Thusa ba Bangwe go Bona Kgomotso.” Motlotlo le bareetsi. Dira pontsho ka puisano e le nngwe kana tse pedi. Kopa bareetsi go bolela ka ditsela tse dingwe tse ba ileng ba simolola motlotlo ka tsone, ba dirisa diboroutšhara tsone tseo. Ba kgothaletse go dirisa mafoko a a motlhofo, a a tlhophilweng sentle go tsosa kgatlhego. (Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, tsebe 7, dirapa 9-11.) Umaka diboroutšhara tse dingwe tse di ka tsamaisiwang le tse phuthego e nang le tsone mo setokong.
Pina 70 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 14
Pina 5
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotlang ka setlhogo sa “Re Tla Ithuta Buka ya Boitumelo mo Lelapeng.”
18 mets: “Rera Gongwe le Gongwe Kwa Batho ba Leng Teng.” Puo. Fa nako e letla, go ka nna ga tlotliwa ka maitemogelo a a oketsegileng go tswa go 1997 Yearbook, ditsebe 43-6.
15 mets: Rulaganyetsa Tshimo E e Sa Abiwang Kwa Pele. Puo ka molebedi wa tirelo. Boeletsang lekwalo la May 30, 1997. Tlotla ka mpho e e kgethegileng ya buka e e tla tsamaisiwang, matlha a go tla dirwang ka one, lefelo le le tla berekiwang le dithulaganyo tsa kwa go tla robalwang gone le tsa dipalangwa. A bangwe ba ka nna babulatsela ba ba thusang? Diphuthego tse di sa yeng tshimong e e sa abiwang di tshwanetse go tlotla ka dithulaganyo tsa go bereka tshimo e e sa berekiweng ka metlha.
Pina 71 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 21
Pina 14
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotlang ka setlhogo sa “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo.”
13 mets: Ke Mang yo o Tla re Elang? Puo e e agang, e e kgothatsang ba ba tla kgonang go nna babulatsela ba ka metlha go simologa ka September 1. Akaretsa maitemogelo a a mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1997, dirapa 16-17. Ba ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ka metlha ba ka nna ba batla go rulaganya gore ba tla nna babulatsela ba ba thusang ka (di)kgwedi dife mo ngwageng o o tlang wa tirelo.
20 mets: Ipaakanyetse go Neela Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo. Re nna le ditshono tsa go neela batho ba re kopanang le bone bosupi letsatsi lengwe le lengwe. Fa tshono eo e bulega, re ka nna re iphitlhela re se na Baebele kana dikgatiso tse re ka di dirisang. Rulaganya go sa le gale. Fa o le kwa gae, baya dibuka gaufi le mo o amogelang baeng gone. Tsenya dikgatiso tse di farologaneng mo kgetsaneng, mme e nne le wena mo koloing ya gago, kwa o berekang teng kana mo o bayang dilo tsa gago kwa sekolong. Tshola sengwe mo go wena fa o palame dipalangwa tsa botlhe. Paka dikgatiso dingwe fa o le mo loetong lwa kgwebo, o ya kopanong kana o ya boikhutsong. Tlotla ka dikakantsho tse di oketsegileng tse di mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 80-2, dirapa 11-16. Bontsha ka bokhutshwane ditsela tse di farologaneng tsa go buisana le motho yo o rekisang, modirimmogo, yo o tsenang sekolo nae, yo o tsamayang le ene kana motho yo o mo nakong ya boikhutso.
Pina 72 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka July 28
Pina 15
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotlang ka mpho e e tla tsamaisiwang ka August. Bayang tlhokomelo mo go boeleng kwa go ileng ga tsamaisiwa diboroutšhara ka July gone fa lo dira maeto a go boela ka August, lo leka go simolola dithuto tsa Baebele. Dithuto di tshwanetse go simololwa mo boroutšhareng jwa Re Direng kana mo bukeng ya Kitso.
15 mets: Batsadi—Rutang Bana ba Lona go Tswa Bonyaneng. Mogolwane o tlotla ka melaometheo ya Dikwalo e e buang ka kafa batsadi ba tlhokang go ruta bana ba bone go tswa bonyaneng ka teng. (Dia. 22:6; 2 Tim. 3:14, 15) Batsadi bangwe ba ikutlwa gore ga ba a tshwanela go naya bana ba bone thuto e e tseneletseng ya Baebele go fitlhela ba godile mo ba ka itirelang ditshwetso. Ka ntlha ya go akanya jalo, bana ba le bantsi ba ile ba latlhegela kwa lefatsheng. Tao ya semoya e tshwanetse go simolola go tswa bonyaneng. (g97-TN 3/8 20-1; w88-TN 8/1 12-13) Botsolotsa banyalani bangwe ba ba amegang ka bomoya jwa bana ba bone. Bontsha kafa rre a etelelang pele ka gone le fa go ntse jalo batsadi boobabedi ba dira karolo ya bone go rulaganyetsa gore ba rute bana ba bone sentle e bile ba dira jalo ka metlha. Banyalani bano ba bolela seo ba ntseng ba se dira go leka go ruta bana ba bone boammaaruri, ba dirisa dikakantsho tse mokgatlho o di ntshitseng tsa go nna le thulaganyo e e molemo le e e mosola ya go ruta kwa gae. Mogolwane o gatelela botlhokwa jwa go dirisa se Lefoko la Modimo le kgothaletsang batsadi go se dira.—w85 4/1 23; Baef. 6:1-4.
18 mets: Swetsa Bodiredi Jwa Gago ka Botlalo. Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo e e tswang mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 5-8. Gatelela botlhokwa le go potlaka ga tiro ya go rera, o kgothaletsa botlhe go tsaya boikarabelo jwa bone jwa go nna badiredi masisi. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa July. Kgothaletsa botlhe ka lorato go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya tshimo ka August e re ka e le kgwedi ya bofelo ya ngwaga wa tirelo.
Pina 75 le thapelo e e konelang.