Rera Gongwe le Gongwe Kwa Batho ba Leng Teng
1 Fa moaposetoloi Paulo a bua ka seabe se moya wa Modimo o neng o na le sone mo bodireding jwa gagwe, o ne a re: “Modimo o ne wa nna wa godisa.” Gape o ne a dumela jaana: “Re badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:5-9) Eno ke tshiamelo e e itumedisang thata. Re ka bontsha jang phatlalatsa gore re anaanela go nna badirimmogo le Modimo? Ka go bolela botlhe ba re kopanang le bone mo tirong ya ka ntlo le ntlo le gongwe le gongwe dikgang tse di molemo.
2 Re laelwa gore re ‘dire batho botlhe barutwa.’ (Math. 28:19) Fa re etela batho ba le mmalwa fela fa re le mo bodireding, re ka nna ra lapa ka bonako mme ra ikutlwa gore ga re a dira mo go kalo. Mo letlhakoreng le lengwe, re itumelela bodiredi jwa rona thata fa re kgona go fitlhelela batho ba le bantsi le go buisana le bone. Seno e ka nna kgwetlho, e re ka go tlhoka gore e nne rona re tsayang kgato pele go ya gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone gore re tle re kopane le bone.
3 Dikai Tse di Mosola: Re ka neela batho bosupi kwa mmarakeng, kwa diparakeng, matlwana a go ikhutsa a a fa thoko ga tsela, mo diseteisheneng le mo go emelwang dithekise teng. Fa o palame dipalangwa tsa botlhe, a o ipaakanyeditse go neela bosupi fa o ntse o le mo loetong? Basupi ba babedi ba ba neng ba palame bese e e neng e tletse fa ba ne ba ya kwa pokanong ya bone ya tshimo ba ne ba tlotla ka setshwantsho sa Paradaise se se mo bukeng ya Kitso, ba tlotla ka ditsholofetso tsa Modimo ka isagwe. Fela jaaka ba ne ba solofetse, lekawana lengwe le le neng le eme gaufi le ne le reeditse mme la kgatlhwa ke se le neng le se utlwa. Pele le fologa bese, le ne la tsaya buka mme la kopa gore mongwe a le etele kwa legaeng la lone.
4 Baboledi ba le bantsi ba ile ba itumelela go neela bosupi ka tsela e e seng ya tlwaelo. Thapama nngwe kgaitsadi mongwe o ne a ya kwa mabenkeleng mangwe a lefelo la bone mme a atamela batho bangwe ba ba neng ba feditse go reka mme go bonala ba sa itlhaganela. O ne a tsamaisa dibuka tsotlhe tse a neng a na le tsone mo kgetsaneng ya gagwe. Monna mongwe yo o neng a letile mo koloing ya gagwe o ne a itumelela go tsaya dimakasine mo go ene. O ne a kile a ya dipokanong, mme puisano ya bone e ne ya dira gore a kgatlhege gape.
5 Ke tshiamelo go tlotlomatsa leina la ga Jehofa. Ka go tlhagafala mo tirong ya rona ya go rera, re supa gore ga re a fosa boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. E re ka “jaanong e le nako e e amogelesegang” go thusa ba bangwe, a re yeng gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone mme re ba neele bosupi ka ga “letsatsi la poloko” la ga Jehofa.—2 Bakor. 6:1, 2.