LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/97 ts. 1
  • Thusa Ba ba Se Nang Maitemogelo go Tlhaloganya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Ba ba Se Nang Maitemogelo go Tlhaloganya
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • A o Dirisa Boroutšhara Jwa Re Direng go Simolola Dithuto?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 4/97 ts. 1

Thusa Ba ba Se Nang Maitemogelo go Tlhaloganya

1 Fa re dira tiro ya go dira barutwa, re ruta ba bangwe gore Modimo o batla ba direng. (Math. 28:19, 20) Basupi ba ba fetang dimilione tse tlhano go dikologa lefatshe ba ntse ba dira maiteko a magolo go dira seo. Katlego e ba nang le yone ga e badiwe ka palo ya diura tse ba di dirang, dibuka tse ba di tsamaisang kana dithuto tsa Baebele tse ba di simololang. Re fitlhelela mokgele wa rona fa batho ba tlhaloganya le go dirisa se ba se ithutang.

2 Go thusa ba bangwe semoyeng go akaretsa “go n[aya] ba ba sa tlhalefang tlhaloganyo.” (Pes. 119:130) Batho ba amega mo pelong le go tlhotlheletsega fa fela ba “tshwar[a] kgopolo ya gone.” (Math. 15:10) Jaaka fa tiro eno ya rona e ntse e gola le go oketsega, re simolola go lemoga thata botlhokwa jwa go bua le go ruta ka tsela e e sa raraanang. Ke ka moo Mokgatlho o ileng wa gatisa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? E na le thuto e e tseneletseng e e akaretsang dithuto tsa motheo tsa Baebele. Dithuto tsa yone di dikhutshwane, e kwadilwe ka tsela e e sa raraanang le thuto ya yone e motlhofo go tlhaloganngwa, e leng selo se se dirang gore boroutšhara jono bo ikuele mo bathong ba le bantsi.

3 Boroutšhara jono bo tla tsamaisiwa mmogo le mpho ya peeletso ka dikgwedi tsa April le May. Isetsa batho ba ba ileng ba amogela dibuka mo nakong e e fetileng boroutšhara jono. Gakologelwa gore e ka nna molemo thata go ruta bana, batho ba ba buang puo e sele le batho ba ba sa kgoneng go bala sentle.

4 Dirisa Mokgwa O o Sa Raraanang wa go Bua: Fa o tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, bula mo go tsebe 2, koo e tlhalosang gore “boroutšhara jono bo diretswe go ithuta Baebele.” Bula tsebe 3 mo serapeng 3 go bontsha gore ke ka ntlha yang fa motho yono a tshwanetse go ithuta Baebele. Tsosa kgatlhego ya gagwe ka dingwe tsa ditlhogo tsa dithuto tse di senolang boammaaruri jo bo sa raraanang jwa Baebele. Mmontshe gore boroutšhara jono bo dira gore go ithuta go nne monate jang o bo o ithaopa go mo thusa ka bowena.

5 Tshwara Thuto e e Gatelang Pele: Mokgele wa rona ke go dira se se fetang go tshwara fela dithuto—re batla go dira barutwa ba ba tla nnang batshegetsi ba ba nonofileng ba kobamelo ya boammaaruri. Boroutšhara jono bo ka wediwa mo dibekeng di sekae fela mme bo tshwanetse go latelwa ke thuto mo bukeng ya Kitso. (Bona ntlhanyana e e kwa tlase mo go tsebe 31.) Go tswa fela kwa tshimologong, thusa moithuti go bona phuthego ya ga Jehofa. (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 401-2.) Mmontshe gore dipokano tsa phuthego di molemo go le kana kang, o bo o tlhalosa gore go nna gone kwa go tsone go thusa motho go tlhaloganya ka botlalo mokgwa wa go obamela ka tsela ya boammaaruri.—Baheb. 10:24, 25.

6 Go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e kgethegileng ka April le May go tla re tlisetsa boitumelo jo bo nnang gone ka ntlha ya go thusa batho ba ba pelo di phepa go “bapala tlhaloganyo” e e isang botshelong.—Dia. 4:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela