LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/97 ts. 1
  • Matshutitshuti a Ntse a Okediwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matshutitshuti a Ntse a Okediwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsaya Kgato e e Siameng gore O Tle O Gatele Pele Ka mo Go Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Nna o Gatele Pele mo Semoyeng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Maloko Otlhe a Phuthego a ka Nna le Seabe mo go Direng Barutwa ba Basha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ipoloke o Nonofile Semoyeng, Nna o Le Phepa Gore o Direle Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 4/97 ts. 1

Matshutitshuti a Ntse a Okediwa

1 Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, koketsego e e nnang teng mo phuthegong ya Bokeresete gompieno ke e e gakgamatsang. (Dit. 2:41; 4:4) Ngogola go ile ga kolobediwa barutwa ba basha ba le 366 579, palogare ya ba ba fetang 1000 ka letsatsi! Go kolobeditswe ba ba fetang milione o le mongwe mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Eleruri Jehofa o ntse a oketsa matshutitshuti a ba ba dumelang.—Dit. 5:14.

2 Ba bantsi ba ba sa tswang go kolobediwa ba ba se nang maitemogelo mo go tsheleng ga Bokeresete ba tlhoka go thusiwa le go thapisiwa ke ba ba nonofileng mo tumelong. (Bar. 15:1) Mo Bakereseteng ba pele go ne go na le bao, le eleng dingwagangwaga morago ga gore ba kolobediwe, ba neng ba ntse ba palelwa ke go ‘gagamalela kwa go goleng sentle.’ (Baheb. 5:12; 6:1) Ke gone ka moo, fa a ne a kwalela Bahebera, Paulo a neng a gatelela dikarolo tse Bakeresete ba tlhokang go gola semoyeng mo go tsone. Dikarolo tseno ke dife, mme thuso e e tlhokegang e ka neelwa jang?

3 Go Nna le Mekgwa e e Molemo ya go Ithuta: Tumalanong le taelo ya ga Paulo, go nna moithuti yo o molemo go akaretsa go ithuta ka tlhagafalo, go boeletsa “dijo tse di loileng” tse re di newang ke phuthego ya ga Jehofa le go di dirisa. (Baheb. 5:13, 14; bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1993, ditsebe 12-17.) Ka go dira gore o nne le ba ba sa tswang go dumela mo metlotlong ya gago ya semoya le go abalana le bone dilo tse di botlhokwa tsa boammaaruri tse o di ithutileng fa o ntse o dira dipatlisiso, o ka ba tlhotlheletsa go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta. Gongwe ka dinako tse dingwe o ka laletsa mongwe wa bone go tla go ithuta le wena mo thutong ya gago kana ya lelapa.

4 Go Nna Gone ka Metlha Kwa Dipokanong: Sekai sa gago se se ikanyegang le mafoko a gago a a kgothatsang a a lorato a tla thusa maloko a masha a phuthego go tila selo se sengwe gape se se tshwenyang se Paulo a neng a se umaka—“mokgwa” o bangwe ba nang le one wa go sa ye dipokanong tsa Bokeresete. (Baheb. 10:24, 25) Ba thuse go lemoga gore dipokano ke selo se se ba thusang semoyeng gore ba tswelele ba le karolo ya phuthego. Ba dire gore ba ikutlwe ba amogelwa ba le karolo ya bokaulengwe jwa rona.

5 Go Atamela Jehofa Ka Tshepo: Gore re kgone go lwantshana le makoa a nama le ditlhaelo tsa botho, re tshwanetse go batla Jehofa ka thapelo, re mmolelela dikakanyo tsa rona tse di boteng le dilo tse di kwa teng tse di re tshwenyang thata. Ba basha ba tshwanetse go ithuta gore fa ba kopa Jehofa gore a ba thuse, jaaka Paulo a ne a kgothatsa, ga ba ne ba thetheekela. (Baheb. 4:15, 16; 10:22) Go bolela maitemogelo a rona ka namana mo ntlheng eno go ka thusa motho yo mosha yono go nna le tshepo ya gore Jehofa o utlwa dithapelo tse di tswang pelong.

6 Go Rulaganya Nako ya Bodiredi: Paulo o ne a bontsha gape gore fa “ka metlha re isets[a] Modimo setlhabelo sa pako,” go a re nonotsha semoyeng. (Baheb. 13:15) A o ka laletsa mmoledi yo mosha go nna le wena mo thulaganyong ya gago ya beke le beke ya tirelo ya tshimo? Gongwe lo ka baakanyetsa mmogo puisano kana lwa akanyetsa karolo nngwe ya tirelo e motho yono yo mosha a iseng a e leke.

7 Matshutitshuti a a ntseng a okediwa a re naya lebaka la go itumela thata. Fa re ithaopa go thapisa le go kgothatsa maloko a masha a phuthego go tla ba thusa go nna le tumelo e e nonofileng e e tlhokegang ‘go tshedisa meya ya bone.’—Baheb. 3:12, 13; 10:39.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela