Maloko Otlhe a Phuthego a ka Nna le Seabe mo go Direng Barutwa ba Basha
1 Morutwa yo mosha ga a nne gone ka ntlha ya maiteko a motho a le mongwe fela. Jehofa a ka dirisa “badirimmogo” botlhe ba gagwe go thusa diithuti tsa Baebele go gola semoyeng. (1 Bakor. 3:6-9) Mongwe le mongwe wa rona o thusa batho ba ba sa tswang go kopanela, e seng fela ka dikakgelo tsa rona tse di tswang pelong kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme gape le ka boitshwaro jwa rona jo bo molemo, jo bo bontshang sentle gore moya wa Modimo o a dira mo matshelong a rona. (Joh. 13:35; Bagal. 5:22, 23; Baef. 4:22, 23) Ke eng se sengwe se se ka dirwang go thusa batho ba ba sa tswang go kopanela?
2 Jaaka Phuthego: Rotlhe re ka bontsha gore re kgatlhegela batho ba ba simololang go nna gone kwa dipokanong ka go tsaya matsapa a go ba dumedisa ka botsalano le go tlotla le bone pele ga dipokano le morago ga tsone. Monna mongwe fa a ne a akanya ka lekgetlho la ntlha a etetse phuthego, o ne a re: “Ke ne ka kopana le batho ba bantsi ba ba nang le lorato lwa mmatota, ba ke neng ke sa ba itse gotlhelele mo letsatsing le le lengwe fela, go feta ba nkileng ka kopana le bone mo kerekeng e ke goletseng mo go yone. Go ne go bonala sentle fela gore ke ne ke bone boammaaruri.” O ne a kolobediwa dikgwedi di le supa morago ga go nna gone mo pokanong ya gagwe ya ntlha.
3 Akgola seithuti sa Baebele go tswa pelong fa se ntse se gatela pele semoyeng. A o ntse a itshoketse kganetso? A o nna gone mo dipokanong ka metlha? A o ne a nna pelokgale go akgela? A o ikwadisitse mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kgotsa o sa tswa go simolola go nna le seabe mo bodireding? Mo akgolele kgatelopele e a e dirileng. Seno se tla mo lapolosa le go mo kgothatsa.—Dia. 25:11.
4 Jaaka Motshwari wa Thuto ya Baebele: Baboledi bangwe ba ile ba kgona go thusa diithuti tsa bone tsa Baebele go tlwaelana le maloko a phuthego ka go kopa baboledi ba bangwe gore ba tsamaye le bone fa ba ya go tshwara thuto. Laletsa seithuti kwa dipokanong tsa phuthego ka bonako jo bo kgonegang. Fa a simolola go nna teng mo dipokanong, mo itsise ba bangwe. A o leka go tlogela mokgwa o o sa siamang, jaaka go goga? A mongwe mo lelapeng la gagwe o mo kganela go ithuta? A ka nna a solegelwa molemo ke go buisana le mmoledi mongwe yo o kileng a nna le bothata jo bo tshwanang mme a bo fentse.—1 Pet. 5:9.
5 Batho ba ba sa tswang go kopanela ba tlhoka go thusiwa semoyeng ke phuthego. Botlhe ba ka ba thusa go gatela pele ka go ba kgatlhegela go tswa pelong.