Dipokano Tsa Tirelo Tsa April
Beke e e Simololang ka April 1
Pina 132
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Umaka dipego dipe tse di tlhomologileng tse di malebana le Segopotso sa lona. Gopotsa baboledi gore ba tsenye dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka le bone ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tse di neng di sa tsenngwa tsa dikgwedi tse di fetileng di a tsenngwa.
20 mets: “‘Tlhoafalelang Ditiro Tse di Molemo’ ka April!” Molebedi wa tirelo o sekaseka dirapa 1-10 ka dipotso le dikarabo. Tlhalosa gore (1) ke eng se se rulagantsweng mo phuthegong ya lona go oketsa tirelo ya tshimo ka April, (2) batho botlhe ba ka thusiwa jang go nna le seabe mme (3) batho ba ba sa tswang go kopanela le basha ba ka akarediwa jang. A re itlhomele mokgele wa go nna le tlhora e ntšha ya baboledi ka April. Kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka metlha mo bodireding ka beke nngwe le nngwe ka April.
15 mets: “Senkang Batho ba ba Tshwanelang.” Sekaseka dipuisano tse di akantshitsweng mme o bo o dira gore go nne le dipontsho tse pedi tse di bontshang kafa di ka dirisiwang ka gone. Fa nako e letla, anela dikakantsho dingwe tsa go tsamaisa dimakasine tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995, tsebe 6.
Pina 20 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 8
Pina 72
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dipego tsa diakhaonto; umaka ditebogo tse di tswang Mokgatlhong tsa meneelo. Tlotla ka ditsela tse di molemo tse re ka thusang batho ba basha ba ba neng ba le teng mo Segopotsong go gatela pele semoyeng. Sekaseka makasine wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1991, ditsebe 9-12.
15 mets: “Dirang Tiro e e Boitshepo Motshegare le Bosigo.” Dipotso le dikarabo. Bala dirapa 5 le 6.
15 mets: “‘Tlhoafalelang Ditiro Tse di Molemo’ ka April!” Go sekasekiwa dirapa 11-15 ka dipotso le dikarabo. Kgothaletsa botlhe gore ba tlhatlhobe maemo a bone ka namana mme ba senke ditsela tse ka tsone ba ka oketsang tsela e ba emang bodiredi jwa tshimo nokeng.
Pina 113 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 15
Pina 133
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gopotsa bareetsi ka puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ka April 21, e e nang le setlhogo se se reng “Go Nna re Sena Selabe mo Gare ga Losika lo lo Kgopo.” Ba kgothaletse go dira maiteko a a oketsegileng go thusa mongwe le mongwe go nna teng.
15 mets: “Dinako di Fetogile.” Dipotso le dikarabo. Gatelela ntlha ya gore molaetsa wa Bogosi o bolelwe ka tsela e e tla kgotsofatsang batho malebana le dilo tse ba di tlhokang thata. Akantsha dikgang tsa lelapa le tsa loago tse di tshwenyang batho ba le bantsi jaaka go bontshitswe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 1994, ditsebe 22-3.
20 mets: “Tumelo e Tswa mo go Utlweng.” Tlhalosa kafa dimakasine tse di tsamaisitsweng di ka dirisiwang ka gone go tsosa kgatlhego e e tla dirang gore go simololwe dithuto tsa Baebele ka buka ya Kitso. Dira gore go dirwe dipontsho ka dipuisano di le pedi kana di le tharo.
Pina 204 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 22
Pina 6
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Sekaseka dintlhakgolo tsa puo e e kgethegileng e e neng e neelwa mo bekeng e e fetileng. Tlhalosa kafa kgakololo eno e ka tlhotlheletsang batho ba ba kgatlhegang gore ba emele kobamelo ya boammaaruri ka tsela e e tlhomameng ka teng. Gatelela gape le setlhogo se se reng “Nnang lo Totafale mo Kitsong ya Boammaaruri,” mme o bo o gatelela botlhokwa jwa go nna teng ka metlha kwa Thutong ya Buka ya Phuthego.
12 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo e e neelwang ke mogolwane. Tlhalosa lebaka la go bo bakaulengwe ba ba tshwarang dipokano ba tshwanetse go tila go gololesega thata ka go bitsa batho ka maina a bone fela.
18 mets: Puisano ya mogolwane le motlhanka wa bodiredi ka setlhogo se se reng “Malapa a a Ratang Modimo a Nako e e Fetileng—Sekao sa Motlha wa Rona,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 15, 1995, ditsebe 20-3. Dirisa tshedimosetso eo ka tsela e e tla solegelang malapa a a mo phuthegong ya lona molemo.
Pina 143 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka April 29
Pina 144
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Batho bangwe ba tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ke “lekoko” kana “ngwao nngwe ya kobamelo,” ba sa bolelele batho ba bangwe boammaaruri ka tiro ya rona le maikaelelo a rona. Tlhalosa ka bokhutshwane o dirisa buka ya Go Fetolana, mo tsebeng ya 55 go bontsha gore re ka ganetsa jang ditatofatso tseo. Gopotsa mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba sa tswang go tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang gore ba tsenye dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April ka nako. Fa re ka dirisana sentle rotlhe, re ka kgona go fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ka April.
15 mets: Go Bereka Tshimo ya Rona Yotlhe ka Botlalo. Puo e e neelwang ke molebedi wa tirelo. Mafelo a a phatlaletseng kana a a kgakala a ka tswa a berekiwa ka sewelo. Batho ba bangwe ba ka tila ka boomo fela go bereka mafelo a mo go one batho ba gone ba itsholetseng kana ba rata bodumedi jwa bone thata. Tshimo ya kgwebo e ka nna ya bo e itlhokomolosiwa. Baboledi bangwe ba ka nna ba bo ba kopa ditshimo tse bone ka bobone ba di ratang ka metlha go na le tse tota di tlhokang go berekiwa. Kgothaletsa botlhe go dirisana mmogo mo maitekong a a dirwang go bereka ditshimo tse di sa berekiweng; gongwe go ka nna ga rulaganngwa ditlhopha tsa dikoloi. Tlhomamisang gore tshimo e berekiwa ka botlalo, go akaretsa le magae a a senang batho kwa gae, pele ga karata e busiwa. Neela dikakantsho tse dingwe tse di mosola tse di bontshang kafa mongwe le mongwe a ka thusang ka gone go bereka tshimo ya lona yotlhe ka botlalo.
18 mets: Tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! ka May. Buelela khopi nngwe le nngwe. Mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa, tsamaisang boroutšhara bongwe le bongwe jo bo tshwanelang. Kwala dimakasine tsotlhe tse o di tsamaisitseng ka maikaelelo a gore o simolole tselana ya dimakasine. Dirisa ditshono tse di tlhagang go buelela dipeeletso. Gatelela gore molemo o mogolo wa go tsamaisa dimakasine ke tsela e e molemolemo ya go fetisetsa molaetsa wa Bogosi mo bathong botlhe. Re tshwanetse go tlhomamisa gore re na le dimakasine fa re ya tirelong; re di tsamaise nako nngwe le nngwe fa re bona tshono. Go itirela dithulaganyo tse e leng tsa motho ka namana tsa Letsatsi la Dimakasine la beke nngwe le nngwe ke tsela e e molemo ya go oketsa tsela e re tsamaisang dimakasine ka yone. Tiro ya go tsamaisa dimakasine mo mabenkeleng le bosupi jwa mmila le tsone di na le matswela. Dira maeto a go boela mo bathong ba ba bontshitseng kgatlhego go simolola dithuto o dirisa buka ya Kitso. Dira gore go dirwe pontsho e le nngwe kana di le pedi go tsamaisiwa dimakasine tsa bosheng, gongwe go dirisiwa dipuisano tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995, tsebe 5, dirapa 3-5; bala serapa 6.
Pina 195 le thapelo e e konelang.