Dinako di Fetogile
1 Baebele e re bolelela gore “mokgwa wa lefatshe leno o a [fetoga, NW].” (1 Bakor. 7:31) A bo seo se le boammaaruri jang ne gompieno! Le e leng mo motlheng ono wa rona, re bone diphetogo tse dikgolo mo tseleng e batho ba akanyang ka yone le tsela e ba itshwarang ka yone mo seemong sengwe le sengwe. Fa e le gore re batla go atlega go ba bolelela molaetsa wa Bogosi, tsela e re buang le bone e tshwanetse go lepalepana le go fetoga ga dinako. Re batla go neela mafoko a a molemo ka tsela e e tla kgatlhang batho le e e fitlhelelang dipelo tsa bone.
2 Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, tiro ya go neela bosupi mo dinageng tse dintsi e ne e farologane ka gonne bontsi jwa batho bo ne bo tshela botshelo jo bo ritibetseng, mme ba ne ba ikutlwa ba babalesegile. Bodumedi e ne e le selo se se boitshepo mo go bone. Ba ne ba tseela Baebele kwa godimo thata. Mo metlheng eo gantsi go neela bosupi e ne e le go ganetsa dikgang tsa dithuto tsa bodumedi. Gompieno matshelo a batho a tlhakatlhakane. Bodumedi bo a nyadiwa. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba dumelang mo Baebeleng. Mme thutotlhagelelo e dirile gore batho ba bantsi ba se ka ba dumela mo Modimong.
3 Molebedi mongwe yo o etang o ne a re: “Gone jaanong go lebega gore batho ba na le mathata a le mantsi mo e leng gore re tshwanetse go ba ruta gore ba tshele jang.” Dilo tse gantsi di tshwenyang batho thata ke tse di amang bone ka bobone, malapa a bone le ditlhobaelo tsa bone. Tse ke tsone dilo tse ba buang ka tsone thata fa ba kopane. Re tshwanetse gore re gakologelwe seo mo tirong ya rona ya go neela bosupi.
4 Bogosi Jwa Modimo ke Jone Fela Tsholofelo e e Tlhomameng ya Isagwe: Bontsi jwa batho ga ba ikanye puso ya batho. Ba akanya gore ga go na tsholofelo ya go bona lefatshe le le botoka mo nakong e ba tshelang mo go yone. Bodumedi jwa maaka bo paletswe ke go ba naya lebaka lepe la go nna le tsholofelo. Ke ka lebaka leo go leng botlhokwa thata gore batho ba utlwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Bontsha kafa kgabagare bo tla rarabololang mathata otlhe a batho ba lebaneng le one.
5 Baebele Ke Yone Fela Motswedi o o Ikanyegang wa Kaelo: Gompieno batho ba le bantsi ba ile ba tsiediwa ke baeteledipele ba ba ikanyang botlhale jwa batho le difilosofi tsa lefatshe. Batho ba santse ba tshwanetse go lemoga gore “ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23) Thuto e e molemo e ba ka ithutang yone ke gore ba tshwanetse gore ba ‘ikanye Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe, ba se ka ba ikaega ka tlhaloganyo ya bone fela.’ (Dia. 3:5) Lefa dinako di fetogile, Baebele ga e a fetoga. Ka jalo, mo bodireding jwa rona re tshwanetse gore ka metlha re dirise Lefoko la Modimo, re rute batho ba bangwe gore ba lemoge gore le tlhotlheleditswe, ke kaelo e e tswang Modimong. (2 Tim. 3:16, 17) Gore re tle re kgone go dira seo, re tshwanetse gore re bontshe batho botlhokwa jwa Baebele ka go nopola go tswa mo go yone fa re bua, re e dirisa go araba dipotso tsa bone, le go buelela botlhokwa jwa go e ithuta le go dirisa kitso ya yone e e mosola.
6 Le e leng mo nakong eno ya fa dinako di fetoga, boikaelelo jwa rona mo bodireding ga bo a fetoga. Re tshwanetse go rera mafoko a a molemo a Bogosi, re dire gore batho ba ikanye Lefoko la Modimo, re bo re thuse batho ba bangwe gore ba bone botlhokwa jwa go ithuta Baebele le rona. Dilo tse re di buang e tshwanetse e nne tse di amanang le dilo tse batho ba re ba neelang bosupi ba di tlhokang mo nakong eno. Fa re dira jalo, re ka nna ra abela batho ba bangwe mafoko a a molemo mme ka tsela e e ntseng jalo re bo re kgona go gapa ba le bantsi.—1 Bakor. 9:19, 23.