Thulaganyo ya 1996 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
DITAELO
Ka 1996 go tla nna le dithulaganyo tse di latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
DIBUKA TSA THUTO: Dikabelo di tla bo di tswa mo Baebeleng, Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo [jv-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” [si-TN], Dipolelo Tsa Bibela Tsa Puisano [td-TN], Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN], le Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng [kl-TN].
Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se bo se tswelela jaana:
PUO NO. 1: Metsotso e le 15. Puo eno e tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi mme e tla bo e tsewa mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo kana “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola.” Fa puo eno e tsewa go tswa mo bukeng ya Baboledi, e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 15 go sa bodiwe dipotso; fa e tsewa mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe,” e tshwanetse ya neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le 10 go ya go e le 12 morago ga moo go bo go bodiwa dipotso tse di tsewang mo bukeng ka metsotso e le 3 go ya go e le 5. Boikaelelo ga e a tshwanela gore e nne go neela puo eo yotlhe fela mme e nne go supa kafa tshedimosetso eo go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, go gatelelwa kafa e ka thusang phuthego ka teng. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Sebui se ka akgela ka ditshwantsho, dinepe le ditšhate tse di mo bukeng ya Baboledi le go ruta ka tsone.
Bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba boloke nako. Go ka neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega kana fa sebui se kopile gore e neelwe.
DINTLHAKGOLO TSE DI TSWANG MO MMALONG WA BAEBELE: Metsotso e le 6. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane kana motlhanka wa bodiredi yo o ka dirisang tshedimosetso eo gore e tshwanele phuthego sentle. Puo eno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o o o abetsweng. O ka nna wa akaretsa tlhaloso ya dikgaolo tsotlhe tse o di abetsweng mo metsotswaneng e le 30 go ya go e le 60. Lefa go ntse jalo, boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eo e le botlhokwa mo go rona le ka moo e leng botlhokwa ka gone mo go rona. Morago ga foo, molebedi wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti go ya kwa diphaposing tsa bone tse di farologaneng.
PUO NO. 2: Metsotso e le 5. Ke mmalo wa Baebele o o abilweng, e neelwe ke mokaulengwe. Seno se tla dirwa mo sekolong se segolo le mo ditlhopheng tse dingwe tsa sone tse dinnye. Gantsi dikabelo tsa mmalo di dikhutshwane ka tsela e e lekaneng go letla moithuti go dira ditlhaloso tse dikhutshwane fa a simolola le fa a konela. A ka nna a akaretsa tshedimosetso e e supang kafa ditiragalo tsa nako e e fetileng, boperofeti kana dithuto tsa motheo di leng botlhokwa ka gone le kafa go leng botlhokwa ka gone go dirisa melaometheo ya yone. O tshwanetse go bala ditemana tsotlhe tse a di abetsweng a sa kgaotse gope. Gone mme, moithuti a ka nna a umaka ditemana tse a tla di balang fa e le gore ditemana ga di latelane.
PUO NO. 3: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa kgaitsadi. Setlhogo sa puo eno se tla ntshiwa mo bukaneng ya Dipolelo Tsa Bibela Tsa Puisano. Moithuti yo o e abelwang o tshwanetse a bo a kgona go bala. Fa moithuti a neela puo eno a ka nna a nna fa fatshe kana a ema ka maoto. Kgaitsadi yo o abetsweng puo eno o tshwanetse go dira gore setlhogo le tshedimosetso e nne le seting e e mosola, segolobogolo e e tshwanelang maemo a mo tshimong kana a go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Molebedi wa sekolo o tla rulaganya gore go nne le mothusi a le mongwe mme le fa go ntse jalo go ka nna ga dirisiwa bathusi ba ba oketsegileng. Ga go a tshwanela go gatelelwa thata seting go na le moo e nne tsela e e mosola e tshedimosetso eo e ka dirisiwang ka yone.
PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Puo eno e tla abelwa mokaulengwe kana kgaitsadi. E tla bo e tsewa go tswa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo kana Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa e abetswe mokaulengwe o tshwanetse go e neela a akantse ka bareetsi ba ba mo Holong ya Bogosi. Fa karolo eno e abetswe kgaitsadi, puo eno e tshwanetse ya neelwa jaaka go supilwe mo karolong ya Puo No. 3. Fa puo e tserwe go tswa mo bukeng ya Kitso, seting e ka nna ya nna ya go dira loeto lwa go boela kana ya thuto ya Baebele ya legae. Molebedi wa sekolo o tla rata thata go bona kafa moithuti a thusang mongantlo go akanya ka teng le go tlhaloganya tshedimosetso eo le kafa dikwalo di dirisiwang ka gone. Ga go tlhokege gore dirapa tse di mo bukeng eno di balwe.
KGAKOLOLO LE DIKAKGELO: Fa moithuti mongwe le mongwe a sena go neela puo ya gagwe, molebedi wa sekolo o tla mo neela kgakololo e e mo tshwanelang, mme ga go tlhokege gore a latele thulaganyo ya kgakololo kgato ka kgato jaaka e bontshitswe mo pampitshaneng ya Kgakololo ya Puo. Go na le moo, o tshwanetse go ela tlhoko dintlha tse moithuti a tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone. Fa moithuti a tshwanelwa fela ke letshwao la “S” mme go sena ntlha epe e nngwe ya puo e e tshwailweng “T” kana “B,” mogakolodi o tshwanetse gore a dire lesakana mo lebokosong lengwe, moo “S,” “T” kana “B” di kwalwang gone ka gale, e leng ntlha ya puo e moithuti a tshwanetseng go berekela mo go yone mo nakong e e tlang. O tla itsise moithuti ka seno mo maitseboeng ao a bo a bontsha ntlha eo ya puo mo pampitshaneng ya moithuti ya Kabelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo (S-89). Batho ba ba neelang dipuo ba tshwanetse go nna kwa pele mo holong. Seno se tla boloka nako e bile se tla dira gore molebedi wa sekolo a kgone go neela moithuti mongwe le mongwe kgakololo ka tlhamalalo. Fa nako e letla fa mogakolodi a sena go gakolola moithuti, fa go tlhokega, a ka akgela ka dintlha tse di rutang le tse di ka thusang tse moithuti a sa di akaretsang. Molebedi wa sekolo o tshwanetse go ela tlhoko gore a se ka a dirisa metsotso e e fetang e le mebedi fa a neela kgakololo le dikakgelo dipe tse dikhutshwane morago ga puo ya moithuti mongwe le mongwe. Fa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele di sa kgotsofatsa ka tsela nngwe, go tshwanetse ga neelwa kgakololo kwa thoko.
GO BAAKANYETSA DIPUO: Moithuti o tshwanetse go bala ka kelotlhoko setlhogo se se go Buka ya Kaelo ya Sekolo se se amanang le ntlha eo a berekelang mo go yone. Baithuti ba ba abelwang Puo No. 2 ba tshwanetse gore ba tlhophe setlhogo se se tshwanelang karolo ya Baebele e ba tlileng go e bala. Dipuo tse dingwe di tla neelwa go dumalana le setlhogo se se kwadilweng mo thulaganyong.
GO BOLOKA NAKO: Ga go na ope yo o tshwanetseng go ja nako, le fa e le kgakololo le dikakgelo tsa mogakolodi. Dipuo No. 2 go ya go 4 di tshwanetse go emisiwa ka botlhale fa nako e fedile. Motho yo o tlhophilweng go neela tlhagiso ya go emisa o tshwanetse go dira jalo ka bonako. Fa bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 1 le dintlhakgolo tsa Baebele ba ja nako, ba tshwanetse go neelwa kgakololo kwa thoko. Mongwe le mongwe o tshwanetse go leba nako ya gagwe ka kelotlhoko. Thulaganyo yotlhe: metsotso e le 45, go sa akarediwe pina le thapelo.
TLHATLHOBO E E KWALWANG: Go tla nna le tlhatlhobo e e kwalwang nako le nako morago ga nako e e rileng. Fa o baakanyetsa, boeletsa dintlha tse o di abetsweng mme o bo o konele mmalo wa Baebele o o mo thulaganyong. Baebele ke yone fela e e ka dirisiwang fa go kwalwa tlhatlhobo eno ya metsotso e le 25. Nako e e setseng e tla dirisiwa go tlotla ka dipotso le dikarabo. Moithuti mongwe le mongwe o tla itshwaela pampiri ya gagwe. Molebedi wa sekolo o tla tlotla ka dikarabo tsa dipotso tsa tlhatlhobo eo le bareetsi mme o tla tlhokomela dipotso tse di thatanyana mo go tsone, a thusa botlhe gore ba tlhaloganye dikarabo sentle. Fa maemo a phuthego ya lona a dira gore go tlhokege ka ntlha ya lebaka lengwe le le rileng, tlhatlhobo e e kwalwang e ka kwalwa beke morago ga eo e bontshitsweng mo thulaganyong.
THULAGANYO
Jan. 1 Mmalo wa Baebele: Jeremia 13 go ya go 15
Pina No. 191
No. 1: Boitshwaro Jo bo Re Farologanyang le Lefatshe (jv-TN ts. 178 ser. 4-ts. 183 ser. 1)
No. 2: Jeremia 14:10-22
No. 3: td-TN 5A Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Direlang Batho
No. 4: Jesu Ga a Ka A ya Legodimong ka Mmele wa Nama (rs-TN ts. 428 ser. 1-ts. 428 ser. 2)
Jan. 8 Mmalo wa Baebele: Jeremia 16 go ya go 19
Pina No. 157
No. 1: Go Tlotla Botshelo le go Nna Phepa mo Boitsholong mo Phuthegong (jv-TN ts. 183 ser. 2-ts. 187)
No. 2: Jeremia 18:1-17
No. 3: td-TN 5B Bogosi bo Simolola go Busa fa Baba ba ga Keresete ba Tsentse Letsogo
No. 4: Lebaka La go Bo Jesu A ne A Bonala ka Mmele wa Senama (rs-TN ts. 428 ser. 5-ts. 429 ser. 3)
Jan. 15 Mmalo wa Baebele: Jeremia 20 go ya go 22
Pina No. 24
No. 1: Bakeresete ba Boammaaruri ga Se ba Lefatshe (jv-TN ts. 188-ts. 192 ser. 2)
No. 2: Jeremia 20:1-13
No. 3: td-TN 5C Bogosi Jwa Modimo ga bo Tle ka Ntlha ya Maiteko a Batho
No. 4: Batho ba ba Tla Busang le Keresete ba Tla Tshwana le Ene (rs-TN ts. 429 ser. 5-ts. 430 ser. 3)
Jan. 22 Mmalo wa Baebele: Jeremia 23 go ya go 25
Pina No. 38
No. 1: Go Ikanyega mo Modimong le Boitlhaodi Jwa Bokeresete (jv-TN ts. 192 ser. 3-ts. 195 ser. 4)
No. 2: Jeremia 23:16-32
No. 3: td-TN 27A Seo “Bokhutlo jwa Lefatshe” bo se Kayang
No. 4: Seo Tsogo e Tla se Rayang mo Bathong ka Kakaretso (rs-TN ts. 430 ser. 4-ts. 431 ser. 3)
Jan. 29 Mmalo wa Baebele: Jeremia 26 go ya go 28
Pina No. 163
No. 1: Dingwao Tsa Lefatshe Tse di Lekang Boikanyegi Jwa Mokeresete (jv-TN ts. 196 ser. 1-ts. 201)
No. 2: Jeremia 26:1-16
No. 3: td-TN 27B Go Nna re Etse Tlhoko Ditshupo Tsa Metlha ya Bofelo
No. 4: Lebaka La go Bo Batho ba ba Tsosiwang ba se Kitla ba Atlholwa ka Ditiro Tsa Bone Tsa Pele (rs-TN ts. 432 ser. 1)
Feb. 5 Mmalo wa Baebele: Jeremia 29 go ya go 31
Pina No. 185
No. 1: Tsela e Phuthego ya Segompieno e Ileng ya Bopega Ka Gone (jv-TN ts. 204-ts. 209 ser. 1)
No. 2: Jeremia 31:27-40
No. 3: td-TN 8A Modimo o Solofetsa Batho ba ba Kutlo Botshelo Jo bo Sa Khutleng
No. 4: Kafa “Baswi ba ba Setseng” ba Tla Tsosediwang mo Lefatsheng ka Gone (rs-TN ts. 432 ser. 2-ts. 433 ser. 2)
Feb. 12 Mmalo wa Baebele: Jeremia 32 le 33
Pina No. 6
No. 1: Go Rulaganyetsa Gore Mafoko a a Molemo a Rerwe (jv-TN ts. 209 ser. 2-ts. 217 ser. 1)
No. 2: Jeremia 33:1-3, 14-26
No. 3: td-TN 8B Ke Fela Ba e Leng ba Mmele wa ga Keresete ba ba Yang Legodimong
No. 4: Batho ba ba Tla Akarediwang mo Tsogong ya Selefatshe (rs-TN ts. 433 ser. 3-ts. 434 ser. 2)
Feb. 19 Mmalo wa Baebele: Jeremia 34 go ya go 37
Pina No. 98
No. 1: Phuthego e e Laolwang ke Puso ya Modimo le Melemo ya Gone (jv-TN ts. 217 ser. 2-ts. 221 ser. 4)
No. 2: Jeremia 35:1-11, 17-19
No. 3: td-TN 8C Batho ba Palo E e Sa Lekanyediwang ya “Dinku di Sele” e Solofediwa Botshelo Jo bo Sa Khutleng
No. 4: Ditiragalo Tse di Nyalanngwang le go Nna Gone ga ga Keresete di Diragala ka Lobaka Lwa Dingwaga (rs-TN ts. 163 ser. 3-ts. 164 ser. 1)
Feb. 26 Mmalo wa Baebele: Jeremia 38 go ya go 41
Pina No. 91
No. 1: Balebedi ba ba Etang ba Nonotsha Diphuthego (jv-TN ts. 222 ser. 1-ts. 228 ser. 1)
No. 2: Jeremia 38:1-13
No. 3: td-TN 22A Kgolagano ya Lenyalo e Tshwanetse go Tlotliwa
No. 4: Keresete o Boa a sa Bonale (rs-TN ts. 164 ser. 2-4)
Mar. 4 Mmalo wa Baebele: Jeremia 42 go ya go 45
Pina No. 184
No. 1: Thulaganyo ya Puso ya Modimo le go Thapisiwa ga Balebedi (jv-TN ts. 228 ser. 2-ts. 233 ser. 2)
No. 2: Jeremia 43:1-13
No. 3: td-TN 22B Bakeresete ba Tshwanetse go Tlotla Molaomotheo wa Botlhogo
No. 4: Tsela e Jesu a Tlang ka Yone le Kafa Matlho Otlhe a Tla Mmonang ka Teng (rs-TN ts. 165 ser. 1-ts. 166 ser. 3)
Mar. 11 Mmalo wa Baebele: Jeremia 46 go ya go 48
Pina No. 53
No. 1: Go Ipaakanyetsa Kgolo e e Diregang ka Bofefo (jv-TN ts. 233 ser. 3-ts. 235)
No. 2: Jeremia 48:1-15
No. 3: td-TN 22C Boikarabelo Jwa Batsadi ba Bakeresete mo Baneng
No. 4: Ditiragalo Tse di Nyalanang le go Nna Gone ga ga Keresete (rs-TN ts. 166 ser. 4-ts. 167 ser. 3)
Mar. 18 Mmalo wa Baebele: Jeremia 49 le 50
Pina No. 65
No. 1: Dipokano Tse di Re Tlamelang ka Dilo Tse re di Tlhokang Semoyeng (jv-TN ts. 236-ts. 241 ser. 1)
No. 2: Jeremia 49:1-11, 15-18
No. 3: td-TN 22D Bakeresete ba Tshwanetse go Nyala Bakeresetekabone Fela
No. 4: Bakeresete ga ba Tlhoke go Boloka Sabata (rs-TN ts. 339 ser. 2-ts. 340 ser. 3)
Mar. 25 Mmalo wa Baebele: Jeremia 51 le 52
Pina No. 70
No. 1: Jeremia—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 129 dir. 36-39)
No. 2: Jeremia 51:41-57
No. 3: td-TN 22 Bakeresete ba Boammaaruri ga ba Nyale Lefufa
No. 4: Ga go na Pego Epe ya Baebele e e Supang gore Adame O ne A Boloka Letsatsi la Sabata (rs-TN ts. 340 ser. 4-ts. 341 ser. 2)
Apr. 1 Mmalo wa Baebele: Dikhutsafalo 1 le 2
Pina No. 140
No. 1: Ketapele ya Dikhutsafalo (si-TN dits. 130-1 dir. 1-7)
No. 2: Dikhutsafalo 2:13-22
No. 3: td-TN 26A Maria E ne E se “Mma Modimo”
No. 4: Jesu Ga a Ka a Kgaoganya Molao wa ga Moshe go Nna Karolo ya “Mediro” le ya “Boitsholo” (rs-TN ts. 341 ser. 3-ts. 342 ser. 1)
Apr. 8 Mmalo wa Baebele: Dikhutsafalo 3 go ya go 5
Pina No. 194
No. 1: Dikhutsafalo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 132 dir. 13-15)
No. 2: Dikhutsafalo 5:1-22
No. 3: td-TN 26B Baebele e Bontsha Gore Maria ga a “Nnela Kgarebana Ruri”
No. 4: Melao e e Lesome e Fedisitswe le Molao wa ga Moshe (rs-TN ts. 342 ser. 2-3)
Apr. 15 Mmalo wa Baebele: Esekiele 1 go ya go 4
Pina No. 124
No. 1: Ketapele ya Esekiele (si-TN dits. 132-3 dir. 1-6)
No. 2: Esekiele 3:16-27
No. 3: td-TN 37A Seo Dikwalo di se Bolelang ka Segopotso
No. 4: Lebaka La go Bo Boitsholo jo bo Tshwanetseng bo sa Tlosiwa fa Melao e e Lesome e Fedisiwa (rs-TN ts. 343 dir. 1, 2)
Apr. 22 Mmalo wa Baebele: Esekiele 5 go ya go 8
Pina No. 30
No. 1: Go Gopolwa ga Loso Lwa Morena (jv-TN ts. 242 ser. 1-ts. 243 ser. 4)
No. 2: Esekiele 5:1-15
No. 3: td-TN 37B Go Ketekiwa ga Mesa Ga se Ga Dikwalo
No. 4: Bokao Jwa Sabata mo Bakereseteng (rs-TN ts. 343 ser. 3-ts. 345 ser. 1)
Apr. 29 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Jeremia 13 go ya go Esekiele 8
Pina No. 155
May 6 Mmalo wa Baebele: Esekiele 9 go ya go 11
Pina No. 183
No. 1: Basha ba Thusiwa Mme Botlhe ba Kgothadiwa go Rera (jv-TN ts. 244 ser. 1-ts. 248 ser. 3)
No. 2: Esekiele 9:1-11
No. 3: td-TN 28A Bakeresete Botlhe e Tshwanetse go Nna Badiredi
No. 4: Modimo o Batla Gore o Nne le Isagwe e e Itumedisang (kl-TN dits. 6-7 dir. 1-5)
May 13 Mmalo wa Baebele: Esekiele 12 go ya go 14
Pina No. 109
No. 1: Dipokano di Rulaganyediwa Gore Botlhe ba Tle go Bona le go Reetsa (jv-TN ts. 248 ser. 4-ts. 253)
No. 2: Esekiele 14:1-14
No. 3: td-TN 28B Ditshwanelego Tsa Bodiredi
No. 4: Botshelo Jo bo Sa Khutleng Mo Paradaiseng—Ga se Toro (kl-TN dits. 7-9 dir. 6-10)
May 20 Mmalo wa Baebele: Esekiele 15 le 16
Pina No. 4
No. 1: Dikopano Tse Dikgolo di Supa Bokaulengwe Jwa Rona (jv-TN ts. 254-ts. 260 ser. 3)
No. 2: Esekiele 16:46-63
No. 3: td-TN 17A Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba Bogisiwa
No. 4: Tsela e Botshelo bo Tla Nnang ka Yone mo Paradaiseng (kl-TN dits. 9-10 dir. 11-16)
May 27 Mmalo wa Baebele: Esekiele 17 go ya go 19
Pina No. 225
No. 1: Dilo Tse Dikgolo Tse di Fitlheletsweng fa ba Ntse ba Gola Semoyeng (jv-TN ts. 260 ser. 4-ts. 264 ser. 4)
No. 2: Esekiele 18:21-32
No. 3: td-TN 17B Mosadi Ga a Tshwanela go Letlelela Monna go mo Kgaoganya le Modimo
No. 4: Lebaka La go Bo Kitso ya Modimo e le Botlhokwa (kl-TN dits. 10-11 dir. 17-19)
June 3 Mmalo wa Baebele: Esekiele 20 le 21
Pina No. 180
No. 1: Dikopano di Tlhotlheletsa Tiro ya go Rera Efangele (jv-TN ts. 265 ser. 1-ts. 268 ser. 2)
No. 2: Esekiele 21:18-32
No. 3: td-TN 17C Monna ga a Tshwanela go Letlelela Mosadi wa Gagwe go mo Itsa go Direla Modimo
No. 4: Buka e e Senolang Kitso ya Modimo (kl-TN dits. 12-13 dir. 1-6)
June 10 Mmalo wa Baebele: Esekiele 22 le 23
Pina No. 97
No. 1: Dikokoano Tsa Batho ba ga Jehofa Tse Di ka Se Kang Tsa Lebalwa (jv-TN ts. 268 ser. 3-ts. 275 ser. 1)
No. 2: Esekiele 22:17-31
No. 3: td-TN 39A Dithapelo Tse di Utlwiwang ke Modimo
No. 4: Se Baebele e se Senolang ka Modimo (kl-TN dits. 14-15 dir. 7-9)
June 17 Mmalo wa Baebele: Esekiele 24 go ya go 26
Pina No. 46
No. 1: Dikopano Tse di Rulagantsweng Gore Ditšhaba Tsotlhe di Bake Jehofa (jv-TN ts. 275 ser. 2-ts. 282)
No. 2: Esekiele 26:1-14
No. 3: td-TN 39B Lebaka La go Bo Dithapelo Dingwe di sa Siama
No. 4: Lebaka La go Bo o ka Ikanya Baebele (kl-TN dits. 15-16 dir. 10-13)
June 24 Mmalo wa Baebele: Esekiele 27 go ya go 29
Pina No. 172
No. 1: Batla Bogosi Jwa Modimo Pele (jv-TN ts. 283-ts. 287 ser. 1)
No. 2: Esekiele 29:1-16
No. 3: td-TN 38A Motho ga a Laolelwa Botshelo Gale
No. 4: Baebele e Tlhomame e Bile e ka Ikanngwa (kl-TN ts. 17 dir. 14, 15)
July 1 Mmalo wa Baebele: Esekiele 30 go ya go 32
Pina No. 85
No. 1: Ba Ikanya Jehofa ka Dipelo Tsa Bone Tsotlhe (jv-TN ts. 287 ser. 2-ts. 292 ser. 6)
No. 2: Esekiele 31:1-14
No. 3: td-TN 41A Botshelo Jwa ga Jesu Jwa Motho e Nnile “Thekololo ya Botlhe”
No. 4: Baebele ke Buka ya Boperofeti (kl-TN dits. 17-18 dir. 16-18)
July 8 Mmalo wa Baebele: Esekiele 33 le 34
Pina No. 35
No. 1: Go Tlhotlhelediwa ke Lorato go Direla Modimo (jv-TN ts. 293 ser. 1-ts. 298 ser. 1)
No. 2: Esekiele 34:17-30
No. 3: td-TN 41B Lebaka La go Bo Jesu A ne A Ntsha Thekololo
No. 4: Boperofeti Jwa Baebele Kaga Jesu (kl-TN dits. 19-21 dir. 19, 20)
July 15 Mmalo wa Baebele: Esekiele 35 go ya go 37
Pina No. 128
No. 1: Go Bula Tsela le go Dirisa Tshono Nngwe le Nngwe go Neela Bosupi (jv-TN ts. 299 ser. 1-ts. 303)
No. 2: Esekiele 35:1-15
No. 3: td-TN 4A Go Tlhaola Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri
No. 4: O Tlhologelelwe Kitso ya Modimo (kl-TN dits. 21-2 dir. 21-3)
July 22 Mmalo wa Baebele: Esekiele 38 le 39
Pina No. 173
No. 1: Go Gola Mmogo mo Loratong (jv-TN ts. 304 go ya go ts. 307 ser. 1)
No. 2: Esekiele 38:1-4, 10-12, 18-23
No. 3: td-TN 4B A go Nyatsa Dithuto Tsa Maaka go Phoso?
No. 4: Modimo wa Boammaaruri le Leina la Gagwe (kl-TN dits. 23-4 dir. 1-5)
July 29 Mmalo wa Baebele: Esekiele 40 go ya go 44
Pina No. 115
No. 1: Lorato Lwa Bokaulengwe mo Bathong ba ba Utlwileng Botlhoko mo Ntweng (jv-TN ts. 307 ser. 2-ts. 310 ser. 1)
No. 2: Esekiele 40:1-15
No. 3: td-TN 4C Fa Modimo o Dumela Gore Motho a Fetole Bodumedi Jwa Gagwe
No. 4: Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo (kl-TN ts. 25 dir. 6-8)
Aug. 5 Mmalo wa Baebele: Esekiele 45 go ya go 48
Pina No. 112
No. 1: Esekiele—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 137 dir. 29-33)
No. 2: Esekiele 47:1-12
No. 3: td-TN 4D A Modimo o Bona Bodumedi Bongwe le Bongwe bo Siame?
No. 4: Kafa Jehofa a Ileng a Tlotlomatsa Leina la Gagwe ka Gone (kl-TN dits. 26-7 dir. 9-13)
Aug. 12 Mmalo wa Baebele: Daniele 1 le 2
Pina No. 82
No. 1: Ketapele ya Daniele (si-TN dits. 138-9 dir. 1-6)
No. 2: Daniele 2:31-45
No. 3: td-TN 44A Ke Bomang ba ba Tla Tsosiwang mo Baswing?
No. 4: Dinonofo Tsa Modimo wa Boammaaruri (kl-TN dits. 27-8 dir. 14-16)
Aug. 19 Mmalo wa Baebele: Daniele 3 le 4
Pina No. 135
No. 1: Lorato Lwa Bokeresete fa Maatla A Tlholego a Senya (jv-TN ts. 310 ser. 2-ts. 315 ser. 2)
No. 2: Daniele 3:16-30
No. 3: td-TN 44B Baswi ba Tla Tsosediwa Kae?
No. 4: Jehofa Modimo o Pelotlhomogi e Bile o Tsalano (kl-TN dits. 28-9 dir. 17-19)
Aug. 26 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Esekiele 9 go ya go Daniele 4
Pina No. 201
Sept. 2 Mmalo wa Baebele: Daniele 5 le 6
Pina No. 29
No. 1: Go Utlwana ga Bakaulengwe fa ba Bogisiwa (jv-TN ts. 315 ser. 3-ts. 317)
No. 2: Daniele 6:4-11, 16, 19-23
No. 3: td-TN 12A Keresete o Boa a sa Bonale
No. 4: Jehofa o Bonya go Galefa, ga a Tlhaole, e Bile o Tshiamo (kl-TN ts. 30 dir. 20, 21)
Sept. 9 Mmalo wa Baebele: Daniele 7 le 8
Pina No. 148
No. 1: Go Aga Mmogo mo Lefatsheng Lotlhe (jv-TN ts. 318 ser. 1-ts. 325 ser. 5)
No. 2: Daniele 7:2-14
No. 3: td-TN 12B Re lemoga Gore Keresete o Buile ka Ditiragalo Tsa Mmatota
No. 4: Jehofa Modimo o Mongwe Fela (kl-TN dits. 30-1 dir. 22, 23)
Sept. 16 Mmalo wa Baebele: Daniele 9 le 10
Pina No. 105
No. 1: Go Tokafadiwa le go Okediwa ga Tiro ya go Aga (jv-TN ts. 325 ser. 6-ts. 333 ser. 4)
No. 2: Daniele 9:20-27
No. 3: td-TN 34A Bakeresete ga ba Tlamege go Boloka Sabata
No. 4: Jesu Keresete ke Selotlele sa Kitso ya Modimo (kl-TN dits. 32-3 dir. 1-3)
Sept. 23 Mmalo wa Baebele: Daniele 11 le 12
Pina No. 168
No. 1: Daniele—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 141-2 dir. 19-23)
No. 2: Daniele 12:1-13
No. 3: td-TN 34B Molao wa Sabata O ne O sa Fiwa Bakeresete
No. 4: Mesia yo o Solofeditsweng (kl-TN ts. 33 dir. 4, 5)
Sept. 30 Mmalo wa Baebele: Hosea 1 go ya go 5
Pina No. 205
No. 1: Ketapele ya Hosea (si-TN dits. 143-4 dir. 1-8)
No. 2: Hosea 5:1-15
No. 3: td-TN 34C Tshimologo le Bokhutlo Jwa Sabata ya Modimo
No. 4: Losika Lwa ga Jesu lo Supa Gore ke Mesia (kl-TN ts. 34 ser. 6)
Oct. 7 Mmalo wa Baebele: Hosea 6 go ya go 10
Pina No. 166
No. 1: Go Atolosiwa ka Lobelo ga Dikago go Dikologa Lefatshe (jv-TN ts. 333 ser. 5-ts. 339)
No. 2: Hosea 8:1-14
No. 3: td-TN 32A Modimo o Boloka Fela ka Keresete
No. 4: Boperofeti jo bo Diragetseng bo Supa Gore Jesu ke Mesia (kl-TN dits. 34-6 dir. 7, 8)
Oct. 14 Mmalo wa Baebele: Hosea 11 go ya go 14
Pina No. 92
No. 1: Hosea—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 145 dir. 14-17)
No. 2: Hosea 11:1-12
No. 3: td-TN 32B Dikwalo Ga di Re “Fa o Bolokilwe o Boloketswe Ruri”
No. 4: Bosupi jo bo Oketsegileng Jwa Gore Jesu E ne E le Mesia (kl-TN ts. 36 ser. 9)
Oct. 21 Mmalo wa Baebele: Joele 1 go ya go 3
Pina No. 161
No. 1: Ketapele ya Joele le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 146-8 dir. 1-5, 12-14)
No. 2: Joele 2:1-11, 28-32
No. 3: td-TN 32C Dikwalo Ga di Re “Go Tla Nna le Poloko ya Lefatshe Lotlhe”
No. 4: Jehofa o Supa ka Morwawe (kl-TN ts. 38 dir. 10, 11)
Oct. 28 Mmalo wa Baebele: Amose 1 go ya go 5
Pina No. 199
No. 1: Ketapele ya Amose (si-TN dits. 148-9 dir. 1-6)
No. 2: Amose 3:1-15
No. 3: td-TN 35A Se Sebe e Leng Sone
No. 4: Botshelo Jwa ga Jesu Jwa Pele ga a Nna Motho (kl-TN ts. 39 dir. 12-14)
Nov. 4 Mmalo wa Baebele: Amose 6 go ya go 9
Pina No. 18
No. 1: Amose—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN ts. 150 dir. 13-17)
No. 2: Amose 8:1-14
No. 3: td-TN 35B Lebaka La go Bo Batho Botlhe ba Boga ka Ntlha ya Sebe sa ga Adame
No. 4: Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng (kl-TN dits. 40-1 dir. 15-17)
Nov. 11 Mmalo wa Baebele: Obadia go ya go Jona 4
Pina No. 26
No. 1: Ketapele ya Obadia le Jona le Lebaka La go Bo di le Mosola (si-TN ts. 151-3 dir. 1-5, 10-14; dits. 153-5 dir. 1-4, 9-12)
No. 2: Jona 3:10; 4:1-11
No. 3: td-TN 35C Leungo le le Ileditsweng E ne E le Eng?
No. 4: Jesu o a Tshela Mme o Busa Jaaka Kgosi (kl-TN dits. 41-2 dir. 18-20)
Nov. 18 Mmalo wa Baebele: Mika 1 go ya go 4
Pina No. 138
No. 1: Ketapele ya Mika (si-TN dits. 155-6 dir. 1-8)
No. 2: Mika 4:1-12
No. 3: td-TN 35D Go Leofela Moya o o Boitshepo go Kaya Eng?
No. 4: Kobamelo e Modimo a e Amogelang (kl-TN dits. 43-5 dir. 1-5)
Nov. 25 Mmalo wa Baebele: Mika 5 go ya go 7
Pina No. 89
No. 1: Mika—Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 157-8 dir. 16-19)
No. 2: Mika 6:1-16
No. 3: td-TN 29A Moyasebele (NW) Ke Eng?
No. 4: Go Dira Thato ya Modimo (kl-TN dits. 46-7 dir. 6-10)
Dec. 2 Mmalo wa Baebele: Nahume 1 go ya go 3
Pina No. 136
No. 1: Ketapele ya Nahume le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 158-60 dir. 1-7, 11, 12)
No. 2: Nahume 1:2-14
No. 3: td-TN 29B Moyasebele le Moya di Farologana Jang?
No. 4: Obamela Modimo ka Tsela e a Batlang ka Yone (kl-TN dits. 47-48 dir. 11-13)
Dec. 9 Mmalo wa Baebele: Habakuke 1 go ya go 3
Pina No. 144
No. 1: Ketapele ya Habakuke le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 161-3 dir. 1-5, 12-14)
No. 2: Habakuke 1:12–2:8
No. 3: td-TN 30A Moya o o Boitshepo ke Eng?
No. 4: Itise Gore o Se ka Wa Kgopisa Modimo (kl-TN dits. 49-50 dir. 14-17)
Dec. 16 Mmalo wa Baebele: Sefania 1 go ya go 3
Pina No. 146
No. 1: Ketapele ya Sefania le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 163-6 dir. 1-6, 10-12)
No. 2: Sefania 1:7-18
No. 3: td-TN 30B Maatla a Botshelo Jwa Batho le Diphologolo a Bidiwa Moya
No. 4: Go Ikobela Melao ya Modimo ya Maemo a a Kwa Godimo (kl-TN dits. 50-1 dir. 18, 19)
Dec. 23 Mmalo wa Baebele: Hagai 1 le 2
Pina No. 164
No. 1: Ketapele ya Hagai le Lebaka La go Bo e le Mosola (si-TN dits. 166-8 dir. 1-7, 13-16)
No. 2: Hagai 2:6-19
No. 3: td-TN 30C Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba Tila Mefuta Yotlhe ya Tirisabadimo
No. 4: Obamela Jehofa ka Moya Otlhe (kl-TN dits. 51-2 dir. 20-2)
Dec. 30 Tlhatlhobo e e Kwalwang. Akaretsa Daniele 5 go ya go Hagai 2
Pina No. 177