Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
1 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rera mafoko a a molemo re sa kgaotse? Go tlhokega eng gore motho a nne moreri wa mafoko a a molemo? Ke jang le e leng batho ba ba ditlhong kana ba ba boi ba ka simololang go bolelela batho ba bangwe ka mafoko a a molemo? Dipotso tseno le tse dingwe tse di dirang gore motho a akanye di tla arabiwa mo thulaganyong ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e tla simololang ka September, e setlhogo sa yone se reng “Go Tshwanelega go Nna Badiredi ba Mafoko a a Molemo.”—Bapisa 2 Bakorinthe 3:5.
2 Jaaka batho ba ga Jehofa, re tshwanetse gore re nne kelotlhoko ka boitshwaro jwa rona. Basha ba tla anela maitemogelo a a kgothatsang a a bontshang kafa ba ileng ba kgona ka teng go tila kgatelelo ya ditsala tsa bone. Batsadi ba tla fiwa kgothatso e e lerato e e malebana le kafa ba ka thapisang bana ba bone gore e nne badiredi ba Modimo. Rotlhe re tla thusiwa go bona botlhokwa jwa go rera le masego a rona mmogo le ba ba re reetsang re tla a bonang.—1 Tim. 4:16.
3 Kwantle ga pelaelo kolobetso e tla bo e le ya botlhokwa thata ka letsatsi leo. Pele ga yone, go tla neelwa puo e e thailweng mo Baebeleng e e lebaneng thatathata le batho ba ba sa tswang go ineela. Gone mme, botlhe ba ba tla bong ba le gone ba tla reetsa ka kelotlhoko fa go ntse go tlotliwa ka kolobetso le fa go ntse go tlhalosiwa gore e kaya eng. Batho bape fela ba ba batlang go kolobediwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ba tshwanetse gore ba itsise molebedi yo o okamelang go sa le gale gore a tle a nne le nako e e lekaneng ya gore a rulaganye gore go nne le bagolwane ba ba tla boeletsang dipotso tse di tlhophilweng le bayakolobetsong.
4 Sengwe se se botlhokwa gape e tla bo e le puo e e tlhomologileng thata e e tla bong e neelwa ke sebui se se etileng. E na le setlhogo se se reng “Go Tshwanelega le go Siamela go Nna Badiredi ba Modimo.” Go tla tlotliwa ka dilo tse nne tse di botlhokwa tse di tla re thusang gore re nne badiredi, mme puo eno e tla akaretsa maitemogelo a a nonotshang tumelo.
5 Palo ya batho ba ba nnang teng kwa kopanong ya rona e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e ntse e fokotsega mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ka jalo rulaganyang gone jaanong gore lo nne teng mo thulaganyong yotlhe. Tlhomamisang gore lo laletsa batho botlhe ba ba kgatlhegang le baithuti ba Baebele gore le bone ba solegelwe molemo ke thuto eno ya puso ya Modimo. Fa re dira jalo re tla kgona go tlhomamisa gore re “tshwanelega sentle” go nna badiredi ba mafoko a a molemo.