Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
“Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Dikgang Tse di Molemo” ke setlhogo sa thulaganyo e ntšha ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e simologang ka September. (1 Bakor. 9:23) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi ke dikgang tse di botlhokwa go feta tsotlhe tse di utlwiwang gompieno. Thulaganyo eno e tla re thusa go anaanela tshiamelo ya rona e e kgethegileng ya go sikara dikgang tseno tse di itumedisang. Gape e tla re dira pelokgale gore re tswelele re bolela dikgang tse di molemo re sa tlogele.—Dit. 5:42.
Thulaganyo eno e tla bontsha kafa re ka dirisang thapiso ya rona ya puso ya Modimo ka botlalo ka gone gore re tle re fitlhelele mo gontsi mo bodireding. Re tla utlwa ka ga bangwe ba ba dirileng diphetogo gore ba oketse bodiredi jwa bone, go akaretsa le batho ba basha ba ba dirang bojotlhe jwa bone go tsweletsa dikgang tse di molemo.—Bapisa Bafilipi 2:22.
Puo ya setlhogo, e e tla neelwang ke sebui se se etileng, e tla gatelela botlhokwa jwa gore re ipoloke “re le ba ba tshwanelang go sikarisiwa dikgang tse di molemo.” (1 Bathes. 2:4) Re tla thusiwa go bona gore fa re batla go nna re na le tshiamelo ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, re tshwanetse go tswelela re fitlhelela dilo tse Modimo a di batlang mo go rona le ditekanyetso tsa gagwe mo tseleng e re akanyang ka yone le kafa re itshwarang ka gone. Go tla gatelelwa gape le masego a re nnang le one fa re dira seno.
O se ka wa fosiwa ke thulaganyo e e botlhokwatlhokwa eno. Ba ba sa tswang go ineela ba ba batlang go kolobediwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang ka bonako. Laletsa botlhe ba o ithutang le bone go nna gone. A re letleng Jehofa go re nonotsha go dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo mme ka go dira jalo re wetse tiro e kgolo go di feta tsotlhe ka kwano ga Haramagedona.