Dipokano Tsa Tirelo Tsa August
Beke e e Simololang ka August 7
Pina 118
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlhalosa ka ditlhogo tse di mo ditokololong tsa dimakasine tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo dipuisanong.
15 mets: “Lo Tshwanetse Lwa Bo lo Le Batho ba ba Ntseng Jang?” Dipotso le dikarabo.
20 mets: “Nnang Barutisi ba Lefoko la Modimo—Ka go Dirisa Diboroutšhara.” Mokaulengwe yo o abetsweng go neela karolo eno o tla buisana le baboledi ba le babedi kana ba le bararo ka dikarolo tse di farologaneng tsa diboroutšhara. Morago ga foo ba tla ithapisa yo mongwe a buisana le yo mongwe.
Pina 137 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 14
Pina 124
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
10 mets: Dira Gore o Solegelwe Molemo Thata Kwa Sekolong. Mogolwane o supa kafa motsadi a ka buang le morwa kana morwadie wa dingwaga tsa bolesome ka teng malebana le go tlhopha dithuto kwa sekolong. Tlotla ka botlhokwa jwa go tlhopha dithuto tse di ka ba thusang go dira bodiredi tsela ya bone ya botshelo.—Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1992, ditsebe 16-18, dirapa 3-11.
15 mets: “Batsadi ba ba Itumetseng!” Puo e e neelwang ke mogolwane. Akaretsa dintlha tse di tswang mo go Tora ya Tebelo ya August 15, 1987, ditsebe 13-15, dirapa 14-23.
15 mets: “Boitshwaro Jwa Bokeresete Kwa Sekolong.” Dipotso le dikarabo. Kgothatsa batsadi gore ba boeletse Tora ya Tebelo ya July 15, 1991, ditsebe 23-6 le bana ba bone, segolobogolo dikarolo tse di buang ka mathata a bana ba ka lebanang le one.
Pina 157 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 21
Pina 148
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe.” Itsise letlha la kopano e e latelang fa e le gore lo setse lo le utlwile. Kgothaletsa botlhe gore ba nne teng.
15 mets: “Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo.” Puo e e neelwang ka matlhagatlhaga ke mogolwane go tswa mo dirapeng 1-9.
20 mets: “Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo.” Dirapa 10-15 di sekasekiwa ka dipotso le dikarabo. Tlhalosa ka dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona le ditsela tse botlhe ba ka thusang ka tsone.
Pina 156 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 28
Pina 173
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego malebana le se se diragalang kwa tshimong e e sa abiwang. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa September. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kana ba le babedi malebana le katlego e ba nnileng le yone mo letsholong leno. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go bona gore dipego tsotlhe tsa tirelo ya tshimo tsa ngwaga wa tirelo wa 1995 tse di neng di sa tlisiwa di a tlisiwa. Gakolola baboledi gore ba bege tirelo ya bone ya tshimo ya August ka bonako.
15 mets: “O Tlhoka go Ruta ka Tsela e e Molemo Gore o Atlege mo Maetong a go Boela.” Sekaseka dintlha tsa konokono mme o dire gore go nne le pontsho e le nngwe kana di le pedi tse dikhutshwane. Kgothaletsa batho ba ba tshwarang dipokano tsa tirelo gore ba boeletse dintlha tseno le setlhopha se se tswelang mo tirelong, ba ba thuse gore ba dirise dikakantsho tse di neetsweng foo tse di re thusang go tokafatsa maeto a rona a go boela.
20 mets: Tsamaisang Buka ya Tshelela Ruri ka September. Tlhalosa kafa buka eno e nang le seabe se segolo ka teng mo go itsiseng melaetsa ya ga Jehofa ya katlholo. (Bona Tora ya Tebelo ya April 1, 1988, ditsebe 25-6, dirapa 17-18.) Anela maitemogelo a a leng mo go Tora ya Tebelo ya April 1, 1992, mo tsebeng 15, dirapa 3-4. Ba bontshe ditshwantsho tse dintle tsa buka eno tse di tlhagang mo ditsebeng 3, 11-13, le 156-8. Tlotla ka ditsela tse ditshwantsho tseno di ka dirisiwang ka gone go simolola motlotlo. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a dire pontsho e khutshwane a dirisa longwe lwa Dikwalo tse di leng mo ditsebeng 156-8. Gatelela mokgele wa go batla go simolola dithuto tsa Baebele. Gakolola botlhe gore ba iponele dikhopi tse ba tla di dirisang mo mafelobekeng ano.
Pina 178 le thapelo e e konelang.