LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/95 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa May
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka May 1
  • Beke E E Simololang ka May 8
  • Beke E E Simololang ka May 15
  • Beke E E Simololang ka May 22
  • Beke E E Simololang ka May 29
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 5/95 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa May

Beke E E Simololang ka May 1

Pina 43

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ka nako ya malatsi a boikhutso ka May. E re ka re batla go nna le tlhora e ntšha e kgolo ya baboledi ka April, tsweetswee gakololang botlhe, go akaretsa le baboledi ba basha ba ba sa kolobediwang gore ba tsenye dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April kwantle ga go diega. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse gore gape ba tlhomamise gore dipego tse di neng di sa tsenngwa tsa dikgwedi tse di fetileng di a tsenngwa.

15 mets: “Mafoko a a Molemo go Batho ba ba Pelonolo.” Tlotla le bareetsi ka setlhogo seno, mme morago ga foo o dire gore go nne le pontsho ya puisano e le nngwe kana di le pedi.

20 mets: “Pampitshana e e Kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi ya Mongwe le Mongwe.” Puo le puisano ya molebedi wa tirelo le bareetsi. Tlhalosa gore go setse go anamisitswe dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi go le kanakang, o umaka segolobogolo kafa dithulaganyo tsa tirelo di ileng tsa tshegediwa ka gone le kafa baboledi ba basha ba ileng ba nna le seabe ka teng mo tirelong ya tshimo e le ka lekgetlho la ntlha. Tlhalosa kafa tshimo e berekilweng ka teng; tlhalosa gore go tshwanetse ga dirwa eng fa phuthego e nngwe e lo kopa thuso. Kgothaletsa botlhe gore ba dire maiteko a a oketsegileng gore ba anamise palo ya dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi tse ba di neetsweng. Gatelela botlhokwa jwa go boloka rekoto ya batho ba ba kgatlhegang le go dira maeto a go boela ka maiteko a go simolola dithuto tsa Baebele. Dira gore go dirwe dipontsho ka dipuisano tse di akantshitsweng.

Pina 55 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 8

Pina 61

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. “Le Wena o ka Nna le Maitemogelo a a Itumedisang!” Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a a kgothatsang a ba nnileng le one fa ba ntse ba tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi.

15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya lona. Kana puo ka setlhogo se se reng “Tsela e Bakeresete ba Itshwarang ka Yone fa ba Kgobiwa ke Batho” se se go Tora ya Tebelo ya April 1, 1995, ditsebe 26-9.

15 mets: Dira pontsho ya lelapa le dirisa 1995 Yearbook. Rre o etelela lelapa pele ka go sekaseka tshedimosetso e e mo ketapeleng mo ditsebeng 3-11. O konela ka go direla lelapa dithulaganyo tsa go bala ditsebe di sekae tsa Yearbook beke nngwe le nngwe. Fa e le gore bakaulengwe ga ba na Yearbook, tsweetswee sekasekang setlhogo se se reng “A O Thusa Ngwana wa Gago Gore A Tlhophe Jehofa?” go tswa go Tora ya Tebelo ya October 1, 1994, ditsebe 26-30.

Pina 60 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 15

Pina 54

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

15 mets: “Go Latela Motlhomasekao wa Rona Jaaka Batshodi ba Lesedi.” Dipotso le dikarabo.

20 mets: Baratiwa ba Rona ba ba Suleng ba Kae? Motlotlo wa lelapa. Tlhogo ya lelapa e sekaseka kgang ya go tlhokafalelwa ke tsala nngwe ya lelapa e e gaufi, a dirisa tshedimosetso e e tlhophilweng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana mo ditsebeng 242-4. O gatelela thata dintlha tse di thusang bana ba gagwe gore ba tlhaloganye se Baebele e se bolelang ka gone. O botsa dipotso go tlhomamisa gore ba tlhaloganya gore loso lo raya eng le go bona gore a ba kgona go itlhalosa sentle go ya ka dingwaga tsa bone. Mme gape, o ba bontsha kafa ba ka dirisang boroutšhara e ntšha ya Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala gore ba gomotse batho ba bangwe.

Pina 45 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 22

Pina 66

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Ba kgothaletse bobulatsela jo bo thusang. O ka nna wa botsolotsa batho ba ba ileng ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang ka April. Tlhalosa ditshwanelego tse di kailweng mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 113-14.

15 mets: “Letshwao le le Lereng Kgololo.” Motlotlo le bareetsi. Akaretsa pontsho e le nngwe kana di le pedi tsa kafa go ka dirwang maeto a go boela ka gone.

20 mets: A o Dira ka Peloyotlhe mo Bodireding Jwa Gago? Motlotlo ka molebedi wa tirelo. O ka nna wa akaretsa tshedimosetso e go neng ga tlotliwa ka yone kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi sa bosheng sa bagolwane e e malebana le kgang eno. Go direla Jehofa ka peloyotlhe go kaya eng? A ke selo se se botlhale go bapisa tirelo ya rona le ya ba bangwe? (Bapisa Luke 21:1-4 le Mareko 14:3, 6-9; Mathaio 13:18, 23.) A tirelo ya rona e tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa le baagisane ba rona? (Math. 22:37-39) Bagolwane le batlhanka ba bodiredi mmogo le malapa a bone ba kgothadiwa gore ba tlhome sekao sa go dira ka peloyotlhe mo tshimong. A o latela sekao sa bone se sentle? Akaretsa maitemogelo mangwe a phuthego ya lona a a bontshang gore Jehofa o segofatsa thata maiteko a badiredi ba gagwe ba ba dirang ka peloyotlhe. (Bona gape le w90-TN 1/1 ts. 7; w89-TN 1/1 ts. 31.)

Pina 74 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka May 29

Pina 79

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Neela dikakantsho tse di tla kgothaletsang baboledi gore ba leke go bala temana e le nngwe ya Lokwalo jaaka karolo ya puisano ya bone kwa matlong. Batho ba le bantsi ba tlotla Baebele mme ba rata go reetsa fa e balwa. Kgakololo ya yone e mosola mme e ka tlhotlheletsa motho yo o pelo e phepa. O bale ditemana ka maikutlo le ka thelelo. (Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 32-3, dirapa 12-15.) Gakolola botlhe gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya May, mmogo le dipego dipe fela tse di saletseng kwa morago.

12 mets: Letlole la Dipotso. Dipotso le dikarabo. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa dipokano di re solegela molemo thata fa re di baakanyetsa go sa le gale le fa re tsamaya re tshotse dibuka tsotlhe tsa thuto.

18 mets: Tsamaisang Buka ya Lefoko la Modimo ka June. Lebang dikakantsho tse di leng go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1990, tsebe 4 le ya March 1990, ditsebe 1, 2, le 8 fa lo tsamaisa kgatiso e e molemo eno. Tlhalosa ditshwantsho tse di mo ditsebeng 4, 137, 138, le 143, mme o bontshe kafa di ka dirisiwang ka gone go simolola motlotlo. Dira gore mmoledi yo o nang le bokgoni a dire pontsho ya puisano e a tlhalosang mo go yone ka tlhopho e mongwe le mongwe a tshwanetseng go e dira gore a bone botshelo jo bo sa khutleng, a dirisa dintlha le makwalo a a mo tsebeng 189. Gakolola mongwe le mongwe gore a iponele dikhopi tse a tla di dirisang mo tirelong mo mafelobekeng ano.

Pina 63 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela