Go Latela Motlhomasekao wa Rona Jaaka Batshodi ba Lesedi
1 Jesu o ne a ipolela jaana: “Ke nna lesedi la lefatshe.” Ka go latela sekao sa gagwe, balatedi ba ga Jesu le bone e ne e le “lesedi la lefatshe.” (Math. 5:14) E re ka e ne e le “lesedi la lefatshe,” Jesu o ne a ka kgona go bolelela batho botlhe ba ba mo latelang gore ba tla bona “lesedi la botshelo.” (Joh. 8:12) Seo se dira gore re nne batshodi ba lesedi la semoya, bao le ka motlha ba sa tshwanelang go letla sepe gore se fitlhe kana se sire lesedi leo.
2 Phuthego ya ga Jehofa e re fa thuto e e re bontshang gore re ka nna jang batshodi ba lesedi ba ba molemo. Fa re latela kgakololo le kaelo e re e fiwang ka kelotlhoko, re tla kgona go sedifatsa batho ba mefuta yotlhe ka boammaaruri jwa Bogosi. (1 Tim. 4:6) Go nna batshodi ba lesedi ga go reye fela go bua ka boammaaruri mo sebakeng sengwe le sengwe se re se bonang mme gape go raya gore re itshware sentle jaaka Bakeresete. Go ne go sena ka tsela epe e boitshwaro jwa Motlhomasekao wa rona bo neng bo ka nyadiwa ka gone. Jaaka balatedi ba gagwe, re tshwanetse go supa gore Bokeresete ke tsela ya rona ya go tshela ya letsatsi le letsatsi. (Baef. 5:9; Tito 2:7, 8, 10) Re tshwanetse go bontsha ditiro tse di molemo tse batho ba bangwe ba ka di bonang, tseo di tla dirang gore ba galaletse Modimo.—Math. 5:16.
3 Mosupi mongwe o ne a kopiwa gore a dire sengwe se se sa tlwaelegang fa a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo. Rre wa lapa le mosadi wa gagwe ba ne ba lwala thata, mme lefa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka go ya go baya madi a bone kwa bankeng. Ba ne ba botsa Mosupi gore a o ne a tla ba direla seo. O ne a dumela mme ba mo naya madi a a kana ka R7 250 gore a a ise kwa bankeng! Fa a boa, o ne a ba botsa a re: “Ke eng fa lo ne lo inkanya jaana le mororo lo ne lo sa nkitse?” Ba ne ba mo araba ba re: “Re a itse, e bile mongwe le mongwe o itse gore Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba o ka ba ikanyang.” A bo re ka leboga jang ne go bo go latela ga rona melaometheo ya Baebele e e malebana le boitsholo go dira gore re nne le leina le le tlotlang Modimo!
4 Morutabana mongwe wa setlhopha sa ntlha o ne a tlhalosetsa tlelase ya gagwe gore ke ka ntlha yang fa morutwana mongwe wa gagwe wa dingwaga tse thataro yo e leng Mosupi a ne a sa nne le seabe mo go tshaseng ditshwantsho tsa Halloween mebala. Morutabana o ne a bolela gore o ne a le motlotlo thata ka ene ka go bo a le pelokgale gore a farologane le ba bangwe ka ntlha ya se a se dumelang. Morutabana o ne a akgela ka gore, fa e le gore re dumela sengwe ka botlalo, re tshwanetse gore re se emele. Mo bosigong joo morutabana o ne a tlhatlhoba dilo tse a neng a di dumela mme o ne a tshwanela gore a dumele gore o ne a sa bontshe bopelokgale jo bo ntseng jalo jwa go emela dilo tse a di dumelang. Letsatsi le le latelang o ne a bolela gore a ka se tlhole a dira gore tlelase ya gagwe e keteke malatsi ape a boikhutso, mangwe a one e le a ene a sa dumeleng mo go one!
5 Batho ba ga Jehofa ba iketleeleditse go dira gore lesedi la bone le phatsime, go sa kgathalesege gore ba kwa kae. Sekao se basha ba se tlhomang ka boitsholo jwa bone kwa sekolong se ile sa kgatlha bana ba ba tsenang sekolo le bone mmogo le barutabana thata. Basupi ba ba godileng ba ba itshwarang sentle ba dira gore batho ba ba mo tikologong ya bone ba bue sentle ka molaetsa wa Bogosi. Go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo maemong a mantsi go gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang go ithuta mo go oketsegileng. Fa re dira ka natla re bile re ikanyega kwa tirong ya boitshediso le gone go ka neela bosupi. Ee, go sa kgathalesege gore re kwa kae kana re dira eng, re ka kgona go dira gore batho ba kgatlhegele boammaaruri.
6 Fa re ka tlhoma matlho a rona mo sekaong se se senang selabe se Motlhomasekao wa rona yo mogolo a se tlhomileng mo botshelong jwa gagwe, re ka kgona go tswelela pele re tokafatsa bokgoni jwa rona jaaka barutwa ba gagwe. Fa re sala sekao sa gagwe morago re ka tlhomamisega gore lesedi la rona le tla ‘phatsimela botlhe.’—Math. 5:15; 1 Pet. 2:21.