Pampitshana e e Kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosiya Mongwe le Mongwe
1 Go tloga ka April 24, re ne ra simolola go anamisa pampitshana e e kgethegileng ya Dikgang Tsa Bogosi e e neng ya tsosa kgatlhego ya batho ba ba amegileng gongwe le gongwe! Molaetsa wa yone ga se o o tshwanelang sentle fela mme gape o potlakile. Baboledi mo phuthegong nngwe le nngwe ba ne ba bolela gore ba batla go tshegetsa tiro eno ka peloyotlhe, gore ba tle ba fe diketekete tsa batho molaetsa ono. A o iketleeditse go nna le seabe ka botlalo?
2 Phuthego nngwe le nngwe e ne ya romelelwa palo e e rileng ya dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi tse e neng e di batla, gore mmoledi mongwe le mongwe a bone bobotlana di le 50 mme mmulatsela mongwe le mongwe di le 250. Wena o ile wa kgona go anamisa di le kae? Fa e le gore ga o a kgona go anamisa tse o neng o solofetse gore o tla di anamisa, a o ile wa akanya ka ditsela tse o ka di dirisang gore o anamise tse di oketsegileng pele ga tiro ya go anamisa dipampitshana tseno e fela ka May 14? Go tweng ka go ikwadisa jaaka mmulatsela yo o thusang? A o ka kgona go sola molemo nako e e oketsegileng ya dipokano tsa tirelo mo gare ga beke, e e tshwanang le ya go neela bosupi maitseboa?
3 Bagolwane ba tla tlhatlhoba ka kelotlhoko gore tshimo e dirilwe ka selekanyo se se kanakang. Fa e le gore phuthego e ka se kgone go dira dikarolo tse di rileng tse e di abetsweng, bagolwane ba tshwanetse gore ba ikgolaganye le diphuthego tse di gaufi gore di thuse. Fa re iteka ka peloyotlhe, le fa diphuthego di dirisana mmogo sentle, re ka kgona go dira tiro e e molemo.
4 O tshwanetse wa bo o ile wa itumelela tiro eno thata ka gonne go nnile le batho ba bantsi ba ba neng ba kgona go nna le seabe mo go yone, go akaretsa le baboledi ba basha le thaka e tshesane. Re solofela gore boitumelo jono bo tla nna bo ntse bo tsweletse, gore bo kgothatse botlhe gore ba boele kwa bathong ba ba neng ba arabela sentle. Re ne ra kgothadiwa gore re boloke direkoto tse di molemo tsa go tsamaya ka ntlo le ntlo, re kwala maina a batho botlhe ba ba bontshang kgatlhego. Karolo ya bofelo ya May e tla bo e le nako e ntle ya gore re tlhome mogopolo mo go direng maeto a go boela, mokgele wa rona e le go simolola dithuto tse disha.
5 Ke eng se re ka se buang fa re boela? O ka nna wa fitlhela go le molemo go bolela jaana: “O ka tswa o gakologelwa tshedimosetso e e mo kgatisong e ke neng ka go e tlogelela bosheng jaana; ke solofela gore o ne wa bona nako ya go e bala le go akanya ka kgang eo. Molaetsa wa yone o ne wa dira gore go buiwe thata ka yone mo lefelong leno la rona ka gore e bua ka dikgang tse di botlhokwa tse di amang batho botlhe.” Mo lebise mo mafokong a a dirang gore motho a akanye a a mo tsebeng ya bobedi, mme morago ga foo o mmotse jaana: “O akanya gore re tshwanetse go dira eng gore re tlhomamise gore re ipaakanyeditse se se tla diragalang mo isagweng?” Letela karabo. Fa e le gore motho o a kgatlhega, tlotla ka dintlha tse dingwe mo ditsebeng 2-4 tse di mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi, mme o buelele thuto ya Baebele kana, fa seo se sa kgonege, o buelele dimakasine tsa bosheng.
6 Fa e le gore lo bereka mo tshimong ya phuthego e nngwe, tlhomamisang gore lo fe phuthego eo maina ape fela a batho ba ba neng ba kgatlhega ba lo neng lwa kopana le bone gore baboledi ba phuthego eo ba dire maeto a go boela mo bathong bao. Ka mo go tshwanang, fa lona lo fiwa batho ba lo tshwanetseng gore lo ba etele, lo se ka lwa diega go boela kwa go bone.
7 Go anamisiwa ga pampitshana e e kgethegileng eno ya Dikgang Tsa Bogosi go ne ga dira gore go nne le boitumelo mme ga re tlhotlheletsa rotlhe gore re oketse maiteko a rona mo tirong ya go rera ka Bogosi. Re ka tlhatswega pelo gore tiro eno e tla atlega le gore batho gongwe le gongwe ba tla utlwa ka leina le legolo la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe le go feta. (Isa. 12:4, 5) Fa re ka kgona go dira mo go oketsegileng re tla itumela le go feta.—Pes. 126:3.