Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
1 Thulaganyo ya rona ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e simololang ka September e tla bo e na le setlhogo se se reng “Nnang Lo Supa Kaga Boammaaruri.” Thulaganyo yotlhe e tla bo e bua ka sekao se Jesu a se re tlhometseng le ka moo a neng a dirisa sebaka sengwe le sengwe ka gone go bolelela ba bangwe ka boammaaruri. E tla gatelela boikarabelo jo re nang le jone jwa go etsa Keresete jaaka barutwa ba gagwe ka go supa kaga boammaaruri.—1 Bakor. 11:1.
2 Go tla sekasekiwa seabe se phuthego e nang le sone mo go itsiseng boammaaruri. Go tla gatelelwa gape ntlha ya gore re dirise dimakasine le dikgatiso tsa rona ka botlalo.
3 Setlhogo sa puo ya konokono e e tla neelwang ke sebui se se etileng sa re “Se Se Fitlhelelwang Ka Go Neela Bosupi Kaga Boammaaruri.” (Yoh. 8:32) Eleruri thulaganyo eno ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tla oketsa tsela e re anaanelang boammaaruri ka yone mme e tla re thusa rotlhe gore re nne re nonofile e bile re “tlhōmame mo boamarureñ.”—2 Pet. 1:12; 1 Bakor. 15:58.