Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Ka go bo Bakeresete ba bogologolo ba ne ba nonotshitswe ke moya o o boitshepo, ba ne ba dira ka natla go anamisa dikgang tse di molemo ka botlalo kafa go ka kgonegang ka gone. (Dit. 1:8; Bakol. 1:23) Thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2007 ya setlhogo se se reng, “Tshwarega Thata ka Lefoko,” e tla re thusa go etsa sekao sa bone se se molemolemo.—Dit. 18:5.
Fa Kgosi Dafide a ne a bua ka lefoko la Modimo o ne a re: “Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pes. 19:7) Thulaganyo e e rulagantsweng ka kelotlhoko ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya 2007 e tla gatelela botlhokwa jwa Dikwalo “mo go tlhamalatseng dilo” e bile e tla re kgothaletsa go dirisa Lefoko la Modimo go rera le go ruta ka tsela e e bontshang gore nako e potlakile. (2 Tim. 3:16, 17) Thulaganyo eno e ntšha e tla bontsha kafa re ka tilang mamena ka gone le kafa re ka solegelwang molemo ka gone fa re dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Gape e tla re thusa go dirisa Lefoko la Modimo go thusa basha le batho ba ba sa tswang go kopanela go gatela pele semoyeng.
Tlhomamisa gore o nna teng fa thulaganyo e simolola, mme o reetse ka kelotlhoko. Kwala dintlha tse o ka di dirisang ka namana. Bontsha gore o anaanela taelo le dikgakololo tse o di amogelang, mme o bontshe kafa o ikaelelang go dirisa dilo tse o di ithutileng ka gone.
Thulaganyo ya rona ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tla oketsa tsela e re anaanelang Lefoko la Modimo ka yone, e tla re gakolola go tswelela re nitame mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo, le go re bontsha kafa re ka thusang ba bangwe ka gone go dira se se tshwanang. Ka jalo ikemisetse gore o se foswe ke kaelo le taelo ya semoya e Jehofa a re nayang yone ka tsela eno!—Isa. 30:20b, 21.