Tsamaisa Dimakasine Tse di Molemo go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng
1 Boikaelelo jo bo tlhalositsweng sentle jwa Tora ya Tebelo ke “go tlotlomatsa Jehofa Modimo jaaka Morena Molaodi wa lobopo.” Tsogang! e “sedimosetsa lelapa lotlhe. . . . Makasine ono o dira gore batho ba nne le tsholofelo mo lefatsheng le lesha le Mmopi a le solofeditseng.” Mafoko ano a nopotswe go tswa mo dimakasineng tseno ka botsone. Seno se dirile gore dimakasine tseno di gomotse babadi ba ba dimilione.
2 Re tla bo re tsamaisa makwalopaka ano mo bodiheding jwa rona ka April le May. Gore re tle re atlege, re tshwanetse gore re tlwaelane le tsone sentle. Bala tokololo nngwe le nngwe gore o tle o kgone go ka tshwaya dintlha tse o ka di dirisang fa o di tsamaisa. Akanya ka dilo tse di amang batho. Ke dikgang dife tsa loago, tsa lelapa, kana tsa maikutlo tse baagisani ba gago ba akanyang thata ka tsone? Leka go akanya ka sengwe se o ka se buang se se ka amang dipelo tsa bone, se se tla dirang gore ba eletse go ithuta mo go oketsegileng.
3 Go Buelela Tora ya Tebelo ya April 1: Batho ba bantsi ba batla lefatshe le lesha, leo mo go lone go senang mathata a gantsi a dirang gore ba se ka ba itumela.
O ka nna wa bolela jaana fa o sena go ikitsise:
◼ “Nka rata go go bontsha ntlha e e kgatlhang e e leng mo setlhogong se se reng ‘Lefatshe Le Le Botoka—A Ke Toro Fela?’ Ya re: ‘Lefatshe leno, lefatshe la rona, ruri ga se lefelo le le molemo. . . . Lenaane la mathata a a leng teng gompieno le lebega le sa fele.’ Boemo jono bo dira gore go nne thata go nna le tsholofelo ka isagwe, a ga go jalo? Mme lefa go ntse jalo, mma ke go bontshe gore Pesalema 37:11 ya reng ka isagwe.” Fa o sena go bala temana eno, botsa mong wa ntlo gore o ikutlwa jang ka tsholofelo eno. Fa a arabela sentle, mmontshe setlhogo se se reng “Lefatshe Le Le Botoka—Le Gaufi!,” mo tsebeng 4, mme o bolele jaana: “Go na le ditemana di le mmalwa tsa Dikwalo tse di umakilweng mono, mmogo le le re sa tswang go le bala gone jaanong la Pesalema 37:11. Ke akanya gore o tla itumelela go bala ditlhogo tseno le go sekaseka ditemana tseo mo Bibeleng ya gago. Nka itumelela go rulaganya gore o bone makasine ono ka poso ka peeletso ya ngwaga otlhe ya R19,00.” Fa peeletso e sa amogelwe, tsamaisa dimakasine tse pedi ka moneelo wa R1,60.
4 Go Buelela Tora ya Tebelo ya April 15: Setlhogo se se mo tsebeng ya 4 se botsa jaana: “O Ka Bona Kae Kaelo E O Ka E Ikanyang?”
O ka bolela jaana fa o sena go ikitsise:
◼ “Go na le mathata a le mantsi fela thata mo lefatsheng gompieno, a a tshwanang le [umaka sengwe se batho ba amegileng ka sone bosheng jaana kana setlhogo se segolo mo dikgannyeng]. Seno se dira gore re ipotse gore a go na le mongwe yo o tla rarabololang mathata ano. Se se itumedisang ke gore 2 Timotheo 3:16, 17 e re tlhomamisetsa gore Bibela ke selo se se ka re kaelang go bona boitumelo le botshelo jo bo bolokesegileng.” Fa o sena go bala ditemana tseno, mmontshe gore Tora ya Tebelo e re thusa jang go tlhaloganya lebaka la go bo Bibela e le kaelo e o ka e ikanyang. Buelela peeletso jaaka go akantshitswe mo serapeng sa 3.
5 Fa o batla go tsamaisa Tsogang!, o ka nna wa dirisa tokololo ya May 8 le setlhogo se se reng “Tsholofelo ya Mmatota ka Bana” Gantsi o tla fitlhela gore batsadi ba amegile ka dilo tse bana ba di tlhokang mme ba batla go itse gore ke eng se ba ka se dirang go ba thusa. Ikutlwe o gololesegile go tsamaisa dipeeletso tsa dimakasine ka bobedi ka moneelo wa R28,50.
6 Fa re tlhoafetse ka dimakasine tsa rona, tse di molemo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, re tla itumelela go di tsamaisetsa batho ba bangwe gore le bone ba bone tsholofelo ya Bogosi le gore ba nne le seabe mo go tlotlomatseng Jehofa jaaka Morena Molaodi wa lobopo lotlhe.—Pes. 83:18.