Poletso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo
Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tseo di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo tsa dibeke tsa September 3 go ya go December 24, 1990. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo go yone ka nako eo e beilweng.
[Tlhokomediso: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Bibela fela eo e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Ditshupiso tseo di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo ditshupisong tsotlhe tsa Tora ya Tebelo.]
Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:
1. Lenyalo la Mokeresete le lelapa la gagwe ga di kopanyelediwe mo go obameleng ga bone Jehofa. [wTN88 6/15 ts. 14]
2. Bakeresete ga ba mo kotsing ya gore ba ka raelwa ke tsela e e tlontlololang ya lefatshe leno. [wTN88 6/15 ts. 16]
3. Batsadi ba ka nna ba senya nako le bana ba bone fa e le gore ga ba a tshwarega ka maikarabelo a mangwe le mathata a mangwe. [wTN88 8/1 ts. 11]
4. Jesu o ne a tshwanelegela go bula lokwalo ka gonne o ne a fentse lefatshe. [reTN ts. 84 ser. 7]
5. Dipolelelopele tse di leng malebana le go bolokwa ga Iseraele di diragadiwa eseng ke Iseraele wa senama mme ke phuthego ya Bokeresete. (Baroma, dikgaolo 9-11) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 8/1 ts. 24.]
6. Jehofa o ‘baakanyetsa kgoro ya phalolo’ ka go tlosa thaelo. (1 Bakor. 10:13) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w74 ts. 64.]
7. “Methisa” eo e neng ya tlogela dipadi dingwe e ka nna ya tswa e ne e le ka ntlha ya go itewa mo mmeleng goo go ileng ga dirwa mo go Paulo. (Bagal. 6: 17) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
8. ‘Go sopanyetsa dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng’ go tla nna go tswelela pele go fitlhelela bao ba leng mo mabitleng ao ba tla gakologelwang mo go one ba utlwa lentswe la ga Jesu mme ba tsoge. (Baef. 1:10) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
Araba dipotso tse di latelang:
9. Ke ka ntlha yang fa go dirisa thelebishene jaaka selo seo se tlhokomelang bana e le go itlhokomolosa boikarabelo jwa batsadi go go utlwisang botlhoko? [wTN88 8/1 dits. 11, 12]
10. Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba tshela botshelo jwa boitimokanyo? [wTN88 8/1 dits. 17, 18]
11. Ke eng seo se tlhokegang gore lenyalo e tle e nne le le itumetseng go gaisa? (Mor. 4:12) [wTN88 11/1 ts. 16]
12. Dinaka tse supa tsa Kwana di tshwantshetsang? (Tshen. 5:6) [reTN ts. 85 ser. 12]
13. “Boipolelo jwa phatlalatsa” joo go buiwang ka jone mo go Baroma 10:9, 10 (NW) thata thata bo lebisa go eng? [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN88 1/1 ts. 22. le 6/15 ts. 29.]
14. Bagolwane ba ka otlelela kafa kgakololo ya Modimo e e malebana le go nyala “mo Moreneñ hèla” e leng masisi ka gone ka ditsela dife di le pedi? (1 Bakor. 7:39) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona w82 3/15 ts. 31.]
15. “Mecwi eotlhe e e molelō” eo e gwetlhang tumelo ya rona ke eng? (Baef. 6:16) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
16. “Sekgèlè” seo Paulo a neng a se latelela e ne e le sefe? (Bafil. 3:13, 14) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
Tsenya lefoko kana polelwana eo e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe ya tse di latelang:
17. Mokgele wa batsadi ba Bakeresete e tshwanetse ya nna ․․․․․․․ e le gore bana ba se ke ba tlogela go direla Modimo le ka motlha ope. (Dia. 22:6) [wTN88 8/1 ts. 13 ser. 14]
18. Go ya ka Baroma 13:1, babusi ba lefatshe ba gone fela ka ․․․․․․․ ya Modimo. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 8/1 ts. 24]
19. Fa ․․․․․․․ a ne a ikgaoganya le badumedi ba Baditšhaba kwa Antioka ka gonne a ne a boifa Bakeresete ba Bajuda bao ba neng ba tswa kwa Jerusalema, ․․․․․․․ o ne a mo kgalemela. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
20. Paulo o ne a tlhomamisetsa Bafilipi ka ga ․․․․․․․ yo o neng a lwala thata. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 11/15.]
Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang:
21. Batsadi ba tshwanetse ba ithuta le bana ba bone (gangwe ka beke; gangwe ka kgwedi; ka metlha). (Dute. 11:18-21) [wTN88 8/1 ts. 14 ser. 18]
22. Gongwe ba tlhotlheleditswe ke (botlhajana jwa kwa Gerika; maikutlo; Dikwalo tsa Sehebera), bangwe mo phuthegong ya Bakorintha ba ne ba bolela gore ga go na tsogo ya baswi. (1 Bakor. 15:32) [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 25.]
23. Mo go 2 Bakorintha 3:18, Paulo o bua ka boitemogelo jwa ga (Moshe; Joshua; Elija). [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 26.]
24. Paulo o ne a tsopola sekai se se molemo sa (Bakorintha; Bamakedonia; Baefesia) ka gonne fa go tsenwa mo go neeleng dilo tse di bonalang ba ne ba le pelotshweu go gaisa jaaka fa ba ne ba ka kgona. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 27.]
Tsenya dikwalo tse di latelang mo di tshwanetseng teng mo dipolelong tse di thathamisitsweng fa tlase tseno:
Bar. 7:4; 1 Bakor. 4:9; 14:40; 2 Bakor. 6:7
25. Le mororo ba ne ba tlhaselwa go tswa matlhakoreng otlhe, Paulo le badirimmogo le ene ba ne ba iketleeleditse go lwa ntwa ya semoya. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 27.]
26. Paulo o ne a bua ka go swa mo patlelong. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 24.]
27. Fa dipokano tsa rona di rulagantswe sentle, seno se leretse Modimo tlotlo. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 9/15 ts. 25.]
28. Loso lwa ga Jesu lo ne lwa golola Bajuda bao ba dumelang gore ba seke ba tlhola ba nna kafa tlase ga Molao. [Mmalo wa Bibela wa beke le beke; bona wTN90 8/1 ts. 24.]