Batsadi ba Rona ba re Rutile go Rata Modimo
JAAKA GO BOLETSE ELIZABETH TRACY
Banna ba ba tlhometseng, ba pelenyana mo letsatsing leo ba neng ba itira segongwana kgatlhanong le rona, ba ne ba pateletsa Mmè le Rre go tswa mo koloing. Nna le nkgonne ka re ne re tlogetswe mo setulong se se kwa morago, re ne re ipotsa gore a re tla boa re bona batsadi ba rona gape. Ke eng se se bakileng tiragalo eno e e boifisang gaufi le Selma, Alabama kwa U.S.A., ka 1941? Mme dilo tse re di rutilweng ke batsadi ba rona di amana jang le tiragalo eno?
RRE e bong Dewey Fountain, o ne a godisiwa ke ba losika kwa polasing nngwe kwa Texas morago ga gore batsadi ba gagwe ba tlhokafale a sa ntse a le lesea. Moragonyana o ne a bereka kwa go gogwang oli teng. Ka 1922, fa a le dingwaga di le 23, o ne a nyalana le Winnie, mosetsana mongwe yo montle wa kwa Texas, mme a simolola go dira dithulaganyo tsa go aga le go godisa lelapa.
O ne a aga ntlo mo nageng e e tletseng ka dikgong kwa botlhaba jwa Texas gaufi le torotswana ya Garrison. Moo o ne a lema masimo a dijalo tse di farologaneng, go akaretsa le katune le mmidi. Gape o ne a rua mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa mo polasing. Kgabagare, rona bana re ne ra tsholwa—Dewey yo mmotlana ka May 1924, Edwena ka December 1925 mme nna ka tlhaga ka June 1929.
Go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele
Mmè le Rre ba ne ba akanya gore ba tlhaloganya Baebele, e re ka ba ne ba tsena kereke ya Church of Christ. Mme ka 1932, G. W. Cook o ne a tlogelela mogoloe Rre e bong Monroe Fountain dibuka tsa Deliverance le Government, tse di neng di gatisitswe ke Mokgatlho wa Watch Tower. Ka go bo Monroe a ne a gakaletse go itsise batsadi ba me se a neng a se ithuta, gantsi o ne a tla ka nako ya sefitlholo, a bale setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo mme a “lebale” makasine ono. Morago ga moo, Mmè le Rre ba ne ba o bala.
Mo mosong mongwe wa Sontaga Rangwane Monroe o ne a laletsa Rre go tla kwa ntlong ya moagelani go tla kwa thutong ya Baebele. O ne a mo tlhomamisetsa gore Rre Cook o tla mo arabela dipotso tsotlhe tsa gagwe go tswa mo Baebeleng. Fa Rre a boa kwa thutong eo, o ne a bolelela lelapa ka boitumelo gore: “Ke arabetswe dipotso tsotlhe tsa me le go bona tshedimosetso e nngwe gape! Ke ne ke akanya gore ke itse gotlhe, mme fa Rre Cook a simolola go tlhalosa kaga dihele, moya, tsholofetso ya Modimo e e malebana le lefatshe le kafa Bogosi jwa Modimo bo tla lereng seo ka teng, ke ne ka simolola go ikutlwa gore tota ga ke itse sepe ka Baebele!”
Ntlo ya rona e ne e tshwana le bokopanelo jwa ditsala. Ba losika le ditsala ba ne ba tle ba ete, ba dire dimonamone tsa fudge le dikipikipi, ba opele fa Mmè a tshameka piano. Ka iketlo, ditiragalo tseno di ne tsa fetoga metlotlo ya dikgang tsa Baebele. Le fa gone rona bana re ne re sa tlhaloganye sentle dilo tsotlhe tse go neng go tlotliwa ka tsone, lorato lo lo maatla lo batsadi ba rona ba neng ba rata Modimo le Baebele ka lone lo ne lo bonala sentle mo e leng gore rona bana re ne ra rata Modimo le Lefoko la gagwe fela jalo.
Malapa a mangwe le one a ne a bula magae a one go tshwarela metlotlo ya Baebele mo go one, e gantsi e neng e ikaegile thata ka setlhogo se se mo makasineng wa bosheng wa Tora ya Tebelo. Fa dipokano di ne di tshwarelwa kwa malapeng a kwa ditoropong tsa boagelani tsa Appleby le Nacogdoches, re ne re tlala mo koloing ya rona ya Model A Ford mme re etele koo, pula e na kana e sa ne.
Go Dirisa se ba Ithutileng Sone
Ga go a ka ga tsaya lobaka lo loleele gore batsadi ba rona ba bone botlhokwa jwa go tsaya kgato. Go rata Modimo go ne go tlhoka gore ba itsise ba bangwe ka se ba se ithutileng. (Ditiro 20:35) Mme lefa go ntse jalo, kgato eno ya go bolela phatlalatsa tumelo ya motho e ne e le kgwetlho, segolobogolo e re ka batsadi ba rona e ne e le batho ba ba ditlhong ka tlholego, ba ba boikokobetso. Le fa go ntse jalo, lorato lo ba neng ba rata Modimo ka lone lo ne lwa ba tlhotlheletsa mme seno mo letlhakoreng le lengwe sa ba thusa go re ruta go ikanya Jehofa thata. Rre o ne a go tlhalosa ka tsela eno: “Jehofa o dira balemi go nna bareri!” Ka 1933, Mmè le Rre ba ne ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa mo lekadibeng la metsi gaufi le Henderson kwa Texas.
Mo masimologong a 1935, Rre o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower mme a botsa dipotso di le mmalwa malebana le tsholofelo ya Bakeresete ya botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 14:2; 2 Timotheo 2:11, 12; Tshenolo 14:1, 3; 20:6) O ne a amogela karabo ka tlhamalalo go tswa go Joseph F. Rutherford, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho ka nako eo. Go na le gore Mokaulengwe Rutherford a arabe dipotso tsa ga Rre, o ne a mo laletsa go nna teng kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Washington, D.C., ka May.
‘Ga go kgonege!’ Rre o ne a akanya jalo. ‘Re balemirui ba ba nang le tshimo ya bogolo jwa diheketara di le 26 e e jetsweng merogo. E tla tlhoka go robiwa yotlhe le go ya go rekisiwa kwa marekisetsong ka nako eo.’ Le fa go ntse jalo, ka bonako fela morago ga moo, morwalela o ne wa tla mme wa gogolela diipato tsa gagwe kgakala—masimo, magora le marogo. Ka jalo re ne ra tsamaya le Basupi ba bangwe ka bese ya sekolo e e hirilweng e e neng ya re isa dikilometara di le 1 600 go ya kwa bokonebotlhaba kwa kopanong.
Kwa kopanong Rre le Mmè ba ne ba itumelela go reetsa tlhaloso e e utlwalang ya go tlhaolwa ga “bontsintsi jo bogolo” jo bo tla falolang “pitlagano e kgolo.” (Tshenolo 7:9, 14, King James Version) Mo botshelong jotlhe jwa bone, tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise e ne ya tlhotlheletsa Mmè le Rre, mme ba ne ba kgothaletsa rona bana ‘gore re tshware botshelo jwa mmatota ka thata,’ e leng se mo go rona se neng se raya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le Jehofa a re neetseng lone. (1 Timotheo 6:19; Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4) Le fa gone ke ne ke na le dingwaga di le tlhano fela, ruri ke ne ka itumelela go nna le lelapa la gaetsho mo tiragalong eno e e itumedisang.
Fa re boa kwa kopanong, lelapa le ne la jala gape mme moragonyana re ne ra nna le thobo e e molemo go gaisa tsotlhe. Seno se ne sa thusa thata go tlhomamisetsa Mmè le Rre gore go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe go ka se fete fela go sa bona maduo a gone. Ba ne ba tsaya foromo e e kgethegileng ya tiro ya go rera e mo go yone mongwe le mongwe wa bone a neng a dumela gore o tla dirisa diura di le 52 ka kgwedi mo bodireding. Mme fa nako ya go roba e fitlha, ba ne ba rekisa sengwe le sengwe se ba nang le sone! Rre o ne a na le kolotsana ya boleele jwa dimetara di le 6 le bophara jwa dimetara di le 2,4 e e neng e diretswe rona re le batlhano gore re nne mo go yone mme o ne a reka koloi e ntšha ya Ford ya mabati a le mabedi go e goga ka yone. Rangwane Monroe o ne a dira se se tshwanang mme le ene o ne a nna mo kolotsaneng le lelapa la gagwe.
Go re Ruta Boammaaruri
Rre le Mmè ba ne ba simolola go bula tsela ka October 1936, jaaka bodiredi jwa nako e e tletseng bo bidiwa. Re ne ra simolola go rera rotlhe re le lelapa kwa dikgaolong tsa Texas botlhaba tse di neng di etelwa sewelo ka molaetsa wa Bogosi. Mo e ka nnang ngwaga otlhe, re ne re fudugela kwa mafelong a a farologaneng, mme ka kakaretso, tota re ne re ipelela botshelo jono. Mmè le Rre ba ne ba re ruta ka lefoko la bone le ka sekao go tshwana le Bakeresete ba bogologolo ba ba neng ba ineela mo tirong ya go abela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.
Rona bana re ne ra gapiwa maikutlo thata ke mmè wa rona ka go itima ga gagwe go nna le legae la gagwe. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se a neng a sa arogane le sone, e ne e le motšhine wa gagwe wa go roka. Mme gone e ne e le selo se se molemo. Ka bokgoni jwa gagwe jwa go roka, ka metlha o ne a re direla diaparo tse dintle. Kwa kopanong nngwe le nngwe, re ne re apara diaparo tse disha tse dintle.
Ke sa ntse ke gakologelwa sentle fa Herman G. Henschel a ne a tla le lelapa la gagwe mo lefelong la rona ka llori ya sebuelagodimo ya Mokgatlho wa Watch Tower. Ba ne ba emisa llori mo lefelong le le nang le batho ba le bantsi, ba letse molaetsa o mokhutshwane o o rekotilweng mme ba etele batho go ba naya tshedimosetso e e oketsegileng. Dewey yo mmotlana o ne a itumelela go tshameka le morwa wa ga Herman e bong Milton, yo ka nako eo a neng a le mo bogareng jwa dingwaga tsa bolesome. Gone jaanong Milton ke poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower.
Kwa kopanong nngwe ka 1937 kwa Columbus, Ohio, Edwena o ne a kolobediwa mme Mmè le Rre ba ne ba neelwa tshiamelo ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Ka nako eo, tiro eo e ne e akaretsa go dira diura di ka nna 200 ka kgwedi mo tirong ya go rera. Fa ke leba kwa morago, ke lemoga kafa sekao se se molemo sa ga Mmè se nthusitseng ka teng go ema mogatsake nokeng mo dikabelong tsa gagwe tsa Bokeresete.
Fa Rre a ne a simolola thuto ya Baebele le lelapa lengwe, o ne a tsamaya le rona go tlhomela bana ba bone sekao se se molemo. O ne a dira gore re bule ditemana tsa Baebele le go di bala mme re arabe dingwe tsa dipotso tsa konokono. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa basha ba re neng re ithuta le bone ba direla Jehofa ka boikanyegi le gompieno. Ee ruri, le rona re ne ra newa motheo o o nitameng wa gore re tswelele re rata Modimo.
Fa Dewey yo mmotlana a ntse a gola, o ne a go fitlhela go le thata go tshela mo lefelong le le kgotlaganeng jalo le bokgaitsadie ba babedi. Ka jalo ka 1940 o ne a tlhopha go tsamaya mme a tsenela bodiredi jwa bobulatsela le Mosupi yo mongwe. Kgabagare, o ne a nyala Audrey Barron. Ka jalo Audrey le ene o ne a rutilwe dilo tse dintsi ke batsadi ba me mme o ne a rata Mmè le Rre ka lorato lo logolo. Morago ga gore Dewey yo mmotlana a ye kwa kgolegelong ka 1944 ka ntlha ya boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete, o ne a tla go nna le rona ka nakonyana mo kolotsaneng ya rona e e kgotlaganeng.
Kwa kopanong e kgolo ya kwa St. Louis, Missouri, ka 1941, Mokaulengwe Rutherford o ne a bua ka tlhamalalo le rona bana ba dingwaga di le 5 go ya go 18, ba ba neng ba ntse mo karolong e e kgethegileng kwa pele. Nna le Edwena re ne re reeditse lentswe la gagwe le le ritibetseng, le le utlwalang sentle; o ne a tshwana le rre yo o lorato a laela bana ba gagwe kwa gae. O ne a kgothatsa batsadi jaana: “Gompieno Keresete Jesu o kokoantse batho ba gagwe ba kgolagano fa pele ga gagwe e bile ka tsela e e maatla o ba bolelela go laela bana ba bone ka tsela ya tshiamo.” O ne a oketsa ka gore: “Ba bolokeng kwa gae mme lo ba rute boammaaruri!” Se se itumedisang ke gore, batsadi ba rona ba ne ba dira jalo!
Kwa kopanong eo, re ne ra amogela bukana ya Jehovah’s Servants Defended, e e neng e tlhatlhoba dikgetsi tsa kgotlatshekelo tse Basupi ba ga Jehofa ba di fentseng, go akaretsa le tsa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya United States. Rre o ne a ithuta yone le rona re le lelapa. Re ne re sa itse gore re ne re baakanyediwa se se neng sa diragala dibeke di le mmalwa fela morago ga moo kwa Selma, Alabama.
Go Tlhaselwa ke Segopa Kwa Selma
Mo mosong wa tiragalo eo e e boifisang, Rre o ne a sa tswa go isa dikhopi tsa lekwalo le le tlhalosang ka tshwanelo ya rona ya semolao ya go tsweletsa bodiredi jwa rona pele re sireleditswe ke molao kwa molekgotleng yo mogolo, rratoropo le kwa mookameding wa mapodise kwa Selma. Le fa go ntse jalo, ba ne ba swetsa go re koba mo toropong.
Mo tshokologong ya maitseboa ao, banna ba batlhano ba ba tlhometseng ba ne ba goroga kwa kolotsaneng ya rona mme ba dira Mmè, nkgonne le nna batshwarwakananyo. Ba ne ba nna ba phuruphutsha sengwe le sengwe mo teng, ba batla sengwe se se belaetsang. Rre o ne a le ka kwa ntle mme ba ne ba mo laela go golega kolotsana mo koloing, ba ntse ba mo supile ka ditlhobolo ka nako eno yotlhe. Ka nako eo, ke ne ke sa tshoga. Go ne go tshegisa go bo banna bano ba akanya gore re kotsi mo e leng gore nna le nkgonne re ne ra khinkhinyega. Le fa go ntse jalo, re ne ra bona bomasisi jwa kgang fa Rre a re leba.
Fa re setse re le gaufi le go tsamaya, banna bano ba ne ba batla gore nna le Edwena re pagame le bone mo koloing ya bone. Rre a gana nnyaa ya banyana. O ne a bolela jaana: “Seo se tla direga ke sule!” Morago ga go tlotla ka gone lelapa la etsho le ne la letlelelwa go tsamaya mmogo, banna ba ba tlhometseng ba re setse morago ka koloi ya bone. Dikilometara di ka nna 25 kwa ntle ga toropo, ba ne ba re kaela gore re emise fa thoko ga tsela mme ba tsaya Mmè le Rre. Banna bano ba ne ba refosana go leka go ba tlhotlheletsa: “Tlogelang bodumedi joo. Boelang kwa polasing mme lo godise basetsana ba lona sentle!” Rre o ne a leka go ba bontsha mabaka mme ga retela.
Kgabagare monna mongwe o ne a re: “Tsamayang mme fa lo ka boela gape mo Kgaolong ya Dallas, re tla lo bolaya lotlhe!”
Re ne ra tsamaya diura di le mmalwa re gololesegile e bile re le mmogo gape, mme ra emisa koloi go robala. Re ne re kwadile dinomoro tsa koloi ya bone. Ka yone nako eo Rre o ne a begela Mokgatlho wa Watch Tower sengwe le sengwe se se diragetseng mme dikgwedi di le mmalwa moragonyana ba ne ba bona banna bao mme ba ba tshwara.
Go ya Kwa Sekolong sa Gileade
Edwena o ne a amogela taletso ya go tsenela tlelase ya bo7 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa South Lansing kwa New York ka 1946. Albert Schroeder, mongwe wa batlhatlheledi ba teng, o ne a umaka dinonofo tsa gagwe tse di molemo mo go yo e kileng ya nna molekane wa gagwe wa mmulatsela e bong Bill Elrod, yo ka nako eo a neng a dira kwa Bethele, kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn kwa New York.a Edwena le Bill ba ne ba simolola go itsane mme mo e ka nnang ngwaga morago ga go aloga kwa Gileade, ba ne ba nyalana. Ka dingwaga di le dintsi ba ne ba nna mo bodireding jwa nako e e tletseng, go akaretsa le go dira mmogo ka dingwaga di le tlhano kwa Bethele. Mme letsatsi lengwe ka 1959, Mokaulengwe Schroeder o ne a itsise setlhopha sa bo34 sa Gileade gore tsala ya gagwe e a e ratang thata ke rre wa mawelana, mosimane le mosetsana.
Fa ke ntse ke dira le batsadi ba me kwa Meridian kwa Mississippi, kwa bofelong jwa 1947, boraro jwa rona re ne ra amogela taletso ya go tsenela setlhopha sa bo11 sa Gileade. Re ne ra gamarega ka gonne go ya ka dingwaga tse di batlegang ke ne ke le monnye thata e bile Mmè le Rre ba ne ba godile thata. Go ne ga dirwa selo se se sa tlwaelegang mme ra amogela tshiamelo eo e e sa re tshwanelang ya thuto ya Baebele ya maemo a a kwa godimo.
Tiro ya Borongwa le Batsadi ba Me
Kabelo ya rona ya borongwa e ne ya nna kwa Colombia, kwa Amerika Borwa. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna go fitlha ka December 1949, mo go fetang ngwaga morago ga re aloga, fa re ne re goroga kwa Bogotá kwa legaeng la barongwa kwa boraro jwa rona re neng re setse re nna teng. Sa ntlha, Rre o ne a setse a konetse ka gore go ka nna motlhofo go ruta batho Seesemane go na le gore ene a ithute Se-Spain! Ee, go ne go na le diteko, mme fela, a bo masego a teng a ne a le magolo jang ne! Go ne go na le Basupi ba ba sa feteng lekgolo kwa Colombia ka 1949, mme gone jaanong ba feta 100 000!
Morago ga go dira kwa Bogotá ka dingwaga di le tlhano, Mmè le Rre ba ne ba romelwa kwa toropong ya Cali. Mo nakong eo, ka 1952, ke ne ka nyalana le Robert Tracy, morongwakanna kwa Colombia.b Re ne ra nna kwa Colombia go fitlha ka 1982, ka nako eo re ne ra abelwa kwa Mexico, kwa re sa leng re dira teng go fitlha jaanong. Kgabagare, ka 1968 batsadi ba me ba ne ba tshwanela ke go boela kwa United States gore ba bone tlhokomelo ya kalafi. Fa ba sena go fola, ba ne ba nna babulatsela ba ba kgethegileng gaufi le Mobile kwa Alabama.
Go Tlhokomela Batsadi ba Rona
Fa dingwaga di ntse di feta, Mmè le Rre ba ne ba simolola go tsofala mme ba ne ba tlhoka thuso e e oketsegileng le tlhokomelo. Ba ne ba abelwa go ya go dira gaufi le Edwena le Bill kwa Athens kwa Alabama morago ga go ikopela jalo. Moragonyana kgaitsadiarona e bong Dewey yo mmotlana o ne a akanya gore go tla nna molemo gore lelapa le nne mmogo kwa South Carolina. Ka jalo Bill o ne a fudusetsa lelapa la gagwe kwa Greenwood, go bapa le Mmè le Rre. Phetogo eno e e lorato e ne ya dira gore nna le Robert re kgone go tswelela pele ka tiro ya rona ya borongwa kwa Colombia, re itse gore batsadi ba rona ba tlhokometswe sentle.
Ka 1985 Rre o ne a tshwarwa ke seterouku se se neng sa mo tlogela a sa itse go bua e bile a sa kgone go tsoga. Re ne ra kopana re le lelapa go sekaseka gore re ka tlhokomela batsadi ba rona jang botoka. Go ne ga swediwa ka gore Audrey e tla nna ene a tlhokomelang Rre le gore nna le Robert re ka thusa ka go ba kwalela lekwalo beke le beke re ba kwalela maitemogelo a a kgothatsang le ka go eta gantsi kafa re ka kgonang ka teng.
Ke sa ntse ke gakologelwa sentle lekgetlho la bofelo fa ke etetse Rre. O ne a sa tlhole a kgona go bua sentle, mme fa re se na go mmolelela gore re boela kwa Mexico, o ne a kgona go bua lefoko le le lengwe morago ga go kgaratlha tota e bile a amegile maikutlo, “Adios! [Tsela tshweu!]” Ka seno re ne re itse gore mo pelong ya gagwe o ne a ema nokeng tshwetso ya rona ya go tswelela ka kabelo ya rona ya borongwa. O ne a tlhokafala ka July 1987 mme Mmè ene dikgwedi di le robongwe moragonyana.
Lekwalo le ke le amogetseng go tswa go nkgonne wa motlholagadi le sobokanya sentle kanaanelo e re nang le yone ka batsadi ba rona. “Ke rata boswa jwa me jo bogolo jwa Bokeresete thata e bile le ka motlha ga ke ise ke ikutlwe ke itumetse thata jaana ka go bo batsadi ba rona ba tlhophile go re godisa ka tsela e e farologaneng. Sekao sa bone sa tumelo e e maatla, go intsha setlhabelo le go ikanya Jehofa gotlhelele se dirile gore ke kgone go itshoka mo dinakong tse di thata mo botshelong jwa me.” Edwena o ne a konela jaana: “Ke leboga Jehofa ka batsadi ba ka lefoko le ka sekao ba neng ba re bontsha boitumelo jo re ka nnang le jone fa re dira gore matshelo a rona a ikaege ka go direla Modimo wa rona yo o lorato Jehofa.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
b Bona Tora ya Tebelo ya March 15, 1960, ditsebe 189-91 (ka Seesemane).
[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]
Lelapa looraFountain: (go tswa molemeng go ya mojeng) Dewey, Edwena, Winnie, Elizabeth, Dewey yo mmotlana; moja: Elizabeth le Dewey yo mmotlana mo lloring ya ga Henschel ya segoagoe (1937); fa tlase mo mojeng: Elizabeth a dira tiro ya go bontsha batho dipolakate a na le dingwaga di le 16