Itshwarele go Tswa Pelong
“Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.”—MATHAIO 18:35.
1, 2. (a) Moleofi mongwe yo o neng a itsege thata o ne a bontsha go anaanela Jesu jang? (b) Jesu o ile a reng fa a tsibogela seo?
GO KA direga gore e ne e le seaka, motho yo o neng o ka se akanye gore o ka mo fitlhela kwa legaeng la motho yo o ratang bodumedi. Fa e le gore batho bangwe ba ne ba garolwa pelo ke go mmona koo, se a neng a se dira se ne sa ba garola pelo le go feta. O ile a atamela monna wa maitsholo a maemo a a kwa godimo go gaisa botlhe mme a bontsha go anaanela ditiro tsa gagwe ka go mo tlhapisa dinao ka dikeledi tsa gagwe le go di phimola ka moriri.
2 Monna yoo, e bong Jesu, ga a ka a tenwa ke mosadi yono, “yo o neng a itsiwe mo motseng e le moleofi.” Mme Simone wa Mofarasai, ene yo go neng go tlilwe mo ntlong ya gagwe, o ne a tshwentswe ke gore mosadi yono ke moleofi. Jesu o ile a araba ka go mmolelela kgang ya banna ba babedi ba ba neng ba kolota moadimisi. Yo mongwe o ne a kolota madi a mantsi—a a ka lekanang tuelo ya modiri ya dingwaga tse pedi. Yo mongwe o ne a kolota nngwesomeng ya sekoloto seo—tuelo e e sa feteng ya dikgwedi tse tharo. Fa boobabedi ba sena go palelwa ke go duela, moadimisi o ile “a ba itshwarela ka bobedi a gololesegile.” Ga go pelaelo gore, yo o neng a itshwaretswe sekoloto se segolo o ne a na le lebaka le legolo la go leboga ka lorato. Fa Jesu a sena go amanya seno le bopelonomi jo mosadi yono a neng a mo diretse jone, o ile a oketsa ka molaomotheo ono: “Yo o itshwaretsweng go le gonnye, o rata go le gonnye.” Go tswa foo a raya mosadi yono a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.”—Luke 7:36-48.
3. Re tshwanetse go itshekatsheka eng?
3 Ipotse, ‘Fa nkabo ke le mosadi yono, kana ke le mo seemong se se tshwanang, a ke ne nka nna setlhogo ke sa itshwarele batho ba bangwe morago ga gore ke utlwelwe botlhoko jalo?’ O ka nna wa araba ka gore, ‘Legoka!’ Le fa go ntse jalo, a mme ruri o motho yo o ratang go itshwarela? A ke kafa o leng ka teng? A o iketleeletsa go dira jalo ka metlha, mme gone a batho ba bangwe ba ka go tlhalosa o le motho yo o ratang go itshwarela? Mma re sekaseke lebaka la go bo rotlhe re tshwanetse go tsaya kgang eno tsia thata.
Go Itshwarela—Le go Itshwarelwa
4. Re tshwanetse go dumela eng ka rona ka borona?
4 Jaaka fa o itse, ga o a itekanela. Fa o ne o ka bodiwa, o ne o ka dumela, gongwe e bile o ne o ka gakologelwa mafoko ano a ga Jesu a a mo go 1 Johane 1:8: “Fa re bua polelo e e reng: ‘Ga re na boleo,’ re a itimetsa mme boammaaruri ga bo yo mo go rona.” (Baroma 3:23; 5:12) Mo bathong ba bangwe, go nna le boleo go ka tswa go dirile gore ba dire maleo mangwe a a masisi. Tota le fa o itse gore ga o a dira maleo a a ntseng jalo, ruri go na le makgetlo a mantsi le ditsela tse dintsi tse ka tsone o ileng wa tlola melao ya Modimo—wa leofa. A ga go a nna jalo?
5. Ke eng se re tshwanetseng go se lebogela Modimo?
5 Ka gone, seemo sa gago se ka dumalana le tlhaloso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lefa lo ne lo sule mo ditlolong tsa lona le mo seemong sa go sa rupa sa nama ya lona, Modimo o ne wa lo tshedisa mmogo le ene [Jesu]. O ne wa re itshwarela ditlolo tsotlhe tsa rona ka bopelonomi.” (Bakolosa 2:13; Baefeso 2:1-3) Ela tlhoko mafoko a a reng, “wa re itshwarela ditlolo tsotlhe tsa rona.” Seno se akaretsa dilo di le dintsi. Mongwe le mongwe wa rona o na le lebaka le le molemo la go ikuela jaana jaaka Dafide: “Ka ntlha ya leina la gago Jehofa, o tle o itshwarele boikepo jwa me, gonne bo bogolo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Pesalema 25:11.
6. Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone malebana le Jehofa le boitshwarelo?
6 Wena—kgotsa ope fela wa rona—o ka bona jang boitshwarelo? Selo se se thusang ke gore Jehofa Modimo o rata go itshwarela. Ke kafa botho jwa gagwe bo leng ka teng. (Ekesodo 34:6, 7; Pesalema 86:5) Go a utlwala he go bo Modimo a batla gore re retologele kwa go ene ka thapelo mme re mo kope gore a re itshwarele. (2 Ditirafalo 6:21; Pesalema 103:3, 10, 14) E bile o dirile gore go nne le thulaganyo ya semolao ya go re itshwarela jalo—setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.—Baroma 3:24; 1 Petere 1:18, 19; 1 Johane 4:9, 14.
7. O tshwanetse go lwela go etsa Jehofa mo go eng?
7 Tsela e Modimo a ratang go itshwarela ka yone e tshwanetse ya go bontsha kafa o tshwanetseng go tshwara batho ba bangwe ka teng. Paulo o ile a bua thata ka seno ka go kwala jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.” (Baefeso 4:32) Ga go pelaelo gore kgang ya ga Paulo e akaretsa go ithuta mo sekaong sa Modimo, ka gonne temana e e latelang e tswelela e re: “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) A o kgona go bona kafa go amanang ka teng? Jehofa Modimo o go itshwaretse, ka jalo—Paulo o gatelela gore—o tshwanetse go Mo etsa mme o nne ‘pelotlhomogi ka tlekeetso, o itshwarele [batho ba bangwe] o gololesegile.’ Mme ipotse, ‘A ke a go dira? Fa e le gore ga ke a tlwaela go dira jalo, a ke kgaratlhela go go dira, ke iteka ka natla gore ke etse Modimo mo go itshwareleng?’
Re Tshwanetse go Lwela go Nna Batho ba ba Itshwarelang
8. Re tshwanetse go lemoga eng malebana le batho ba ba mo phuthegong ya rona?
8 Go ne go ka nna monate fa mo phuthegong ya Bokeresete go ne go ka bo go sa tlhokege gore re age re tshwanelwa ke go latela tsela ya bomodimo ya go itshwarela ba bangwe ka makgetlo a mantsintsi. Mme ga go a nna jalo. Ke boammaaruri gore, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba kgaratlhela go latela tsela ya ga Jesu ya lorato. (Johane 13:35; 15:12, 13; Bagalatia 6:2) Ba feditse nako e ntsi ba lwela, e bile ba sa ntse ba lwela, go tlogela tsela ya go akanya, ya go bua le ya go dira dilo e e anameng thata mo lefatsheng leno le le boikepo. Ruri ba batla go bontsha botho jo bosha. (Bakolosa 3:9, 10) Le fa go ntse jalo, re ka se itlhokomolose kgang ya gore phuthego ya lefatshe lotlhe le diphuthego tsotlhe tsa rona, di dirilwe ka batho ba ba sa itekanelang. Bontsi jwa bone ba botoka thata go feta pele, mme gone, ba sa ntse ba sa itekanela.
9, 10. Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa go tsoga mathata gareng ga bakaulengwe?
9 Mo Baebeleng, Modimo o re bolelela ka tlhamalalo gore re ka lebelela bosaitekanelang mo bakaulengweng le bokgaitsading ba rona mo phuthegong. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a ga Paulo a a kwadilweng mo go Bakolosa 3:13: “Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa ope a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.”
10 Baebele fano e re gopotsa ka kamano e e leng teng gareng ga tsela e Modimo a re itshwarelang ka yone le boikarabelo jo re nang le jone jwa go itshwarela ba bangwe. Ke eng fa seno se se motlhofo? Ka gonne Paulo o ne a dumela gore motho a ka nna “le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” O ne a itse gore go ne go ka tlhaga dilo tse di ntseng jalo. Di tshwanetse tsa bo di ne di le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tota le e leng mo Bakereseteng ba “baitshepi” ba ba neng ba na le ‘tsholofelo e ba e beetsweng kwa magodimong.’ (Bakolosa 1:2, 5) Ka jalo a re ka lebelela gore dilo di nne ka tsela e sele gompieno moo bontsi jwa Bakeresete e seng ba ba supelwang ke moya gore ke “bakgethiwa ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang”? (Bakolosa 3:12) Ka gone, ga re a tshwanela go akanya gore dilo di maswe thata fa go nna le dilo tse di dirang gore motho a ngongorege mo phuthegong ya rona—kutlobotlhoko e e bakwang ke diphoso tsa mmatota kana tse e seng tsa mmatota.
11. Morutwa Jakobe o ile a re lemotsha eng?
11 Mafoko a ga morwarraagwe Jesu ka mmaagwe e bong Jakobe le one a bontsha gore re tshwanetse go lebelela gore ka dinako tse dingwe re tla kopana le maemo a a re tlhokang gore re itshwarele bakaulengwe ba rona. “Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemomogolo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale. Mme fa lo na le lefufa le le bogalaka le manganga mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha lwa ba lwa akela boammaaruri.” (Jakobe 3:13, 14) “Lefufa le le bogalaka le manganga” mo dipelong tsa Bakeresete ba boammaaruri? Ee, mafoko a ga Jakobe a bontsha sentle gore go ne go tle go nne jalo mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga e bile go tla nna jalo le gompieno.
12. Go ne ga tsoga bothata bofe mo phuthegong ya bogologolo ya Filipi?
12 Sekai sa teng sa mmatota se amana le Bakeresete ba babedi ba ba tloditsweng ba ba neng ba itiretse leina le le molemo la go dira mmogo le Paulo ka natla. O ka tswa o gopola gore o kile wa bala ka Yudia le Sentike ba phuthego ya Filipi. Le fa Bafilipi 4:2, 3 e sa tlhalose dintlha ka botlalo, e bontsha gore go ne ga tsoga bothata gareng ga bone. A bo ka tswa bo simolotswe ke gore yo mongwe o ile a bua makgwakgwa le yo mongwe, kana yo mongwe a akanya gore yo mongwe ga a nna pelonomi mo go wa losika lwa gagwe, kana a go ile ga nna le moya wa go gaisana o o tsosang lefufa? Le fa bo ka tswa bo bakilwe ke eng, bo ne jwa nna masisi thata jaana mo Paulo a neng a bo utlwalela a le kgakalakgakala kwa Roma. Bokgaitsadi bano ba babedi ba semoya ba ka tswa ba ile ba feleletsa ba sa buisane, mo go neng ga dira gore ba tlhokomologane kwa dipokanong kana ba buane bosula mo ditsaleng tsa bone.
13. Kgang ya ga Yudia le Sentike e ka tswa e ile ya rarabololwa jang, mme seno se re ruta eng?
13 A sengwe sa dilo tseno se ka tswa se tsamaisana le se o se itseng, se se tshwanang le se se diragaletseng bangwe mo phuthegong ya gaeno kgotsa gongwe e bile e le se se go amang? Tota le gone jaanong go ka tswa go na le bothata jo bo ntseng jalo ka tsela nngwe. Ke eng se re ka se dirang? Paulo mo tiragalong eno ya bogologolo o ile a kgothaletsa bokgaitsadi bao ba babedi ba ba ineetseng gore “ba nne ba mogopolo o o tshwanang mo Moreneng.” Ba ka tswa ba ile ba dumela go tlotla ka kgang eo, go e rarabolola, ba bontsha fa ba rata go itshwarelana mme ka go dira jalo ba etsa boikutlo jwa ga Jehofa jwa go rata go itshwarela. Ga re na lebaka la go se dumele gore Yudia le Sentike ba ne ba atlega, mme le rona re ka atlega. Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go itshwarela bo ka dirisiwa ka katlego gompieno.
Agisana—Itshwarele
14. Ke eng fa gantsi go ka kgonega e bile go le botoka gore lo iphapaanye le kgang fa lo na le kgotlhang?
14 Tota ke eng se se ka go thusang go itshwarela Mokeresete yo mongwe fa o na le bothata le ene? Boammaaruri ke gore, ga go na tsela e e motlhofo ya go dira jalo, mme gone, Baebele e re neela dikai tse di molemo le kgakololo e e thusang. Selo se se botlhokwa se o ka se dirang—le fa gone go se motlhofo go se amogela le go se dira—ke go lebala kgang eo, o e iphapaanya. Gantsi fa bothata bo tsoga, jaaka go diregile mo kgannyeng ya ga Yudia le Sentike, mongwe le mongwe o akanya gore yo mongwe ke ene yo o leng phoso thata kana yo o molato. Ka jalo, mo kgannyeng e e ntseng jalo, o ka nna wa akanya gore Mokeresete yo mongwe ke ene yo o molato thata kana gore ke ene yo o sentseng dilo thata. Le fa go ntse jalo, ke eng fa o sa iphapaanye kgang eo ka go mo itshwarela? O tshwanetse go lemoga gore fa e le gore Mokeresete yo mongwe ke ene a leng molato thata—kana e bile go ka nna ga bo go se jalo—ke wena yo o leng mo boemong jo bo siameng jwa go fedisa kgang eo ka go e iphapaanya, o mo itshwarela.
15, 16. (a) Mika o ile a tlhalosa Jehofa jang? (b) Go bolelwang fa go twe Modimo o ‘iphapaanya le tlolo’?
15 A re se lebale sekao sa Modimo mo kgannyeng ya go itshwarela. (Baefeso 4:32–5:1) Mika o ile a kwala jaana fa a tlhalosa kafa A nang le go iphapaanya diphoso ka teng: “Ana Modimo o o tshwanang nao ke ofe, o o itshwarelang boikepo, o iphapaanye le tlolo ya masalela a boswa ja one? Ga o tshegetse bogale jwa one ka bosakhutleng, ka o rata boutlwelobotlhoko.”—Mika 7:18.
16 Fa Baebele e re Jehofa o ‘iphapaanya le tlolo’ ga e bolele gore ga a kgone go gopola maleo, jaaka e kete o tla a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka tsela nngwe. Akanya ka kgang ya ga Samesone le Dafide, ba ka bobedi ba ileng ba dira diphoso tse di masisi. Modimo o ile a nna a gopola maleo ao lobaka lo loleele morago ga foo; tota e bile le rona re itse mangwe a maleo a bone ka gonne Jehofa a dirile gore a kwalwe mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona yo o itshwarelang o ile a nna kutlwelobotlhoko mo bobeding joo, a re tlhomela sekai ka bone gore re etse tumelo ya bone.—Bahebera 11:32; 12:1.
17. (a) Ke maikutlo afe a a ka re thusang go iphapaanya diphoso kana melato ya ba bangwe? (b) Fa re leka go dira jalo, re tla bo re etsa Jehofa jang? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
17 Ee, Jehofa o ile a kgona go ‘iphapaanya’a ditlotlo fela jaaka Dafide a ile a nna a mo kopa go dira jalo gangwe le gape. (2 Samuele 12:13; 24:10) A re ka etsa Modimo mo go seno, re iketleeletsa go iphapaanya diphoso le melato e batlhankakarona ba re direlang yone ka ntlha ya go bo ba sa itekanela? Akanya o le mo sefofaneng se se tlogang se tlhatloga ka lobelo. Fa o gadima kwa ntle, o bona motho yo o mo itseng a go nyunyuetsa. O a itse gore o ntse a go kgotswetse ka jalo a ka tswa a nyunyuetsa wena. Kgotsa go ka nna ga bo go sa nna jalo. Mme gone, fa sefofane se ntse se tlhatloga, se a mo katoga, mme jaanong o sala a le monnye a sa bonale. Mo lobakeng lwa ura, o setse o mo katogile ka dikilometara di le makgolokgolo e bile o setse o lebetse go nyunyuetsa ga gagwe. Ka tsela e e tshwanang, gantsi re ka kgona go itshwarela motho fa re leka go etsa Jehofa mme re iphapaanya se a re kgopisitseng ka sone. (Diane 19:11) A molato o a go diretseng one ga o ne o nna jaaka selonyana se sennye dingwaga di le lesome tse di tlang kana tse di makgolo a mabedi fa re setse re le mo Mileniamong? Ke eng fa bogolo o sa o iphapaanye?
18. Fa go bonala re sa kgone go iphapaanya molato, ke kgakololo efe e re ka e dirisang?
18 Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe o ka tswa o ile wa rapelela kgang eo e bile o ile wa leka go mo itshwarela, mme o ikutlwa gore ga o kgone. O ka dirang? Jesu o ile a kgothaletsa gore motho a ye kwa mothong yoo mme a leke go rarabolola kgang le ene ba le babedi fela gore go nne le kagiso. “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa pesetsong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga pesetso, mme o tsamaye; pele agisanya le morwarraago, mme go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”—Mathaio 5:23, 24.
19. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe mme ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo tila fa re leka go agisana le mokaulengwe wa rona?
19 Selo sa botlhokwa ke gore, Jesu ga a ka a re o ye kwa mokaulengweng wa gago go ya go mo kgona ka mabaka gore a dumele gore o ne o se phoso mme ke ene yo o neng a le phoso. Gongwe o ne a le phoso. Go ka direga thata gore lo ne lo le phoso loobabedi. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, boikaelelo jwa gago ga ya tshwanela go nna go batla gore yo mongwe a dumele molato, a ineele jaaka fa go ka tualo. Fa e le gore o tla bua le ene ka tsela eo, ruri ga o kitla o atlega. E bile boikaelelo ga ya tshwanela go nna gore lo tlhalose ntlha nngwe le nngwe ya phoso e e dirilweng kana e go akanngwang gore e dirilwe. Fa motlotlo wa lona o o ritibetseng o o dirwang ka moya wa lorato lwa Bokeresete o senola gore bothata bo bakilwe ke go bo lo ile lwa se ka lwa tlhaloganyana sentle, lo ka kgona go rarabolola kgang eo loobabedi. Tota le fa lo feleletsa lo sa dumalane, a ka metlha go a tlhokega gore lo dumalane? A go ne go ka se nne botoka fa bobotlana o dumela gore loobabedi lo leka go direla Modimo wa rona yo o itshwarelang? Fa lo gopola seo, go ka nna motlhofo gore mongwe le mongwe wa lona a bue jaana mo pelong, “Ke maswabi go bo bosaitekanelang jwa rona bo dira gore re nne le kgotlhang eno. Tsweetswee, a re e lebale.”
20. Re ka ithuta eng mo sekaing sa baaposetoloi?
20 Se lebale gore baaposetoloi le bone ba ne ba tle ba nne le go se utlwane go go jaaka ga fa ba bangwe ba bone ba ne ba batla go nna le maemo a magolwane. (Mareko 10:35-39; Luke 9:46; 22:24-26) Seo se ne se baka dikgotlhang, kutlobotlhoko kana go kgopisana. Mme gone, ba ne ba kgona go iphapaanya dikgotlhang tseo mme ba bo ba tswelela ba dira mmogo. Mongwe wa bone o ile a kwala jaana moragonyana: “Yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo go se se bosula le dipounama tsa gagwe mo go bueng tsietso, mme a a hularele se se bosula a ba a dire se se molemo; a a senke kagiso mme a e latelele.”—1 Petere 3:10, 11.
21. Jesu o ile a ntsha kgakololo efe e e botlhokwa malebana le go itshwarela?
21 Pelenyana re ile ra lemoga ntlha eno: Modimo o re itshwaretse maleo a mantsi a re a dirileng mo nakong e e fetileng, ka jalo re tshwanetse go mo etsa mme re itshwarele bakaulengwe ba rona. (Pesalema 103:12; Isaia 43:25) Mme go na le ntlha e nngwe gape. Fa Jesu a sena go neela thapelo ya sekao, o ile a re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela.” Mo lobakeng lo lo fetang ngwaga moragonyana o ile a boa a gatelela seno, a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” (Mathaio 6:12, 14; Luke 11:4) Jesu o ile a oketsa jaana malatsi a sekae pele ga loso lwa gagwe: “Fa lo ema lo rapela, itshwareleng motho lefa e le eng se lo leng kgatlhanong le ene ka sone; e le gore Rraalona yo o kwa magodimong le ene a tle a lo itshwarele ditlolo tsa lona.”—Mareko 11:25.
22, 23. Go iketleeletsa go itshwarela ba bangwe ga rona go ka ama jang isagwe ya rona?
22 Ee, re ka lebelela gore Modimo a nne a re itshwarele fa fela re iketleeditse gore le rona re itshwarele bakaulengwe ba rona. Fa go tsoga kgotlhang gareng ga Bakeresete, ipotse, ‘A go itshwarelwa ke Modimo ga go botlhokwa thata go feta go leka go bontsha mokaulengwe kana kgaitsadi gore o molato ka go ntirela phoso e e sa reng sepe, go nkgopisa kana selo sepe fela se se supang bosaitekanelang?’ O itse karabo.
23 Mme go tweng fa e le gore kgang e masisi thata, ga se kgang fela ya go kgopisana kana bothata jo bonnye? Mme ke leng go tlhokegang gore re dirise kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Mathaio 18:15-18? A re sekaseke seo mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokanoki mongwe o bolela gore tshwantshiso ya Sehebera e e dirisitsweng mo go Mika 7:18 e “tserwe go tswa mo tseleng e ka yone motsamai a nang le go feta selo se a sa batleng go se leba. Ga e neye kgopolo ya gore Modimo o itlhokomolosa boleo kana gore o bo tlhaetsa matlho, go na le moo, e naya kgopolo ya gore Modimo ga a nnele go tshwaya boleo bongwe le bongwe ka boikaelelo jwa gore a tle go bo otlhaela motho; gore ga a bo otlhaele go na le moo o a itshwarela.”—Baatlhodi 3:26; 1 Samuele 16:8.
A o A Gakologelwa?
◻ Jehofa o re tlhomela sekao jang mo kgannyeng ya go itshwarela?
◻ Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala ka batho ba ba mo phuthegong ya rona?
◻ Gantsi, ke eng se re tshwanetseng go kgona go se dira malebana le diphoso le melato ya ba bangwe?
◻ Fa go tlhokega, ke eng se re ka se dirang gore re agisane le mokaulengwe wa rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa o nna le kgotlhang le Mokeresete yo mongwe, leka go e iphapaanya; fa nako e ntse e ya kgang e tla fokotsega