Basha—Ganang Moya wa Lefatshe
“Jaanong re ne ra amogela, e seng moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.”—1 BAKORINTHA 2:12.
1, 2. (a) Ke pharologano efe e e bonalang gareng ga basha ba lefatshe le basha ba ba mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa? (b) Bontsi jwa basha ba Basupi ba tshwanelwa ke kakgolo efe e e molemo?
“BASHA ba rona ba kotlomane dipelo, ba tlhokomologilwe mme ba fetogile diganana.” Go ne ga rialo lokwalodikgang lwa Australia lwa The Sun-Herald. Lo ne lwa oketsa jaana: “Dipego tsa dikgotlatshekelo di supa fa palo ya basha ba ba tlang go sekisediwa melato e e masisi ya go tlhasela batho e oketsegile ka diperesente di le 22 [fa go bapisiwa le ngogola] . . . Basha ba ipolaya ka selekanyo se se oketsegileng gararo fa e sa le ka dingwaga tsa magareng tsa bo1960 . . . Mme kgang ya go sa atamalana ga basha le bagolo e fetogile bothata jo bogolo jo bo dirang gore dipalo tse dikgolo tsa basha di ineele mo diokobatsing, mo bojalweng le go itshenya.” Le fa go ntse jalo, seno ga se direge mo nageng e le nngwe fela. Mo lefatsheng lotlhe, batsadi, barutabana le badiredi ba tsa boitekanelo jwa tlhaloganyo ba hutsafadiwa ke maemo a basha ba leng mo go one.
2 A bo go na le pharologano e kgolo jang ne gareng ga bontsi jwa basha ba gompieno le basha ba ba molemo ba ba fitlhelwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa! Ga se gore bone ba itekanetse. Le bone ba tshwanelwa ke go lwa le “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Mme gone, basha bano ba le setlhopha, ba tsere tshwetso ya bopelokgale ya go dira se se siameng mme ga ba ineelele go fekeediwa ke dikgatelelo tsa lefatshe. Re lo akgola ka pelo yotlhe lona basha botlhe ba ba fenyang mo ntweng e lo e lwang kgatlhanong le “maano a boferefere” a ga Satane! (Baefeso 6:11) Jaaka moaposetoloi Johane, re tlhotlheletsega go bua jaana: “Ke kwalela lona, makau [le makgarebe], ka gonne lo nonofile mme lefoko la Modimo le ntse mo go lona mme lo fentse yo o boikepo.”—1 Johane 2:14.
3. Lefoko “moya” le ka kaya eng?
3 Le fa go ntse jalo, gore lo tswelele pele lo fenya mo ntweng e lo e lwang kgatlhanong le yo o bosula, lo tshwanetse go nna lo kgaratlha kgatlhanong le se Baebele e se bitsang gore ke “moya wa lefatshe.” (1 Bakorintha 2:12) Go ya ka buka nngwe ya Segerika, “moya” o ka kaya “tshekamelo kana tlhotlheletso e e tletseng mo mothong kana e e mo laolang.” Ka sekai, fa o lemoga gore motho o rata go tatalala, o ka nna wa re o na le “moya” o o sa siamang. “Moya” wa gago, tshekamelo ya gago kana tsela ya gago ya go akanya e tlhotlheletsa ditshwetso tse o di dirang; e tlhotlheletsa ditiro tsa gago le tsela ya gago ya go bua. Selo se se kgatlhang ke gore, motho ka namana kana batho ba le setlhopha ba ka nna le “moya” o o rileng. Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela setlhopha sa Bakeresete jaana: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena Jesu Keresete bo nne le moya o lo o bontshang.” (Filemone 25) Mme gone, lefatshe le na le moya o o ntseng jang? E re ka “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” e bong Satane Diabolo, moya wa lefatshe o ka se ka wa bo o le molemo, a ga go jalo?—1 Johane 5:19.
Go Lemoga Moya wa Lefatshe
4, 5. (a) Batho ba phuthego ya kwa Efeso ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya ofe pele ga e nna Bakeresete? (b) Ke mang yo e leng “mmusi wa taolo ya moya wa loapi,” mme “moya” ono ke eng?
4 Paulo o ile a kwala jaana: “Ke lona ba Modimo o neng wa lo tshedisa lefa lo ne lo sule mo ditlolong tsa lona le maleo, tse ka nako nngwe lo neng lo tsamaya mo go tsone go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya wa loapi, moya o jaanong o dirang mo barweng ba botlhokakutlo. Ee, gareng ga bone rotlhe ka nako nngwe re ne re itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya rona, re dira dilo tse di ratwang ke nama le dikakanyo, mme ka tlholego re ne re le bana ba tšhakgalo le eleng jaaka ba bangwe botlhe.”—Baefeso 2:1-3.
5 Pele Bakeresete ba Efeso ba ithuta tsela ya Bokeresete, e ne e ntse e le balatedi ba “mmusi wa taolo ya moya wa loapi,” e bong Satane Diabolo ba sa lemoge. “Moya” oo ga se lefelo lengwe la mmatota koo Satane le badimona ba gagwe ba nnang gone. Ka nako ya fa Paulo a ne a kwala mafoko ano, Satane Diabolo le badimona ba gagwe ba ne ba sa ntse ba tle ba ye kwa legodimong. (Bapisa Jobe 1:6; Tshenolo 12:7-12.) Lefoko “moya” le kaya tsela ya go akanya e e anameng mo lefatsheng la ga Satane. (Bapisa Tshenolo 16:17-21.) Fela jaaka moya o re o hemang, moya ono o fitlhelwa gongwe le gongwe.
6. “Taolo ya moya wa loapi” ke eng, mme e laola bontsi jwa basha jang?
6 Mme “taolo ya moya wa loapi,” ke eng? Go bonala fa seno se kaya tsela e “moya” ono o tlhotlheletsang batho ka yone. Paulo o ile a re moya ono o ‘dira mo barweng ba botlhokakutlo.’ Ka jalo moya wa lefatshe o tsala moya wa botlhokakutlo le botsuolodi, mme kgatelelo ya balekane ke tsela e nngwe e o laolang batho ka yone. Mosetsana mongwe wa Mosupi a re: “Fa o le kwa sekolong, batho botlhe ba go tlhotlheletsa go nna manganga go sekae. Basha ba bangwe ba a go tlotla fa o nna jalo.”
Ditsela Tse Moya wa Lefatshe o Itshupang ka Tsone
7-9. (a) Umaka dingwe tsa ditsela tse moya wa lefatshe o itshupang ka tsone mo basheng gompieno. (b) A o lemogile dingwe tsa dilo tseno mo lefelong la lona?
7 Ke ditsela dife tse moya wa lefatshe o itshupang ka tsone mo basheng gompieno? Go se ikanyege le go tsuologa. Pego nngwe ya makasine e bolela gore diperesente tse di fetang 70 tsa baithuti ba basha ba kholetšhe le ba ba tlogang ba aloga ba ile ba bolela gore ba ile ba tsietsa ka nako ya fa ba tsena sekolo se segolo. Lonyatso, go ngongola le puo e e leswe le tsone di aname. Ke boammaaruri gore nako nngwe Jobe le moaposetoloi Paulo ba ile ba dirisa se batho bangwe ba ka se tsayang e le go ngongola ka nako ya fa ba ne ba galefile ka kgalefo e e tshwanetseng. (Jobe 12:2; 2 Bakorintha 12:13) Le fa go ntse jalo, go ngongola go go setlhogo go bontsi jwa basha ba tleng ba go dirise go tshwana fela le go gobolola.
8 Boitapoloso jo bo feteletseng le jone ke tsela e nngwe e moya wa lefatshe o itshupang ka yone. Mafelo a go tansa a basha, diphathi tse di leratla,a le mekgwa e mengwe e e feteletseng ya boitlhapediso di aname thata mo basheng gompieno. Go feteletsa dilo mo moaparong le go ikgabisa le gone go aname fela jalo. Basha ba le bantsi gompieno ba ikamanya le moya wa lefatshe wa go tsuologa ka go apara diaparo tse di maburabura le ka difeshene tse di gakgamatsang, tse di jaaka go iphunyaka mo mmeleng. (Bapisa Baroma 6:16.) Tsela e nngwe ke go rata dikhumo. Go ya ka lokwalopaka longwe lwa thuto, “bagwebi ba tlhakanya basha tlhogo ka mekgwa e mentsintsi ya go bapatsa le go rekisa didirisiwa [tsa mefutafuta].” Fa basha ba United States ba aloga mo sekolong se segolo, ba tla bo ba setse ba bone dipapatso tsa thelebishene di le 360 000. Le wena balekane ba gago ba ka nna ba go gatelela gore o reke. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 14 a re: “Botlhe fela ba go botsa gore, ‘Leina la jeresi, baki kana bokate ya gago ke mang?’”
9 Fa e sa le mo metlheng ya Baebele, mmino o o sa siamang e ile ya nna selo se Satane a se dirisang go rotloetsa boitshwaro jo bo maswe. (Bapisa Ekesodo 32:17-19; Pesalema 69:12; Isaia 23:16.) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo mmino o o tletseng ka mafoko a a hepisang, matlhapa kana moribo o o feteletseng, o aname thata jaana. Mme tsela e nngwe gape e moya wa lefatshe leno o itshupang ka yone ke boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 6:9-11) The New York Times e bega jaana: “Tlhakanelodikobo mo basheng e setse e fetogile selo se motho a se dirang gore a tsewe sentle ke balekane . . . Basha ba ba fetang peditharong ba ba tlogang ba aloga mo sekolong se segolo ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo.” Setlhogo sengwe sa The Wall Street Journal se ile sa umaka bosupi jo bo bontshang gore bana ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 12 ba setse “ba itse go tlhakanela dikobo.” Mogakolodi mongwe wa sekolo yo o sa tswang go tsena mo pensheneng a re: “Re setse re bona basha ba sekae ba mophato wa botlhano ba imile.”b
Go Gana Moya wa Lefatshe
10. Basha bangwe ba ba tswang mo malapeng a Bokeresete ba ile ba ineela jang mo moyeng wa lefatshe?
10 Ka maswabi, basha bangwe ba Bakeresete ba ineetse mo moyeng wa lefatshe. Mosetsana mongwe wa Mojapane o dumela jaana: “Ke ne ke le motho yo o itshwereng sentle mo batsading ba me le mo Bakereseteng ba bangwe. Mme gape ke ne ke tshela ka boitimokanyi.” Mosha mongwe wa kwa Kenya a re: “Ke ne ka fetsa nakonyana ke tshela ka boitimokanyi, e leng se se neng se akaretsa diphathi, mmino wa roko le go nna le ditsala tse di sa siamang. Ke ne ke itse gore go dira jalo go phoso, mme gone ke ne ka leka go itlhokomolosa dilo, ke solofela gore fa nako e ntse e ya go tla kgaotsa. Mme go ne ga se ka ga nna jalo. Dilo di ne tsa senyegela pele.” Mosha yo mongwe wa kwa Jeremane a re: “Dilo di ile tsa senyega fa ke ne ke nna le ditsala tse di sa siamang. Go tswa foo ka simolola go goga. Ke ne ke batla go utlwisa batsadi ba me botlhoko, mme ga utlwa nna botlhoko.”
11. Kalebe o ne a kgona jang go se itetle go tlhotlhelediwa ke bontsi fa ditlhodi tse di lesome di ne di tla ka pego e e sa itumediseng?
11 Le fa go ntse jalo, go a kgonega gore motho a ka gana moya wa lefatshe. Akanya ka sekai sa bogologolo sa ga Kalebe. Fa ditlhodi tse di lesome tsa magatlapa di ne di tla ka pego e e sa itumediseng malebana le Naga e e Solofeditsweng, ene le Joshua ba ile ba se ka ba ineelela go tlhotlhelediwa ke bontsi. Ba ile ba bua jaana ka bopelokgale: “Lefatshe le re le raletseng re le tlhola, ke lefatshe le le molemo o o feteletseng. Fa Jehofa a itumela mo go rona, o tlaa re fitlhisa mo lefatsheng leo, o tlaa le re naya; ke lefatshe le le elang maši le dinotshe.” (Dipalo 14:7, 8) Ke eng se se ileng sa thusa Kalebe go emelana le kgatelelo eo? Jehofa o ile a bua jaana ka Kalebe: ‘O ne a na le mowa o sele.’—Dipalo 14:24.
Go Nna le “Mowa o Sele”
12. Ke eng fa go le botlhokwa gore o bontshe go nna le “mowa o sele” malebana le tsela ya gago ya go bua?
12 Gompieno go tlhoka motho bopelokgale le nonofo go nna le “mowa o sele,” kana tsela e sele ya go akanya—e e sa tshwaneng le ya lefatshe. Tsela e nngwe ya go dira jalo ke go tila tsela ya go bua ya go ngongola le ya lonyatso. Selo se se kgatlhang ke gore, lefoko la Seesemane la “go ngongola” le tserwe mo lediring la Segerika le totatota le kayang “go gagolaka nama jaaka dintša.” (Bapisa Bagalatia 5:15.) Fela jaaka meno a ntša a kgona go gagolaka nama mo lerapong, “metlae” ya go ngongola le yone e ka gagolaka seriti sa ba bangwe. Mme gone Bakolosa 3:8 e lo gakolola gore lo “di tloseng tsotlhe tota mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e bifelesegang e e tswang mo molomong wa lona.” Diane 10:19 yone e bolela jaana: “Mo bontsing jwa mafoko ga go ko go tlhokafala tlolo, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o botlhale.” Fa mongwe a go tlhapatsa, nna le boikgapo mme o ‘lebise lerama le lengwe kwa go ene,’ gongwe ka go bua le ene kwa thoko o ritibetse maikutlo le ka kagiso.—Mathaio 5:39; Diane 15:1.
13. Basha ba ka bontsha tekatekano jang malebana le go nna le dithoto?
13 Tsela e nngwe e o ka bontshang “mowa o sele” ka yone ke ka go nna le pono e e lekalekaneng ka dithoto. Ke boammaaruri gore, ke ga tlholego go batla go nna le dilo tse dintle. Jesu Keresete ka boene go bonala fa bobotlana a ne a na le seaparo se le sengwe sa maemo. (Johane 19:23, 24) Le fa go ntse jalo, fa o simolola go lemalela go nna le dithoto mme ka metlha o nna o emelela batsadi ba gago gore ba go rekele dilo tse ruri ba ka se di kgoneng kana fa e le fela gore o batla go etsa basha ba bangwe, he e ka tswa e le gore moya wa lefatshe o simolola go go laola thata o sa lemoge. Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone—ga se thaege mo go Rara, mme se thaega mo lefatsheng.” Ee, o se ka wa ineelela go laolwa ke moya wa lefatshe leno wa go rata dithoto! Ithute go kgotsofalela se o nang naso.—1 Johane 2:16; 1 Timotheo 6:8-10.
14. (a) Batho ba Modimo ba ne ba bontsha go se nne tekatekano jang malebana le boitapoloso mo motlheng wa ga Isaia? (b) Ke dikotsi dife tse basha bangwe ba Bakeresete ba ileng ba kopana le tsone kwa mafelong a go tansa le kwa diphathing tse di modumo?
14 Go boloka boitapoloso mo maemong a jone le gone go botlhokwa. Moporofeti Isaia o ile a bolela jaana: “Ija, a bo go latlhega ba ba phakelelang go latela bojalwa jo bo loileng, ba tsenelwa ke bosigo thata go tsamaya bo bo bo ba gotetse! Mme diletso tsa harepe le setinkane, moropana le lohare di na le bojalwa, di mo meletlong ya bone; mme ba bo ba sa tlhokomele tiro ya ga Jehofa, le gone ga ba a gopola go dira ga diatla tsa gagwe.” (Isaia 5:11, 12) Ka maswabi, basha bangwe ba Bakeresete ba inaakantse le diphathi tse di ntseng jalo tse di modumo. Fa setlhopha sengwe sa basha ba Bakeresete se ne se kopiwa gore se tlhalose gore go diragalang kwa mafelong a go tansa a basha, kgaitsadi mongwe yo mosha o ile a re: “Go a lowa ka metlha. Ke ile ka iphitlhela ke le fa gare ga tsone.” Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a oketsa jaana: “Go a nowa, go a gogwa, jalo le jalo.” Mokaulengwe yo mongwe yo mosha o ile a dumela jaana: “Batho ba a tagwa. Ba itshwara fela jaaka dieleele! Go jewa le diokobatsi. Go dirwa dilo tse dintsi tse di maswe. Fa o ya teng o bo o akanya gore ga o ne o amiwa ke tsone, o a itsietsa.” Ke ka lebaka le le utlwalang he go bo Baebele e bolela fa “mediro ya ditlhapelo,” kana “diphathi tse di modumo” e le nngwe ya “ditiro tsa nama.”—Bagalatia 5:19-21; Byington; Baroma 13:13.
15. Baebele e na le pono efe e e lekalekaneng ka boitapoloso?
15 Ga se gore fa o tila boitapoloso jo bo sa siamang o tla tshela botshelo jo bo sa itumediseng. Re obamela “Modimo o o itumetseng,” o o batlang gore o itumelele bosha jwa gago! (1 Timotheo 1:11; Moreri 11:9) Mme gone, Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o ratang letlhapelo [“boitlosobodutu,” Lamsa] o tlaa nna mohumanegi.” (Diane 21:17) Ee, fa o dira gore boitapoloso e nne selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa gago, o tla humanega semoyeng. Ka jalo, dirisa melaometheo ya Baebele fa o tlhopha boitapoloso. Go na le ditsela tse dintsi tse o ka ijesang monate ka tsone tse di ka go agang e seng go go utlwisa botlhoko.c—Moreri 11:10.
16. Basha ba Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba farologane le ba bangwe?
16 Go nna tekatekano mo moaparong le mo tseleng ya gago ya go ikgabisa, o sa latele difeshene tsa lefatshe, le gone go tla supa gore ga o tshwane le ba bangwe. (Baroma 12:2; 1 Timotheo 2:9) Go ntse jalo le ka go tlhopha mmino o o o reetsang. (Bafilipi 4:8, 9) Mosha mongwe wa Mokeresete o ile a ipolela jaana: “Ke na le mmino o ke itseng sentle gore ke tshwanetse go o latlha, mme gone, o monate tota!” Lekawana le lengwe le lone le ile la dumela jaana: “Mmino ke serai mo go nna ka gonne ke a o rata. Fa ke lemoga sengwe se se phoso ka one, kana fa batsadi ba me ba se ntemosa, ruri ke tshwanelwa ke go patelela pelo ya me gore e reetse taelo ka gonne ke rata mmino oo thata.” Basha, lo se ka lwa ‘nna ba ba se nang kitso ka maano a ga [Satane]’! (2 Bakorintha 2:11) O dirisa mmino go dira gore basha ba Bakeresete ba tlhanogele Jehofa! Dikgatiso tsa Watch Tower di ile tsa bua ka mmino wa repe, heavy metal le mofuta o mongwe wa roko.d Le fa go ntse jalo, dikgatiso tsa Watch Tower di ka se kgone go bua ka mmino mongwe le mongwe o mosha o o tlhagang. Ka gone, o tshwanetse go dirisa “bokgoni jwa go akanya” le “temogo” fa o tlhopha mmino.—Diane 2:11.
17. (a) Por·neiʹa ke eng, mme e akaretsa ditiro dife? (b) Thato ya Modimo ke eng malebana le boitshwaro jo bo siameng?
17 Sa bofelo, o tshwanetse go ipoloka o le phepa mo boitsholong. Baebele e gakolola jaana: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranolwang e le kgokafalo, por·neiʹa, le kaya mekgwa yotlhe ya tlhakanelodikobo e e sa siamang e e dirwang ke batho ba ba sa nyalanang e e akaretsang go dirisa dirwe tsa tsalo. Seno se akaretsa tlhakanelodikobo e e dirwang ka molomo le go tshameka ka dirwe tsa tsalo ka boomo. Basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba inaakanya le boitsholo jo bo ntseng jalo ba akanya gore tota seo ga se go dira kgokafalo. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le bolela jaana ka tlhamalalo: “Seno ke se Modimo o se ratang, go itshepisiwa ga lona, gore lo ikehe mo kgokafalong; gore mongwe le mongwe wa lona a itse kafa o ka tsholang sejana sa gagwe ka gone mo boitshepisong le mo tlotlegong.”—1 Bathesalonika 4:3, 4.
18. (a) Mosha a ka tila jang go tshwaediwa ke moya wa lefatshe? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Ee, ka thuso ya ga Jehofa, o ka tila go leswafadiwa ke moya wa lefatshe! (1 Petere 5:10) Le fa go ntse jalo, gantsi Satane o dira gore dirai tsa gagwe tse di kotsi di se ka tsa lemotshega, mme ka dinako tse dingwe go ka tlhoka motho temogo e kgolo gore a kgone go lemoga kotsi eo. Setlhogo sa rona se se latelang se diretswe go thusa basha go godisa dikgono tsa bone tsa go lemoga.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Diphathi tsa mmino tse gantsi di tsayang bosigo jotlhe. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona “Basha ba Botsa Jaana . . . A Diphathi Tse di Leratla ke Monate Fela o o Seng Kotsi?” mo go Tsogang! ya January 8 1998.
b Bana ba dingwaga di ka nna 11.
c Go bona dikakantsho, bona tsebe 296-303 mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.
d Bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1993.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ “Moya wa lefatshe” ke eng, mme o na le “taolo” jang mo bathong?
◻ Moya wa lefatshe o itshupa jang mo basheng gompieno?
◻ Basha ba Bakeresete ba ka bontsha “mowa o sele” jang malebana le tsela ya go bua le boitapoloso?
◻ Basha ba Bakeresete ba ka bontsha “mowa o sele” jang malebana le boitsholo le mmino?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Basha ba le bantsi ba bontsha ka boitshwaro jwa bone gore ba kafa tlase ga “taolo” ya moya wa lefatshe
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Tlhopha mmino o o o reetsang
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Go gana moya wa lefatshe go tlhoka bopelokgale