Go Amogela Kaelo ya ga Jehofa ka Boitumelo
JAAKA GO BOLETSE ULYSSES V. GLASS
E ne e le tiragalo e e kgethegileng. Go ne go na le baithuti ba le 127 fela mo setlhopheng se se neng se aloga, mme palo ya batho ba ba neng ba reeditse ka matlhagatlhaga e ne e le 126 387, ba ba neng ba tswa mo ditšhabeng di le dintsi. Go ne go aloga setlhopha sa bo21 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, se se neng se tshwaretswe kwa Yankee Stadium, kwa New York City ka July 19, 1953. Ke ka ntlha yang fa seo e ne e le tiragalo e e botlhokwa thata jaana mo botshelong jwa me? Mma ke atologe go sekae.
KE TSHOLETSWE kwa Vincennes, Indiana, U.S.A., ka February 17, 1912, mo e ka nnang dingwaga di le pedi pele go tsalwa Bogosi jwa ga Mesia, jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolo 12:1-5. Mo ngwageng o o latelang oo batsadi ba me ba ne ba setse ba simolotse go ithuta Baebele mmogo le dibolumo tsa Studies in the Scriptures. Moso mongwe le mongwe wa Sontaga, Rre o ne a balela lelapa nngwe ya dibuka tseno, mme re bo re tlotla ka yone.
Mmè o ne a dirisa se a neng a se ithuta gore a thuse go bopa tsela e bana ba gagwe ba akanyang ka yone. E ne e le motho yo o molemo—a le pelonomi, a rata go thusa batho. Re ne re le bana ba banè, mme Mmè o ne a rata le bana ba baagelani. O ne a ipha nako ya go nna le rona. O ne a itumelela go re bolelela dipolelo tsa Baebele le go opela le rona.
Gape o ne a laletsa batho ba ba farologaneng ba ba neng ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng kwa gae. Ba ne ba nna letsatsi kana a le mabedi, gantsi ba tshwarela dipokano le go neela dipuo kwa gae. Re ne re rata thata ba ba neng ba ruta ba dirisa ditshwantsho le go re bolelela dipolelo. Ka nako nngwe ka 1919, mo e ka nnang ngwaga morago ga gore ntwa ya ntlha ya lefatshe e khutle, mokaulengwe yo o neng a re etetse o ne a buisana thata le rona bana. O ne a tlotla ka kgang ya go tlhomamisiwa—mo jaanong re go bitsang ka tsela e e tshwanelang thata re re ke boineelo—mme a re thusa go tlhaloganya kafa go amang matshelo a rona ka gone. Moragonyana mo maitseboeng ao fa ke ya go robala, ke ne ka rapela Rre wa selegodimo mme ka mmolelela gore ke batla go mo direla ka metlha.
Le fa go ntse jalo, fa ngwaga wa 1922 o sena go kgabaganya, mathata a mangwe a botshelo a ile a batla go kgoreletsa boikaelelo jono. Re ne re aga re fuduga mme re sa kopanele le phuthego ya batho ba ga Jehofa. Rre o ne a aga a seyo mo gae ka gonne a bereka mo seporong sa diterena. Thuto ya rona ya Baebele e ne e sa tshwarwe ka metlha. Ke ne ka dira dikhoso dingwe tsa sekolo ka boikaelelo jwa gore ke nne mophasalatsi e bile ke ne ke dira dithulaganyo tsa go ya kwa yunibesithing ya maemo a a kwa godimo.
Go Fetola Pono Ya me Mo Botshelong
Mo magareng a bo1930, lefatshe le ne le setse le gomagomelwa gape ke ntwa ya lefatshe lotlhe. Re ne re setse re nna kwa Cleveland, Ohio, fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a re etela. Re ne ra simolola go akanya ka tlhoafalo ka se re se ithutileng fa re sa le bana. Morwarre yo mogolo, Russell, e ne e le motho yo o tlhoafetseng, mme o ne a kolobediwa pele. Ke ne ke sa tshwane le ene, mme ka February 3, 1936, le nna ke ne ka kolobediwa. Tsela e ke neng ke anaanela ka yone se boineelo mo go Jehofa bo se bolelang e ne ya gola, mme ke ne ka ithuta go amogela kaelo ya ga Jehofa. Mo go one ngwaga oo, bokgaitsadiake ba babedi, Kathryn le Gertrude, le bone ba ne ba kolobediwa. Rotlhe re ne ra tsenela tirelo ya nako e e tletseng re le babulatsela.
Le fa go ntse jalo, seo se ne se sa bolele gore re ne re se ke re akanya ka sepe se sele. Ke ne ka reetsa ka tlhoafalo e kgolo fa mogatsankgonne a mpolelela ka mosetsana mongwe yo montle yo o bidiwang Ann yo o neng a le “matlhagatlhaga” fa e sa le a utlwa boammaaruri e bile a tlile go tla kwa dipokanong tsa rona kwa gae. Ka nako eo Ann e ne e le mokwaledi mo ofising ya tsa semolao, mme o ne a kolobediwa a ise a fetse ngwaga a ithuta. Ke ne ke ise ke akanye ka go nyala, mme go ne go bonala gore Ann o ne a rata boammaaruri fela thata. O ne a batla go dira ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa. E ne e se motho yo o neng a ka re, “A nka kgona go dira seno?” Mo boemong jwa seo, o ne a ka botsa gore, “Ke tsela efe e e molemolemo e nka dirang seno ka yone?” Mme o ne a ikemiseditse go gatela pele. Ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e e molemo e a neng a leba dilo ka yone. Mo godimo ga moo, o ne a le montle, mme o sa ntse a le jalo. Ke ne ka mo tsaya go nna mosadi wa me, mme go ise go ye kae o ne a simolola go dira le nna mo tirelong ya bobulatsela.
Thapiso e e Botlhokwa Fa re Le Babulatsela
Fa re le babulatsela re ne ra ithuta botlhokwa jwa go kgotsofala ka bobedi fa re ne re tlhoka dilo dingwe le fa re ne re na le tsone di le dintsi. (Bafilipi 4:11-13) Ka letsatsi lengwe go ne go setse go le lotlatlana, mme re ise re tsenye sepe mo maleng. Re ne re tshotse disente tse tlhano fela. Re ne ra ya kwa selageng, mme ka kopa, “A o ka re neela boroso e e jang disente tse tlhano?” Raselaga o ne a re leba mme go tswa foo a kgaola ditoki tse nnè. Ke tlhomamisa gore di ne di ja madi a a fetang disente tse tlhano, mme di ne tsa re kgorisa.
Re ne re tle re ganediwe mo go setlhogo fa re ntse re tsweletse mo bodireding jwa rona. Mo toropong nngwe e e gaufi le Syracuse, New York, re ne re le mo mmileng re tsamaisa dipampitshana tsa ditaletso e bile re rwele dipolakate re lemosa batho gore go tla bo go na le pokano ya phatlalatsa e e kgethegileng. Dirintlha dingwe tse pedi di ne tsa ntsubula mme tsa ntshwara makgwakgwa. Mongwe wa bone e ne e le lepodise, mme o ne a sa apara yunifomo, a bo a gana fa ke mo kopa gore a mpontshe betšhe ya gagwe. Ka yone nako eo, Grant Suiter yo o neng a tswa kwa Bethele ya Brooklyn o ne a tla mme a bolela gore re tla ya kwa seteisheneng sa mapodise mme re rarabolole kgang eno. Go tswa foo o ne a founela ofisi ya Mokgatlho kwa Brooklyn, mme rona re ne ra bolelelwa gore re tsamaye gape mo go lone letsatsi leo ka dipolakate le dipampitshana tsa taletso gore go nne le bosupi. Jaaka re ne re lebeletse, re ne ra tshwarwa. Le fa go ntse jalo, fa re bolelela mapodise gore a tlile go sekisediwa go re tshwara ka tsela e e seng kafa molaong, a ne a re tlogela.
Mo letsatsing le le latelang basha ba sekae ba diganana ba ne ba tsena mo lefelong la rona la kopano ba tlhotlheleditswe ke moruti, mme go ne go se na mapodise fa gaufi. Disenyi tseno di ne di betsa boalo jwa logong ka melamu ya baseball, tsa digela bareetsi bangwe ba ba neng ba ntse mo ditulong tsa dipolanka fa fatshe, mme tsa palama serala di tsholeditse folaga ya Amerika mme tsa goa tsa re, “E dumediseng! E dumediseng!” Go tswa foo ba ne ba simolola go opela pina e e reng “Beer Barrel Polka.” Ba ne ba kgoreletsa pokano eno gore e se ka ya tshwarwa. Re ne ra diragalelwa ke se Jesu a neng a se bolela fa a ne a re: “Ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo kgethile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”—Johane 15:19.
Tota puo ya phatlalatsa e ne e le puo e e gatisitsweng ya ga J. F. Rutherford, yo e neng e le moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo. Nna le Ann re ne ra sala malatsi a sekae mo toropong eo mme ra tsena mo matlong a batho re ba kopa gore ba iphe sebaka sa go reetsa puo eno mo magabone. Ba sekae ba ne ba dumela.
Go Ithaopela Go ya Go Direla Kwa Nageng e Sele
Fa nako e ntse e ya, go ne ga tlhaga ditirelo tse dingwe tse disha. Morwarre, Russell, le mosadi wa gagwe Dorothy, ba ne ba lalediwa ka bobedi jwa bone go tsena mo setlhopheng sa ntlha sa Sekolo sa Gileate ka 1943, mme morago ga moo ba ne ba romelwa kwa Cuba e le barongwa. Kgaitsadiake Kathryn o ne a le mo setlhopheng sa bonè. Le ene o ne a abelwa kwa Cuba. Moragonyana o ne a abelwa kwa Dominican Republic mme go tswa foo a isiwa kwa Puerto Rico. Go tweng ka nna le Ann?
Fa re ne re bolelelwa ka Sekolo sa Gileate le gore Mokgatlho o batla go romela barongwa kwa dinageng di sele, re ne ra akanya gore re ka ithaopela go ya go direla kwa dinageng di sele. Sa ntlha, re ne ra akanya gore e nne rona re ikisang koo, gongwe kwa Mexico. Mme kwa morago re ne ra swetsa ka gore gongwe go ka nna botoka fa re ka leta le gore e nne Mokgatlho o o re abelang koo fa re tswa kwa Sekolong sa Gileate. Re ne ra lemoga gore e ne e le thulaganyo e Jehofa a neng a e dirisa.
Re ne ra lalediwa mo setlhopheng sa bonè sa Sekolo sa Gileate. Mme ka bonako fela pele setlhopha seno se simolola, N. H. Knorr, yo e neng e le moporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, o ne a lemoga gore Ann o na le makoa mangwe ka ntlha ya polio e e neng e mo tshwere a sa le ngwana. O ne a bua le nna ka gone mme a swetsa ka gore go tla bo go se botlhale fa a ka re romela kwa nageng e sele go ya go direla koo.
Mo e ka nnang dingwaga di le pedi morago ga moo, fa ke ntse ke baakanyetsa kopano, Mokaulengwe Knorr o ne a mpona gape mme a mpotsa gore a re sa ntse re kgatlhegela go ya Gileate. O ne a re bolelela gore re ne re ka se neelwe kabelo ya go ya kwa nageng e sele; go ne go na le sengwe se a neng a se akantse. Ka jalo fa setlhopha sa borobong se ne se ikwadisa ka February 26, 1947, re ne re le gone mo setlhopheng sa baithuti.
Malatsi ao re le kwa Gileate e ne e le a a sa lebalegeng. Dikhoso tsa sone e ne e le tse di nonofileng tsa semoya. Re ne ra aga botsala jo bo nnetseng ruri. Mme go dirisana ga me le sekolo ga go a ka ga felela fano.
Fa Gare ga Washington le Gileate
Sekolo sa Gileate se ne se sa ntse se le sesha. Puso ya United States e ne e ise e itse maikaelelo a sekolo seno sentle, ka jalo go ne go bodiwa dipotso di le dintsi ka sone. Mokgatlho o ne o batla go nna le moemedi kwa Washington, D.C. Ke koo re neng ra romelwa gone fa re sena go aloga kwa Gileate. Ke ne ke thusa go batlela batho ba ba neng ba laleditswe go tla Gileate di-visa tsa dinaga di sele le go ba batlela dipampiri tsa semolao e le gore baalogi ba ka romelwa kwa dinageng di sele go ya go dira tiro ya borongwa gone. Badiredibagolo ba bangwe ba ne ba sa gobelele e bile ba rata go re thusa. Ba bangwe ba ne ba sa rate Basupi. Ba sekae ba bone ba ba neng ba na le megopolo e e gagametseng ya sepolotiki ba ne ba bolela gore re dirisana le baba ba bone.
Monna mongwe yo ke neng ka ya kwa ofising ya gagwe o ne a re tshwaya phoso a galefile ka gonne re sa dumedise folaga kana re sa ye kwa ntweng. Fa a sena go nkgagolakela seo ka nakonyana, kgabagare ke ne ka re: “Ke batla gore o itse, le gone o a itse, gore Basupi ba ga Jehofa ga ba lwe le ope mo lefatsheng. Ga re itshunye nko mo dikgannyeng tsa lefatshe. Ga re itshunye nko mo dintweng tsa bone, mo dipolotiking tsa bone. Ga re tseye letlhakore gotlhelele. Re setse re fentse mathata a lo lebaneng le one; re a utlwana mo phuthegong ya rona. . . . Jaanong, o batla gore re dire eng? A lo batla gore re dire dilo ka tsela e lona lo e batlang mme re tlogele ya rona?” Ga a ise a tlhole a bua sepe morago ga moo.
Go ne ga beelwa malatsi a le mabedi kwa thoko gore e nne a go nna ke ya kwa diofising tsa puso. Mo godimo ga moo, re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng. Ka nako eo, seo se ne se akaretsa go fetsa diura di le 175 mo bodireding jwa tshimo kgwedi le kgwedi (morago e ne ya nna diura di le 140), ka jalo gantsi re ne re ya tirelong go fitlhela bosigo thata. Go ne go le monate. Re ne re tshwara dithuto di le dintsi tse di molemo le malapa, mme ba ne ba gatela pele sentle. Nna le Ann re ne re dirile tshwetso ya gore re se ka ra nna le bana, mme ka tsela ya semoya, re ne re na le e seng fela bana, mme gape re ne re na le ditlogolwana le ditlogotlogolwana. A bo ba ipedisa dipelo tsa rona jang ne!
Kwa bofelong jwa 1948, ke ne ka amogela kabelo e nngwe. Mokaulengwe Knorr o ne a tlhalosa gore Mokaulengwe Schroeder, mokwadisi e bile e le mongwe wa batlhatlheledi kwa Sekolong sa Gileate, o ne a tlile go tshwarega mo tirong e nngwe e e botlhokwa, ka jalo ke ne ka kopiwa go ruta ditlhopha tsa Gileate fa go tlhokega. Ke ne ka boela gape kwa Gileate ke tshogile ke na le Ann ka December 18, kwa South Lansing, New York. Kwa tshimologong, re ne re nna kwa Gileate ka dibeke di sekae fela, mme go tswa foo re bo re boela gape kwa Washington. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ke fetsa nako e ntsi ke le kwa Gileate go na le kwa Washington.
E ne e le mo nakong eno, jaaka ke umakile pelenyana, mo setlhopha sa bo21 sa Gileate se neng se aloga kwa Yankee Stadium kwa New York. Ka jalo e re ka ke ne ke le mongwe wa batlhatlheledi, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo thulaganyong eo ya kaloso.
Go Direla Kwa Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe
Ka February 12, 1955, re ne ra neelwa kabelo e nngwe gape. Re ne ra nna maloko a lelapa la Bethele kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya phuthego ya ga Jehofa e e bonalang. Mme tiro eno e ne e tla akaretsa eng? Totatota, e re ka re ne re eletsa go dira sengwe le sengwe se re neng re tla se abelwa, re ne re dira diporojeke tse di neng di tlhoka go dirisana le batho ba bangwe. Ke boammaaruri gore, re ne re kile ra dira seo pelenyana, mme jaanong re ne re tla nna karolo ya setlhopha se segolo—lelapa la Bethele la ntlokgolo. Re ne ra itumelela go amogela kabelo eno e ntšha e le go supa gore re kaelwa ke Jehofa.
Karolo e kgolo ya tiro e ke neng ke e dira e ne e amana le bobegadikgang. E re ka baanamisi ba dikgang ba rata dikgang tse di gapang batho maikutlo e bile ba tsaya tshedimosetso mo metsweding e e re tlhoileng, ba ile ba kwala dilo tse di maswe ka Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra leka go baakanya seemo seo.
Mokaulengwe Knorr o ne a batla go tlhomamisa gore re na le mo gontsi go go dira, ka jalo ke ne ke abetswe ditiro tse dingwe. Dingwe tsa tsone di ne di tlhoka tiro e ke e ithutetseng ya go nna mophasalatsi. Tse dingwe di ne di akaretsa go direla kwa seteisheneng sa radio sa mokgatlho sa WBBR. Ke ne ke na le tiro e ke neng ke e dira mo dibaesekopong tse di dirilweng ke Mokgatlho. Ke boammaaruri gore hisitori ya puso ya Modimo e ne e akarediwa mo khosong ya Gileate, mme jaanong go ne ga simololwa diporojeke tse dintsi e le go tlwaelanya batho ba ga Jehofa le hisitori eo ya phuthego ya puso ya Modimo ya motlha wa gompieno le gore e fitlhe le kwa bathong. Gape Gileate e ne e thapisetsa batho go nna dibui tsa phatlalatsa, mme go ne go tlhokega gore go dirwe tiro eno e le gore dintlha tsa konokono tse di malebana le go bua phatlalatsa di rutiwe bakaulengwe kwa diphuthegong. Ka jalo go ne go na le mo gontsi go dirwa.
Go Direla Kwa Gileate ka Dinako Tsotlhe
Ka 1961, e re ka go ne go tla tloga go thapisiwa balebedi ba ba etang le badiri ba lekala, Sekolo sa Gileate se ne sa fudusediwa kwa Brooklyn, koo Mokgatlho wa Watch Tower o nang le diofisi tse dikgolo gone. Ke ne ka nna motlhatlheledi gape—mo nakong eno ke sa tlhole ke le mothusamotlhatlheledi mme ke ne ke direla ka metlha mo lephateng leno. A bo e ne e le tshiamelo jang ne! Ke tlhomamisegile tota gore Sekolo sa Gileate ke mpho e e tswang kwa go Jehofa, mpho e e solegetseng phuthego yotlhe ya gagwe e e bonalang molemo.
Ditlhopha tsa Gileate tse di neng di le kwa Brooklyn di ne di na le ditshiamelo tse di neng di sa bonwe ke baithuti ba ditlhopha tsa nako e e fetileng. Di ne di na le batlhatlheledi ba bantsi ba ba etileng gape di ne di bonana thata le Setlhopha se se Laolang le go dirisana mmogo thata le lelapa la Bethele la kwa ntlokgolo. Gape go ne go kgonega gore baithuti ba thapisediwe ditiro tsa ofisi, ditiro tsa legae la Bethele le dikarolo tse dingwe tsa tiro ya feketiri.
Ka dingwagangwaga palo ya baithuti e ne e farologana, palo ya batlhatlheledi le yone e ne e ntse jalo. Gape mafelo a sekolo seno se neng se nnela kwa go one a fetogile gantsi. Jaanong se mo tikologong e ntle ya Patterson, kwa New York.
Go Dira le Baithuti
Go ne go itumedisa tota go ruta ditlhopha tseno! Basha bano ga ba batle go berekela tsamaiso eno ya bogologolo. Ba tlogela malapa a bone, ditsala tsa bone, magae a bone le batho ba ba buang puo ya bone. Ba ile go kopana le tlelaemete, dijo—sengwe le sengwe fela se ba sa se tlwaelang. Ga ba itse le naga e ba tlileng go isiwa kwa go yone, mme mokgele wa bone ke go nna barongwa. Ga go tlhokege gore o rotloetse batho ba mofuta o o ntseng jalo.
Fa ke ne ke nna motlhatlheledi gape, ke ne ke leka ka metlha gore baithuti ba ikutlwe ba phuthologile. Ga go motho ope yo o ka ithutang sentle a tshogile e bile a tshwenyegile. Ke boammaaruri gore ke ne ke le motlhatlheledi, mme ke ne ke itse gore go ne go le jang go nna moithuti. Le nna nkile ka nna mo ditulong tseo. Ke boammaaruri gore, ba ne ba ithuta ka tlhoafalo e bile ba ithuta go le gontsi kwa Gileate, mme gape ke ne ke batla gore ba itumelele nako eo ya bone.
Ke ne ke itse gore fa ba ya kwa dikabelong tsa bone, go ne go tla nna le dilo tse ba neng ba tla di tlhoka gore ba atlege. Ba ne ba tlhoka tumelo e e nonofileng. Ba ne ba tlhoka boikokobetso—jo bontsi. Ba ne ba tlhoka go ithuta go tshela le batho ba bangwe, go amogela maemo jaaka a ntse, go itshwarela ba bangwe motlhofo fela. Ba ne ba tlhoka go tswelela pele ba tlhagolela maungo a moya. Gape ba ne ba tlhoka go rata batho le go rata tiro e ba rometsweng go e dira. Dilo tseno ke tse ke neng ke tlhola ke di gatelela mo baithuting fa ba sa ntse ba le kwa Gileate.
Tota ga ke itse gore ke rutile baithuti ba le kae. Mme ke itse gore ke ikutlwa jang ka bone. Fa ke sena go fetsa dikgwedi tse tlhano ke ba tlhatlhelela, ke a bo ke setse ke ba rata fela thata. Go tswa foo fa ke bona ba ya kwa seraleng go ya go amogela didipoloma tsa bone ka letsatsi la kaloso, ke ne ke itse gore ba setse ba feditse khoso ya bone ka katlego le gore go ise go ye kae ba tla tloga ba tsamaya. E ne e kete ke kgaogana le ba lelapa la me. O ka tlhoka jang go rata batho ba ba intshang setlhabelo jalo le go ithaopela go dira tiro e basha bano ba neng ba tlile go e dira?
Dingwaga moragonyana, fa ba etile, ke utlwa ba bua ka tsela e ba itumelelang bodiredi ka yone, mme ke a bo ke itse gore ba sa ntse ba le mo dikabelong tsa bone, ba dira se ba se thapiseditsweng. Ke ikutlwa jang ka seo? Ruri, go a intumedisa.
Go Leba mo Isagweng
Jaanong ga ke tlhole ke bona sentle, mme seno se a nkgoreletsa. Ga ke tlhole ke kgona go ruta setlhopha sa Gileate. Kwa tshimologong, e ne e le phetogo e e boima go e dira, mme mo botshelong jwa me ke ithutile go tsaya maemo jaaka a ntse le go a itshokela. Gantsi ke a tle ke akanye ka moaposetoloi Paulo le kgang ya gagwe ya “mutlwa mo nameng.” Paulo o ne a rapelela gore a fole mo botlhokong joo ka makgetlho a mararo, mme Morena o ne a mo raya a re: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” (2 Bakorintha 12:7-10) Paulo o ne a tswelela pele a o itshokela. Fa a kgonne go dira jalo, le nna ke tshwanetse go leka. Le fa gone ke sa tlhole ke ruta ditlhopha, ke lebogela gore ke sa ntse ke kgona go bona baithuti bano ba tsena ba tswa letsatsi le letsatsi. Ka dinako tse dingwe ke kgona go buisana le bone, mme seo se itumedisa pelo ya me go akanya fela ka moya o montle o ba o bontshang.
Ke selo se se molemo go akanya ka se isagwe e se tshotseng. Motheo wa yone o setse o theilwe jaanong. Gileate e nnile le seabe se segolo mo go seno. Morago ga sepitla se segolo, fa dikwalomomeno tse go builweng ka tsone mo go Tshenolo 20:12 di bulwa, go tla nna le dingwaga tse di sekete tse mo go tsone go tla bong go nna le thulaganyo e nngwe gape ya go ruta ditsela tsa ga Jehofa ka tsela e e tseneletseng. (Isaia 11:9) Mme go tla bo go sa felele foo. Tota ke tshimologo fela. Ka bosakhutleng, re tla bo re na le dilo di le dintsi go di ithuta ka ga Jehofa e bile re na le tiro e ntsi go e dira fa re ntse re bona maikaelelo a gagwe a diragala. Ke tshepa tota gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tse di molemo tse a di solofeditseng, mme ke batla go nna teng gore ke amogele dikaelo tse Jehofa a tlileng go re naya tsone ka nako eo.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Kaloso ya Gileate kwa Yankee Stadium kwa New York ka 1953
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Gertrude, nna, Kathryn le Russell
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke dira le N. H. Knorr (kwa thoko ka fa molemeng) le M. G. Henschel re rulaganya kopano
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke le mo seteisheneng sa kgaso sa WBBR
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke le mo phaposing ya borutelo ya Gileate
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Ke na le Ann, e seng bogologolo thata