LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/1 ts. 32
  • Bomorafe le Bodumedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bomorafe le Bodumedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/1 ts. 32

Bomorafe le Bodumedi

“FA KE fitlha kwa United States ka 1978, ke ne ke akanya gore Amerika ga e bolo go fedisa mathata a yone a bomorafe, gore batho ba bantsho le bone e ne e le baagi ba ba nang le ditshwanelo tse di lekanang,” go ne ga bolela jalo Mark Mathabane, yo e leng mokwadi yo o tsholetsweng kwa Afrika Borwa, fa a ne a botsolodiwa ke makasine wa Time. “Ke ne ka fitlhela gore go ntse jalo ka ditsela tse dintsi. Go ne go bonala gore United States e gaisa Afrika Borwa kgakala. Mme ka maswabi a magolo ke ne ka lemoga gore batho ba ne ba sa fetoga thata mo dipelong tsa bone.” Ke eng se se neng sa dira gore a lemoge selo seno se se gakgamatsang jaana?

Mathabane o ne a bolela jaana: “Nngwe ya dinako tse batho ba kgethololwang thata ka tsone kwa Amerika ke ka 11 a.m. ka Sontaga.” O ne a bolela gore tota le kwa kerekeng, batho ba ne ba sa kgone go kopanela le batho ba merafe e mengwe mo kobamelong. O ne a botsa jaana: “Ba ka ikutlwa jang ka malatsi a mangwe a beke?” Fa a ne a tlhalosa gore thuto ke yone selo se se ka thusang go tlisa phetogo, Mathabane o ne a bolela jaana: “Thuto e dira gore o amogele kgang ya gore batho botlhe mo lobopong ba a lekana.”

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore thuto ke yone e ka rarabololang bothata jono, mme ba akantsha thata thuto e e theilweng mo Lefokong la Modimo. Ee, Baebele e ba thusa go fedisa dikgoreletsi tsa letlhoo la bomorafe—le e leng mo dinageng tse go tlhoana ga ditso go atileng thata gone. Beke nngwe le nngwe mo Diholong tsa bone Tsa Bogosi, batho ba merafe le ditšhaba tse di farologaneng ba phuthega mmogo go tla go rutwa ka melao le melaometheo ya Lefoko la Modimo e leng Baebele. Ga go na dikoleke dipe tse di tsewang mo dipokanong tseno. O gololesegile go nna gone!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela