LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/15 ts. 26-28
  • Rashi—Motlhalosi wa Baebele yo o Nang le Tlhotlheletso e Kgolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rashi—Motlhalosi wa Baebele yo o Nang le Tlhotlheletso e Kgolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rashi E ne E le Mang?
  • Ke Eng Fa go Ne go Tlhokega Buka ya Ditlhaloso?
  • Mokgele le Ditsela Tse Rashi a Neng a di Dirisa
  • Go Tlhotlhelediwa ke Motlha wa Gagwe
  • O ne A Tlhotlheletsa Jang Thanolo ya Baebele?
  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Jesu—Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Mang yo o Tshwanelwang ke go Bidiwa Rabi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Mokwalo wa Masora ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/15 ts. 26-28

Rashi—Motlhalosi wa Baebele yo o Nang le Tlhotlheletso e Kgolo

NNGWE ya dibuka tsa ntlha go gatisiwa ka Sehebera ke efe? Ke buka e e tlhalosang Pentateuch (dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa ga Moshe). E ne ya gatisiwa kwa Reggio Calabria, kwa Italy, ka 1475. Mokwadi wa yone e ne e le mang? Monna mongwe yo o itsiweng e le Rashi.

Ke eng fa buka eno ya ditlhaloso e tlotliwa ka tsela e e kgethegileng jaana? Mo bukeng ya gagwe ya Rashi—The Man and His World, Esra Shereshevsky o bolela gore buka ya ditlhaloso ya ga Rashi “e ne ya nna buka ya motheo mo magaeng a Bajuda le mo ntlong ya thutelo. Ga go na buka epe mo dikgatisong tsa Sejuda e e kileng ya anaanelwa thata jaaka eno . . . Go na le dibuka tse dingwe tsa ditlhaloso tse di fetang 200 tse di itsegeng tse di buang ka tlhamalalo ka buka ya ditlhaloso ya ga Rashi ka ga Pentateuch.”

A ke Bajuda fela ba ba ileng ba amiwa ke buka ya ditlhaloso ya ga Rashi? Le fa batho ba le bantsi ba sa lemoge seno, buka ya ditlhaloso ya ga Rashi ya Dikwalo Tsa Sehebera e ile ya tlhotlheletsa baranodi ba Baebele ka makgolokgolo a dingwaga. Rashi e ne e le mang, mme go tlile jang gore a nne le tlhotlheletso e kana kana?

Rashi E ne E le Mang?

Rashi o ne a tsholelwa kwa Troyes, kwa Fora, ka ngwaga wa 1040.a Fa a sa ntse a le lekawana, o ne a tsena dikolo tsa bodumedi tsa Sejuda kwa Worms le Mainz kwa Rhineland. Fa a le koo o ne a rutiwa ke bangwe ba bakanoki ba maemo a a kwa godimo thata ba Bajuda kwa Yuropa. Fa a le dingwaga di ka nna 25, maemo a gagwe a ile a dira gore go tlhokege gore a boele kwa Troyes. E re ka a ne a setse a tsewa e le mokanoki yo o tlhomologileng, Rashi o ne a nna moeteledipele wa bodumedi ka bonako mo Bajudeng ba motse wa gaabo mme a tlhoma sekolo sa gagwe ka namana sa bodumedi. Fa nako e ntse e ya, sekolo seno se sesha sa Sejuda se ne sa nna le tlhotlheletso e kgolo go feta tsa barutisi ba ga Rashi kwa Jeremane.

Ka nako eo, Bajuda ba kwa Fora ba ne ba na le kagisonyana le baagelani ba bone ba ba neng ba ipitsa Bakeresete, mo go neng ga dira gore Rashi a gololesege thata go tswelela pele ka tiro ya gagwe ya bokanoki. Le fa go ntse jalo, e ne e se mokanoki yo o neng a ikgogona. Le mororo a ne a na le maemo a magolo a go nna morutisi le tlhogo ya sekolo, Rashi o ne a itshedisa ka go dira beine. Kitso eno e e botlhokwa ka ditiro tse di tlwaelegileng e ne ya dira gore a kgone go kopana thata le Bajuda ba e seng ba maemo, mme ya mo thusa go tlhaloganya maemo a bone. Lefelo le Troyes e neng e le mo go lone le lone le ne la thusa Rashi go nna le kitso. E re ka motse ono o ne o le gaufi le ditsela tse dikgolo tsa kgwebo, e ne e le boremelelo jwa ditšhaba tsa mefutafuta mme seno se ne sa thusa Rashi go tlwaelana thata le mekgwa le dingwao tsa ditšhaba tse di farologaneng.

Ke Eng Fa go Ne go Tlhokega Buka ya Ditlhaloso?

Bajuda ba ne ba itsege e le batho ba buka. Mme “buka”—Baebele—e ne e kwadilwe ka Sehebera, me “batho” ba ne ba setse ba bua Searabia, Sefora, Sejeremane, Se-Spain le dipuo tse dingwe tse dintsi. Le fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba rutiwa Sehebera go tswa bongwaneng, ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a mantsi a Baebele sentle. Mo godimo ga moo, go ne ga feta makgolokgolo a dingwaga go na le mokgwa o o nonofileng mo Bojudeng jwa borabi o o neng wa dira gore batho ba se ka ba tlhola ba itshwenya ka bokao jwa mmatota jwa ditemana tsa Baebele. Go ne ga nna le ditshwantsho le ditlhamane tse dintsi tse di amanang le mafoko le ditemana tsa Baebele. Dikakgelo le dikgang tse dintsi tse di ntseng jalo di ile tsa kwalwa mo dibukeng tsa dibolumo tse dikgolo, tse fa di kopane di bidiwang Midrash.b

Setlogolwana sa ga Rashi e bong Rabbi Samuel ben Meir (Rashbam) le ene e ne e le mokanoki wa Baebele. Mo bukeng ya gagwe e e tlhalosang Genesise 37:2 o ne a bolela gore “batlhalosi ba bogologolo [ba ba tlileng pele ga Rashi] . . . ba ne ba rata go rera dithero (derashot), tse ba neng ba tsaya e le boikaelelo jo bo botlhokwa thata, [mme gone] ba sa itlwaetsa go tlhatlhoba bokao jo bo tseneletseng jwa ditemana tsa Baebele.” Fa Dr. A. Cohen (morulaganyimogolo wa Soncino Books of the Bible) a akgela ka mokgwa ono, o kwala jaana: “Ke boammaaruri gore Borabi ba ne ba tlhoma molao wa gore go ne go sa tshwanela gore go amogelwe tlhaloso epe e e sa tsamaisaneng le peshat kana tlhaloso e e tlhamaletseng ya ditemana; le fa go le jalo tota gone ba ne ba itlhokomolosa molao ono.” Mo tikologong e e ntseng jalo ya bodumedi, Mojuda yo e seng wa maemo o ne a ikutlwa a latlhegile fa a tshwanetse go bala ditemana tsa Baebele e bile a ikutlwa a tlhoka sengwe se se ka mo tlhalosetsang.

Mokgele le Ditsela Tse Rashi a Neng a di Dirisa

Mokgele o Rashi a neng a ipeetse one mo botshelong jwa gagwe jotlhe e ne e le go dira gore Bajuda botlhe ba tlhaloganye Dikwalo Tsa Sehebera. Gore a tle a kgone go dira seno, o ne a simolola go senka dibuka tsa dikakgelo tsa mafoko le ditemana tse di rileng tse a neng a akanya gore di ka nna tsa bakela mmadi bothata. Dintlha tsa ga Rashi di umaka ditlhaloso tsa barutisi ba gagwe mme di akaretsa le kitso e kgolo e a neng a na le yone malebana le dikgatiso tsotlhe tsa borabi. Fa Rashi a dira dipatlisiso tsa puo, o ne a tlhatlhoba dibuka tsotlhe tse di neng di le gone. O ne a ela tlhoko kafa matshwao a peleto a bakwadi ba Masora a amang tsela e ditemana di tlhaloganngwang ka teng. Go tlhalosa bokao jwa lefoko, gantsi buka ya gagwe ya ditlhaloso tsa Pentateuch e umaka thanolo ya Searamaika (Targum of Onkelos). Rashi e ne e le motho yo o fetofetogang le maemo e bile a supa botswerere fa a tlhatlhoba ditsela tse pele di ileng tsa se ka tsa dirisiwa go tlhalosa maemedi, makopanyi, bokao jwa madiri le dikarolo tse dingwe tsa thutapuo le tsela ya go rulaganya dipolelo. Dikakgelo tse di ntseng jalo di ile tsa thusa thata mo go direng gore go tlhaloganngwe thulaganyo ya dipolelo le thutapuo ya Sehebera.

Go farologana le mokgwa o o neng o le teng wa borabi ba Bajuda, ka metlha Rashi o ne a gatelela tsela e e motlhofo ya bokao jwa mmatota jwa ditemana. Mme dikgatiso tse dintsi tsa Midrash, tse Bajuda ba neng ba di itse thata, di ne di ka se ka tsa itlhokomolosiwa. Selo se se kgatlhang thata ka buka ya ditlhaloso ya ga Rashi ke kafa a tlwaelaneng ka teng le mekwalo ya Midrash e gantsi e neng e fitlha bokao jwa mmatota jwa ditemana tsa Baebele.

Fa Rashi a tlhalosa Genesise 3:8, a re: “Go na le ditlhaloso tse dintsi tsa aggadahc tsa se-midrash tse Batlhalefi ba rona ba setseng ba di rulagantse ka tsela e e tshwanetseng mo go Bereshit Rabbah le mekwalo e mengwe ya midrash. Le fa go ntse jalo, ke amegile thata ka bokao jo bo tlhamaletseng (peshat) jwa temana, le ka aggadot e pego ya Dikwalo e e tlhalosang mo ditemaneng tse dingwe.” Ka go tlhopha le go rulaganya fela mekwalo eo ya midrash e go ya ka ene e thusang go tlhalosa bokao kana kgopolo ya temana, Rashi o ne a ntsha kana a tlogela ditlhaloso tsa midrash tse di neng di dira gore go nne le kganetsano kana tse di neng di tlhakanya batho tlhogo. Ka ntlha ya seo, dikokomana tsa Bajuda tse di neng tsa latela di ne tsa tlwaelana thata le tsela ya ga Rashi ya maemo a a kwa godimo ya go tlhopha mekwalo ya Midrash.

Le fa Rashi a ne a tle a akgole barutisi ba gagwe, o ne a sa etsaetsege go ba ganetsa fa a lemoga gore ditlhaloso tsa bone di ganetsana le tsela e e siameng ya go tlhalosa ditemana. Fa a sa tlhaloganye temana e e rileng kana a akanya gore mo nakong e e fetileng o ile a se ka a e tlhalosa sentle, o ne a iketleeditse go dumela seo, tota e bile o ne a tle a umake le dilo tse baithuti ba gagwe ba neng ba mo thusitse go di tlhaloganya sentle.

Go Tlhotlhelediwa ke Motlha wa Gagwe

Rashi e ne e le motho yo o neng a tsamaisana thata le dinako. Mokwadi mongwe o ne a sobokanya seno jaana: “Selo se segolo se [Rashi] a thusitseng Bajuda ka sone ke go tlhalosa sesha ditemana tsotlhe tse di botlhokwa ka puo e e neng e buiwa ka nako eo, ka puo e e utlwalang, e e tlhaloganyegang sentle, ka lorato le ka bopelotlhomogi, ka bokgoni jwa bokanoki jwa maemo a a kwa godimo, jo bo neng jwa dira gore ditlhaloso tsa gagwe di tlotliwe jaaka dikwalo tse di boitshepo mme di ratiwa jaaka dikgatiso. Rashi o ne a kwala Sehebera e kete ke Sefora, ka botlhale le ka matsetseleko. Fa a ne a sa itse lefoko lengwe le le tshwanetseng la Sehebera, o ne a dirisa lefoko la Sefora mo boemong jwa lone, a le peleta ka ditlhaka tsa Sehebera.” Mafoko ano a Sefora a a fetotsweng—a Rashi a a dirisitseng a a ka fetang 3 500 a one—e ne ya nna sedirisiwa se se botlhokwa thata mo baithuting ba Sefora sa Bogologolo mo bokwading le mo go bitseng mafoko.

Le mororo botshelo jwa ga Rashi bo simologile e le jo bo ritibetseng, mo dingwageng tsa gagwe tsa moragonyana o ne a bona kgotlhang e kgolo fa gare ga Bajuda le batho ba ba ipitsang Bakeresete. Ka 1096 Botlhabanelatumelo Jwa Ntlha bo ne jwa baka tshenyo mo metseng ya Bajuda ba Rhineland, koo Rashi a neng a tsene sekolo gone. Go ne ga gailwa Bajuda ba le diketekete. Go bonala fa dikgang tsa kgailo eno di ile tsa ama botsogo jwa ga Rashi (jo bo neng jwa nna jwa koafala go fitlha a swa ka 1105). Go tloga ka nako eo, go ne ga nna le phetogo e kgolo mo ditlhalosong tsa gagwe tsa Dikwalo. Sekai se se tlhomologileng ke sa Isaia kgaolo 53 e e buang ka motlhanka wa ga Jehofa yo o bogang. Pelenyana ga moo, Rashi o ne a tlhalosa fa ditemana tseno di bua ka Mesia, fela jaaka go ntse mo Talmud. Go bonala gore morago ga dintwa tsa Botlhabanelatumelo, o ne a akanya gore ditemana tseno di bua ka Bajuda, ba ba neng ba boga ka tsela e e sa tshwanelang. Se se ne sa dira gore go nne le phetogo e kgolo mo tseleng e Bajuda ba neng ba tlhalosa ditemana tseno ka yone.d Ka jalo, go itshwara ka tsela e e seng ya Bokeresete ga Labokeresete, go ne ga faposa batho ba le bantsi, go akaretsa le Bajuda, mo boammaaruring jo bo malebana le Jesu.—Mathaio 7:16-20; 2 Petere 2:1, 2.

O ne A Tlhotlheletsa Jang Thanolo ya Baebele?

Go ise go ye kae tlhotlheletso ya ga Rashi e ne ya se ka ya bonala fela mo Bojudeng. Motlhalosi wa Mofora wa Baebele wa Franciscan e bong Nicholas wa Lyra (1270-1349) o ne a tle a bue thata ka dipono tsa ga “Rabbi Solomon [Rashi]” mo e leng gore o ne a retiwa go twe ke “Moetsi wa ga Solomon.” Mme batlhalosi le baranodi ba bangwe ba bantsi le bone ba ne ba tlhotlhelediwa ke Lyra, go akaretsa le batlapele ba baranodi ba thanolo ya Seesemane ya King James Version le Martin Luther wa modiradiphetogo, yo o neng a tlisa phetogo e kgolo mo thanolong ya Baebele kwa Jeremane. Luther o ne a ikaegile thata jaana ka Lyra mo e leng gore go ne go na le mafoko a a tumileng a poko a a reng: “Fa Lyra a ka bo a sa letse Luther o ka bo a sa tanse.”

Rashi o ile a tlhotlhelediwa thata ke kgopolo ya borabi e e neng e sa dumalane gotlhelele le boammaaruri jwa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, kitso ya ga Rashi e e tseneletseng ya mafoko, tsela ya go rulaganngwa ga dipolelo le thutapuo ya Sehebera sa Baebele, le maiteko a magolo a o ileng a a dira go tlhaloganya bokao jo bo tlhamaletseng le jwa mmatota jwa ditemana, di neetse babatlisisi le baranodi ba Baebele motswedi o o molemo o ba ka o dirisang go bapisa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Rashi” ke leina le le bopilweng ka ditlhaka tsa Sehebera, le bopilwe ka ditlhaka tsa ntlha tsa mafoko “Rabbi Shlomo Yitzḥaqi [Rabbi Solomon ben Isaac].”

b Lefoko “Midrash” le tswa mo moding wa lefoko la Sehebera le le kayang “go botsa, go ithuta, go batlisisa,” mme gape le “go rera.”

c Aggadah (e mo bontsing e leng aggadot) fa e tsewa fela jaaka e ntse e kaya “go anela kgang” mme e bua ka dikarolo tse di seng kafa molaong tsa mekwalo ya borabi e gantsi e akaretsang dikgang tse e seng tsa Baebele tse di malebana le batho ba ba mo Baebeleng kana ditlhamane tse di kaga borabi.

d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le temana eno ya Dikwalo, bona lebokoso la “My Servant”—Who Is He?, mo tsebeng 28 ya boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Text: Per gentile concessione del Ministero dei Beni Culturali e Ambientali

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela