Go Aga mo Metheong ya Seheitane
NNGWE ya dimonyumente tse dintsi tse di kgatlhang thata tse di etelwang ke bajanala kwa Roma kwa Italy, ke Pantheon. Kago eno ya Roma e e agilweng ka botswerere ke nngwe ya dikago di le mmalwa fela tse di sa ntseng di ntse fela jaaka di ne di ntse mo metlheng ya bogologolo. E ne ya simololwa go agiwa ke Ageripa mo e ka nnang ka 27 B.C.E., mme ya agiwa sesha ke Hadrian mo e ka nnang ka 120 C.E. Nngwe ya dilo tse di gakgamatsang tsa moago ono ke serotobolo sa one se segolo sa kgolokwe ya dimetara di le 43, kago e le nngwe fela e e se fetang ka bophara ke e e agilweng mo motlheng wa segompieno. Kwa tshimologong, Pantheon e ne e le tempele ya seheitane “lefelo la medimo yotlhe,” e leng se lefoko la ntlha la Segerika le se kayang. Gompieno, e sa ntse e tsewa e le kereke ya Katoliki ya Roma. Go ne ga tla jang gore go nne le phetogo e kgolo jalo?
Ka 609 C.E., Mopapa Boniface IV o ne a kgakola sesha tempele eno e e neng e le bogologolo e sa dirisiwe go nna kereke ya “Bokeresete.” Ka nako eo e ne ya newa leina Kereke ya Santa Maria Rotunda. Go ya ka setlhogo sengwe se se gatisitsweng ka 1900 mo makasineng wa Se-Jesuit wa Italy e leng La Civiltà Cattolica, se Boniface a neng a akantse gore e dirisediwe sone thata e ne e le “go galaletsa baswelatumelo botlhe ba Bakeresete, kana, baitshepi botlhe, mme wa ntlhantlha e le Mma Modimo wa Kgarebana.” Maina a gompieno Pantheon e bidiwang ka one ke Kereke ya Katoliki ya Roma—Santa Maria ad Martyres (Moitshepi Marea le Baswelatumelo) kana ka tsela e nngwe, Santa Maria Rotunda—a supa maikaelelo ao a e seng a Dikwalo.—Bapisa Ditiro 14:8-15.
Sone setlhogo seo se tswelela pele jaana: “Go fetolela [Pantheon] mo tirisong ya yone e ntšha, go ne go sa tlhokege dilo tse dintsi. Boniface o ne a latela melao e e motlhofo e bile e le ya bopelokgale e e neng e setse e tlhomilwe ke Moitshepi Gregory yo Mogolo [Mopapa Gregory I], yo e neng e le mopapa wa pele ga gagwe, e le setswerere e bile a tlhoma sekao mo go fetoleleng ditempele tsa seheitane gore di dirisediwe kobamelo ya Bokeresete.” Melao eo e ne e le efe?
Mo lekwalong le le neng le kwaletswe morongwa yo o neng a ya kwa Boritane ya seheitane ka 601 C.E., Gregory o ne a laela jaana: “Ditempele tsa medimo ya disetwa tse di mo nageng eo ga di a tshwanela go thubiwa; mme go ka thubiwa fela medimo ya disetwa e e mo go tsone . . . Fa ditempele tseo di agilwe sentle go botlhokwa gore di fetolwe go tswa mo kobamelong ya bodiabolo mme di dirisediwe Modimo wa boammaaruri.” Kgopolo ya ga Gregory e ne e le gore fa batho ba baheitane ba bona ditempele tsa bone di sa senngwe, ba ka nna ba rata go tswelela ba ya kwa go tsone. Mopapa o ne a kwala jaana: “Le fa baheitane ba ne ba tle ba bolaye dipholo tse dintsi go di ntshetsa bodiabolo setlhabelo,” go ne go solofetswe gore jaanong, “ba se ka ba tlhola ba ntshetsa diabolo ditlhabelo mme ba di bolaele gore bone ka bobone ba di je go baka Modimo ka tsone.”
Gape Bokatoliki jwa Roma bo ile jwa “nyeletsa” kobamelo ya boheitane ka go tlhoma dikereke tse di neng di bidiwa ka maina a batshegetsi ba “Bokeresete” gaufi le ditempele tsa bogologolo. Meletlo ya bogologolo e ne ya amogelwa mme ya fetolelwa go nna ya “Bokeresete.” Go tlhalosa seno ka mafoko a La Civiltà Cattolica: “Gore bakanoki botlhe gompieno ba a itse gore dingwao dingwe tsa bodumedi le meletlo ya Bakeresete ba bogologolo e ne e amana thata le mekgwa le ditsela dingwe tsa boheitane. E ne e le mekgwa e batho ba neng ba e rata thata, dingwao tse di neng di nweleletse thata e bile e le dilo tsa konokono mo setšhabeng le mo botshelong jwa batho ba bogologolo. Kereke ya ntlha, ka ntlha ya bopelonomi le botlhale, e ne e sa akanye gore e tshwanetse go di fedisa; go na le moo, ka go di fetola tsa Bokeresete, e dira gore di tseelwe kwa godimo le go di dira gore di lebege di le disha, e ne ya fenya e dirisa ditsela tse di nonofileng mme gone e le tse di bonolo, gore e tle e ikgapele bontsi jwa batho le barutegi kwantle ga go tsosa khuduego.”
Sekai se se itsegeng thata sa go fetolwa ga meletlo ya seheitane ke sa Keresemose. Totatota December 25 e ne e le letlha le ka lone Baroma ba bogologolo ba neng ba keteka dies natalis Solis Invicti e leng “letsatsi la go tsholwa ga letsatsi le le sa fenngweng.”
Ka jalo, ka go bo kereke e ne e batla go gapa dipelo tsa baheitane, ga ya ka ya ngaparela boammaaruri. E ne ya dira seipato sa go tswakanya ditumelo tse di sa tshwaneng le go amogelwa ga dithuto tsa boheitane le mekgwa e “batho ba neng ba e rata.” Matswela e nnile gore go ne ga nna le kereke ya botlhanogi e e dikarolo dintsi, e e katogileng dithuto tsa Bokeresete jwa boammaaruri thata. Gongwe fa re akantse ka seno, ga go gakgamatse go bo tempele e pele e neng e le ya Roma ya “medimo yotlhe”—Pantheon—e bo e ile ya nna kereke ya Roma Katoliki e e neetsweng Marea le “baitshepi” botlhe.
Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga bo go phepafetse gore, go fetola maikaelelo a tempele e neng e neetswe ka one kana go fetola leina la moletlo ga go a lekana go fetola ‘kobamelo ya bodiabolo go nna tirelo ya Modimo wa boammaaruri.’ “Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana?” moaposetoloi Paulo o ne a botsa jalo. “‘Tswang gareng ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa;’ ‘mme ke tla lo amogela.’ ‘Mme ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna barwa le barwadi ba me,’ go bua Jehofa Mothatayotlhe.”—2 Bakorintha 6:16-18.