LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/15 ts. 15-20
  • Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Moreetsi yo o Molemo
  • Botlhokwa Jwa go Tlhofofatsa Dilo
  • Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo
  • Dipapiso Tse di Amang Pelo
  • Go Bala Dikwalo ka Botswerere
  • Etsa Morutisi yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • ‘Lo Tshwanetse Lwa Bo ne ne Fano Lo Le Barutisi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditshwantsho Tse di Rutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/15 ts. 15-20

Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa

“Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, mme e tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gagwe.”—DIANE 16:23, NW.

1. Ke eng fa go ruta Lefoko la Modimo go sa akaretse go tlhatlhelela motho ka tshedimosetso fela?

MOKGELE wa rona fa re ruta batho Lefoko la Modimo ga se go ba sedimosetsa megopolo fela mme ke go ba sedimosetsa le dipelo. (Baefeso 1:18) Ka gone, go ruta ga go akaretse go tlhatlhelela motho fela ka tshedimosetso. Diane 16:23 ya re: “Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, mme e tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gagwe.”

2. (a) Go tlhotlheletsa go kaya eng? (b) Bakeresete botlhe ba ka kgona jang go nna barutisi ba ba tlhotlheletsang?

2 Ga go pelaelo gore moaposetoloi Paulo o ile a dirisa molaomotheo ono mo tirong ya gagwe ya go ruta. Fa a le kwa Korintha, “o ne a tle a neele puo mo sinagogeng ka sabata mongwe le mongwe mme a tlhotlheletse Bajuda le Bagerika go dumela.” (Ditiro 18:4) Go ya ka kgatiso nngwe, lefoko la Segerika le fano le ranotsweng e le “tlhotlhelets[a]” le kaya “go fetola mogopolo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke mabaka le go akanya ka se se siameng.” Paulo o ne a tle a tlhotlheletse batho go fetola tsela ya bone ya go akanya a dirisa mabaka a a tlhatswang pelo. Bokgoni jono jwa gagwe jwa go tlhotlheletsa bo ne bo le bogolo thata mo e leng gore baba ba gagwe ba ne ba mo tshaba. (Ditiro 19:24-27) Le fa go ntse jalo, tsela ya ga Paulo ya go ruta e ne e se ya go itshupa bokgoni jo a nang najo. O ile a raya Bakorintha a re: “Puo ya me le se ke neng ka se rera di ne di se ka mafoko a a tlhotlheletsang a botlhale mme di ne di le ka pontsho ya moya le maatla, gore tumelo ya lona e tle e nne, e seng mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo maatleng a Modimo.” (1 Bakorintha 2:4, 5) E re ka Jehofa Modimo a thusa Bakeresete botlhe ka moya wa gagwe, botlhe ba ka nna barutisi ba ba kgonang go tlhotlheletsa. Jang? A re sekaseke mekgwa mengwe e e molemo ya go ruta.

Nna Moreetsi yo o Molemo

3. Ke eng fa temogo e tlhokega fa re ruta ba bangwe, mme re ka kgona jang go ama pelo ya moithuti wa Baebele?

3 Mokgwa wa ntlha o akaretsa go reetsa, e seng go bua. Jaaka go boletswe mo go Diane 16:23, fa re batla go tlhotlheletsa batho, re tshwanetse go nna le temogo. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a na le temogo ka batho ba a neng a ba ruta. Johane 2:25 ya re: “Ene ka boene o ne a itse se se neng se le mo mothong.” Mme gone, re ka itse jang se se mo dipelong tsa batho ba re ba rutang? Tsela e nngwe ke go nna moreetsi yo o molemo. Jakobe 1:19 ya re: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua.” Ke boammaaruri gore ga se batho botlhe ba ba gololesegang go tlhalosa maikutlo a bone. Fa baithuti ba rona ba Baebele ba simolola go lemoga gore re amegile ka bone ka mmatota, ba ka nna ba simolola go re tlhalosetsa kafa ba ikutlwang ka teng. Go ba botsa dipotso ka bopelonomi mme e le tse di ba dirang gore ba itlhalose, gantsi go ka re thusa go ama dipelo tsa bone le go ‘ga’ maikutlo a bone.—Diane 20:5.

4. Ke eng fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna bareetsi ba ba molemo?

4 Go botlhokwa gore segolobogolo bagolwane ba Bakeresete ba nne bareetsi ba ba molemo. Ke ka go dira jalo fela ba ka kgonang go “itse kafa [ba] tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Diane 18:13 e tlhagisa jaana: “Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.” Bakaulengwe bangwe ba babedi ba ba neng ba na le maikaelelo a a molemo ba kile ba kgalemelela kgaitsadi mongwe go rata dilo tsa lefatshe ka go bo go fetile dipokano di sekae a se gone. Kgaitsadi yono o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke go bo ba ile ba se ka ba mmotsa lebaka. O ne a sa tswa go ariwa. A bo go le botlhokwa jang ne gore re reetse pele ga re neela motho kgakololo!

5. Bagolwane ba ka rarabolola jang dikgotlhang tse di tlhagang mo gare ga bakaulengwe?

5 Mo bagolwaneng, go ruta go akaretsa go neela batho ba bangwe kgakololo. Le mono go botlhokwa gore o nne moreetsi yo o molemo. Go reetsa go botlhokwa segolobogolo fa go tlhaga dikgotlhang fa gare ba Bakeresetekarona. Ke ka go reetsa fela bagolwane ba ka kgonang go etsa “Rara yo o atlholang ka go se tlhaole.” (1 Petere 1:17) Gantsi mo maemong a a ntseng jalo batho ba tseega maikutlo, mme go ka nna molemo fa mogolwane a gakologelwa kgakololo ya Diane 18:17: “Yo o ipuelelang pele o ntse jaaka ekete o siame, mme wa ga gabo a tle a mo kheleisetse ruri.” Morutisi yo o molemo o tla reetsa matlhakore oomabedi. Ka go kopa gore go rapelwe, a ka reba seemo. (Jakobe 3:18) Fa maikutlo a ya magoletsa go ka nna ga tlhokega gore a kope bakaulengwe boobabedi gore ba bolelele ene se se ba tshwentseng, e seng gore ba tlhaselane ka mafoko ka bobone. Mogolwane a ka kgona go ba thusa go rarabolola kgang ka go ba botsa dipotso tse di maleba. Gantsi selo se se bakang dikgotlhang ke go se kgone go buisana sentle e seng letlhoo. Mme fa e le gore ba ile ba tlhokomologa melaometheo ya Baebele, morutisi yo o lorato a ka ba laya sentle ka temogo a setse a utlwile kgang go tswa matlhakoreng oomabedi.

Botlhokwa Jwa go Tlhofofatsa Dilo

6. Paulo le Jesu ba ne ba tlhoma sekao jang mo go ruteng ka tsela e e motlhofo?

6 Tsela e nngwe e e molemo ya go ruta ke go tlhofofatsa dilo. Ke boammaaruri gore re batla gore baithuti ba rona ba Baebele ba “nonofele go tlhaloganya le baitshepi botlhe jo e leng boatlhamo, boleele, bogodimo le boteng” jwa boammaaruri. (Baefeso 3:18) Go na le dithuto dingwe tsa Baebele tse di kgatlhang mme gantsi di se motlhofo. (Baroma 11:33) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a ne a rerela Bagerika, o ne a sekamela thata mo go bueng molaetsa o o motlhofo wa gore ‘Keresete o bapotswe.’ (1 Bakorintha 2:1, 2) Jesu le ene o ne a rera ka tsela e e motlhofo e e gapang maikutlo. O ne a dirisa mafoko a a motlhofo mo Therong ya kwa Thabeng. Le fa go ntse jalo, e tshotse boammaaruri jo bo boteng go gaisa jotlhe jo bo kileng jwa rerwa.—Mathaio, dikgaolo 5-7.

7. Re ka tlhofofatsa dilo jang fa re tshwara dithuto tsa rona tsa Baebele?

7 Le rona re ka tlhofofatsa dilo jalo fa re ruta baithuti ba rona ba Baebele. Jang? Ka go gatelela thata “dilo tse di botlhokwa segolo.” (Bafilipi 1:10) Fa re tlhalosa dilo tse di boteng, re tshwanetse go leka go di tlhalosa ka mafoko a a seng thata. Re tshwanetse go gatelela thata dikwalo tsa konokono, e seng go leka go bala le go tlhalosa temana nngwe le nngwe ya Baebele e e tlhagang mo kgatisong eo. Seno se re tlhoka gore re baakanyetse sentle. Re tshwanetse go tila go imetsa moithuti ka ditlhaloso tse dintsintsi, re sa itetle go tla re faposiwa ke dilo tse di seng botlhokwa thata. Fa moithuti a botsa potso e e sa amaneng ka tlhamalalo le thuto, ka botlhale re ka mo kopa gore re tlotle ka yone fa thuto e setse e fedile.

Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo

8. Jesu o ne a dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo?

8 Tsela e nngwe e e molemo ya go ruta e akaretsa go botsa dipotso tse di molemo. Jesu Keresete o ne a dirisa dipotso thata fa a ruta. Ka sekai, Jesu o ile a botsa Petere jaana: “‘O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo barweng ba tsone kgotsa mo basaitsiweng?’ E rile a re: ‘Mo basaitsiweng,’ Jesu a mo raya a re: ‘Ruri, he, barwa ba gololesegile mo lekgethong.’” (Mathaio 17:24-26) Tota Jesu o ne a sa patelesege go duela lekgetho la tempele ka gonne e ne e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Yo go obamelwang ene kwa tempeleng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a tlhalosa boammaaruri joo ka go botsa dipotso ka tsela e e molemo. Ka gone, Jesu o ne a thusa Petere go dira tshwetso e e siameng go ya ka tshedimosetso e a neng a setse a na le yone.

9. Re ka dirisa dipotso jang ka nako ya thuto ya Baebele?

9 Re ka dirisa dipotso ka tsela e e molemo ka nako ya thuto ya Baebele. Fa moithuti a sa nepe karabo, o ka nna wa raelesega go mo naya karabo e e siameng, mme gone, a ruri o tla gopola tshedimosetso eo? Gantsi go botoka fa o mo thusa go bona karabo e e siameng ka go mmotsa dipotso. Ka sekai, fa a sa tlhaloganye lebaka la go bo go le botlhokwa gore a dirise leina la Modimo, o ka nna wa mmotsa, ‘A leina la gago le botlhokwa? . . . Ka ntlha yang? . . . O tla ikutlwa jang fa motho mongwe a gana go dirisa leina la gago? . . . A ga go utlwale go bo Modimo a batla gore re mmitse ka leina la gagwe?’

10. Bagolwane ba ka dirisa dipotso jang fa ba thusa batho ba ba utlwileng botlhoko mo maikutlong?

10 Bagolwane le bone ba ka dirisa dipotso ka tsela e e molemo fa ba dira tiro ya go disa letsomane. Bontsi jwa batho mo phuthegong ba ile ba setlakiwa maikutlo ke lefatshe la ga Satane mme ba ka tswa ba ikutlwa ba se phepa e bile ba sa ratege. Mogolwane a ka thusa motho yoo go akanya sentle ka go re: ‘Le fa o re o ikutlwa o itshekologile, o akanya gore Jehofa o ikutlwa jang ka wena? Fa Rraarona yo o lorato wa selegodimo a ile a letla gore Morwaawe a swe gore a intshe setlhabelo mo boemong jwa gago, a seo ga se bontshe gore Modimo o a go rata?’—Johane 3:16.

11. Tiro ya dipotso tse di sa batleng go arabiwa ke eng, mme di ka dirisiwa jang mo puong ya phatlalatsa?

11 Dipotso tse di sa batleng karabo le tsone ke tsela e nngwe e e molemo ya go ruta. Ga di bodiwe bareetsi gore ba di arabe ka go buela kwa godimo, go na le moo, ba di bodiwa gore di ba thuse go akanya. Gantsi baporofeti ba bogologolo ba ne ba botsa dipotso tse di ntseng jalo gore bareetsi ba bone ba akanye thata. (Jeremia 18:14, 15) Jesu o ne a dirisa dipotso tse di sa batleng karabo ka tsela e e molemo. (Mathaio 11:7-11) Dipotso tse di ntseng jalo di molemo segolobogolo mo puong ya phatlalatsa. Go na le gore o reye bareetsi fela o re fa ba batla go itumedisa Jehofa ba tshwanetse go mo direla ka moya otlhe, go ka nna molemo thata fa o ba botsa jaana, ‘Fa re sa direle Jehofa ka moya otlhe, a o tla itumela?’

12. Ke eng fa go le botlhokwa go botsa dipotso tse di fatang motho maikutlo?

12 Dipotso tse di fatang motho maikutlo le tsone di molemo thata go thusa motho go bona gore a ruri moithuti wa Baebele o dumela se a se ithutang. (Mathaio 16:13-16) Moithuti a ka araba sentle a re kgokafalo ga ya siama. Mme gone, ke eng fa o sa oketse ka dipotso tse dingwe tse di jaaka, Wena ka bowena o ikutlwa jang ka melao ya Modimo e e malebana le boitshwaro? A o ikutlwa gore e a re kgoreletsa? Go ya kafa wena o bonang ka teng, a go ikobela melao ya Modimo go botlhokwa kana nnyaa?

Dipapiso Tse di Amang Pelo

13, 14. (a) Go bapisa selo go bolelang? (b) Ke eng fa dipapiso tse di molemo di na le matswela?

13 Tsela e nngwe e e molemo thata mo go ameng dipelo tsa bareetsi le baithuti ba Baebele ke ka go dirisa dipapiso ka tsela e e molemo. Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “papiso” totatota le kaya “go baya dilo mmogo kana go baya se sengwe fa thoko ga se sengwe.” Fa o dirisa papiso o a bo o tlhalosa sengwe ka go se ‘baya fa thoko ga se sengwe’ se se tshwanang le sone. Ka sekai, Jesu o ile a botsa jaana: “Ke eng se re tla tshwantshanyang bogosi jwa Modimo le sone, kgotsa re tla bo tlhalosa ka setshwantsho sefe?” Jesu o ile a araba seo ka go umaka peo e e neng e itsege thata ya mosetara.—Mareko 4:30-32.

14 Baporofeti ba Modimo ba ne ba dirisa dipapiso tse dintsi tse di molemo. Fa Baasiria ba Modimo a neng a ba dirisa go otlhaya Baiseraele ba ne ba nna setlhogo thata, Isaia o ne a senola go ipagololela mogodu ga bone ka papiso eno: “A selepe se a bo se tlaa belafalela ene yo o remang ka sone? A sage o tlaa ikgodisetsa ene yo o setlhang ka ene?” (Isaia 10:15) Jesu le ene fa a ne a ruta batho o ne a dirisa dipapiso thata. Go bolelwa gore “o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho.” (Mareko 4:34) Dipapiso tse di molemo di a thusa ka gonne di dira gore motho a akanye e bile di ama pelo. Di thusa moreetsi gore a nne bonako go amogela tshedimosetso e ntšha ka go e bapisa le se a setseng a tlwaelane le sone.

15, 16. Ke eng se se ka dirang gore dipapiso di nne le matswela? Naya sekai.

15 Re ka dirisa dipapiso tse ruri di amang pelo jang? Pele, papiso e tshwanetse ya bo e tsamaelana sentle le se go buiwang ka sone. Fa papiso e sa tsamaelane le sone, e tla latlha bareetsi mo boemong jwa go ba sedimosetsa. Sebui sengwe se se neng se tlhoafetse se kile sa leka go tlhalosa tsela e masalela a batlodiwa a ikobelang Jesu Keresete ka yone ka go ba tshwantsha le ntša e e ruilweng e e boikobo. Mme gone, a papiso e e ntseng jalo e e nyenyefatsang e a tshwanela? Baebele e tlhalosa yone kgang eno ka tsela e e botokanyana le e e nang le seriti. E tshwantsha balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ba 144 000 le “monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe.”—Tshenolo 21:2.

16 Dipapiso di molemo thata fa di amana le dilo tse batho ba di tlwaetseng mo botshelong. Papiso ya ga Nathane ya kwanyana e e bolailweng e ne ya ama Kgosi Dafide pelo ka gonne o ne a rata dinku ka e bile e kile ya bo e le modisa fa a sa le mosha. (1 Samuele 16:11-13; 2 Samuele 12:1-7) Fa a ka bo a dirisitse papiso e e amanang le poo gongwe e ne e ka se mo ame go le kalo. Go ntse jalo le ka dipapiso tse di amanang le dilo dingwe tsa saense kana le ditiragalo dingwe tse di bofitlha tsa hisitori, di ka nna tsa se ka tsa ama bareetsi ba rona go le kalo. Jesu o ne a dirisa dipapiso tse di malebana le dilo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. O ne a bua ka dilo tse di tlwaelegileng tse di jaaka lebone, dinonyane tsa legodimo, dithunya tsa masoma. (Mathaio 5:15, 16; 6:26, 28) Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba ka tlhaloganya dilo tseo motlhofo.

17. (a) Re ka thaya dipapiso tsa rona mo go eng? (b) Re ka fetola jang dipapiso tse di mo dikgatisong tsa rona gore di tshwanele maemo a baithuti ba rona?

17 Mo bodireding jwa rona, re na le ditshono tse dintsi tsa go dirisa dipapiso tse di motlhofo mme di le molemo. Nna kelotlhoko. (Ditiro 17:22, 23) Gongwe papiso e ka dirwa ka ngwana wa moreetsi wa gago, mmereko kana tiro ya gagwe ya go itlosa bodutu. Kana re ka nna ra dirisa kitso e re setseng re na le yone ka moithuti wa rona wa Baebele go nonotsha papiso e e mo kgatisong e e ithutiwang. Ka sekai, akanya ka papiso e e molemo e e dirisitsweng mo go serapa 14 sa kgaolo 8 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. E bua ka motsadi yo o lorato yo o senngwang leina ke moagelani wa gagwe. Re ka nna ra ipha nako ya go akanya gore re ka fetola papiso eo jang go ya ka maemo a moithuti yoo wa Baebele yo ka boene e leng motsadi.

Go Bala Dikwalo ka Botswerere

18. Ke eng fa re tshwanetse go kgaratlhela go bala ka thelelo?

18 Paulo o ile a gakolola Timotheo jaana: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng.” (1 Timotheo 4:13) E re ka Baebele e le yone motheo wa thuto ya rona, go botlhokwa gore re e bale ka thelelo. Balefi ba ne ba na le tshiamelo ya go balela batho ba Modimo Molao wa ga Moshe. A ba ne ba o bala ka go kwakwaetsa kana ka lentswe le le seng monate? Nnyaa, mo go Nehemia 8:8 Baebele ya re: “Ba bala mo lokwalong, mo molaong wa Modimo, ka thanolo; ba phutholola mafoko, mme batho ba tlhaloganya go balwa ga one.”

19. Re ka tokafatsa jang tsela e re balang Dikwalo ka yone?

19 Banna bangwe ba Bakeresete ba e leng dikgeleke mo puong ba dira bokoa mo go baleng. Ba ka tokafatsa seno jang? Ka go ikatisa. Ee, ka go balela kwa godimo ba boaboeletsa go fitlha ba kgona go bala ka thelelo. Fa e le gore go na le dikhasete tsa mmalo wa Baebele ka puo ya gaeno, go ka nna molemo gore o reetse kafa mmadi a balang ka teng a tla a gatelela mafoko go ya ka se se buiwang le go tla a fetofetola segalo sa lentswe le go ela tlhoko kafa maina le mafoko a a sa tlwaelegang a bidiwang ka teng. Ba ba nang le New World Translation ba ka dirisa matshwao a go thusa go bitsa mafoko sentle.a Ka go ikatisa o ka kgona go bitsa le maina a a thata a a jaaka Maherešalale-haše-base.—Isaia 8:1.

20. Re ka ‘tlhokomela go ruta ga rona’ jang?

20 A bo rona batho ba ga Jehofa re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna barutisi! Ka gone, a mongwe le mongwe wa rona a tseye boikarabelo jono masisi. A re ‘itlhokomeleng e bile re tlhokomele le go ruta ga rona.’ (1 Timotheo 4:16) Re ka nna barutisi ba ba molemo ka go nna bareetsi ba ba molemo, ka go tlhofofatsa dilo, ka go botsa dipotso tse di thusang motho go akanya, ka go dirisa dipapiso tse di molemo le ka go bala dikwalo ka botswerere. E kete rotlhe re ka solegelwa molemo ke thapiso e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa ka gonne seno se ka re thusa go nna le “loleme lwa ba ba rutegileng.” (Isaia 50:4) Ka go dirisa didirisiwa tsotlhe tse re tlamelwang ka tsone mo bodireding jwa rona, go akaretsa le diboroutšhara, dikhasete le dikhasete tsa dibidio, re ka ithuta go ruta ka temogo le ka go tlhotlheletsa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a kgaoganngwa go ya ka dinoko tsa one mme noko nngwe le nngwe e tsenngwa letshwao le le supang segalo se se tshwanetseng go dirisiwa. Noko e e nang le letshwao e tshwanetse go nna le segalo se se kwa godimo.

A o A Gakologelwa?

◻ Go nna moreetsi yo o molemo go ka re thusa jang fa re ruta?

◻ Re ka etsa Paulo le Jesu jang ka go tlhofofatsa dilo fa re ruta?

◻ Re ka dirisa dipotso tsa mofuta ofe fa re ruta batho?

◻ Ke dipapiso dife tse di nang le matswela go gaisa?

◻ Re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona jwa go bala phatlalatsa?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Morutisi yo o molemo o a reetsa gore a nne le temogo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a dira dipapiso ka dilo tse di tlwaelegileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela