Nna o Tlhokometse go Ruta ga Gago
“Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 TIMOTHEO 4:16.
1, 2. Ke eng fa barutisi ba ba tlhagafetseng ba tlhokega thata jaana gompieno?
“TSAMAYANG mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ka ntlha ya taelo eno ya ga Jesu Keresete, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go leka go nna barutisi. Go tlhokega barutisi ba ba tlhagafetseng go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go itse Modimo pele ga go nna thari. (Baroma 13:11) Moaposetoloi Paulo o ile a kgothatsa jaana: “Rera lefoko, dira jalo ka tlhoafalo ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.” (2 Timotheo 4:2) Seno se ama go ruta mo teng ga phuthego le kwa ntle. Ee ruri, tiro ya go rera ga e akaretse fela go itsise batho molaetsa wa Modimo. Gore batho ba ba kgatlhegang ba nne barutwa, re tshwanetse go ba ruta ka tsela e e molemo.
2 Re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Batho ba timeditswe ke difilosofi tsa lefatshe le dithuto tsa maaka. Bontsi jwa bone ba “mo lefifing mo mogopolong” e bile ga ba “tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.” (Baefeso 4:18, 19) Bangwe ba utlwile botlhoko thata mo maikutlong. Ee, ruri batho ba “sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Le fa go ntse jalo, ka go dirisa botswerere jwa go ruta, re ka thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go fetoga ka tsela e e tshwanetseng.
Barutisi mo Phuthegong
3. (a) Taelo ya ga Jesu ya gore re rere e akaretsa eng? (b) Ke bomang ba ba nang le boikarabelo jo bogolo jwa go ruta mo phuthegong?
3 Ka thuso ya thulaganyo ya thuto ya legae ya Baebele, dimilione tsa batho di rutwa ka namana. Mme morago ga go kolobediwa, batho bao ba basha ba tlhoka go thusiwa go ya pele gore ba ‘tle ba name medi le go tlhomiwa mo motheong.’ (Baefeso 3:17) Fa re ntse re diragatsa taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20 le go kaela batho ba basha mo phuthegong ya ga Jehofa, ba solegelwa molemo ke go rutwa mo phuthegong ka boyone. Go ya ka Baefeso 4:11-13, go ne ga tlhomiwa banna go nna “badisa le ba ba rutang, ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete.” Ka dinako tse dingwe, tiro ya bone e akaretsa go ‘kgalemela, go [laya], le go rotloetsa, ka go itshwara ka bopelotelele.’ (2 Timotheo 4:2) Tiro ya barutisi e ne e le botlhokwa thata jaana mo e leng gore Paulo o ne a tlhomaganya barutisi kafa morago ga baaposetoloi le baporofeti mo lekwalong le a le kwaletseng Bakorintha.—1 Bakorintha 12:28.
4. Botswerere jwa go ruta bo ka re thusa jang go diragatsa kgothatso ya ga Paulo e e mo go Bahebera 10:24, 25?
4 Ke boammaaruri gore ga se Bakeresete botlhe ba e leng bagolwane kana balebedi. Le fa go ntse jalo, rotlhe re kgothalediwa go tlhotlheletsana “mo loratong le mo ditirong tse di molemomogolo.” (Bahebera 10:24, 25) Go dira jalo mo dipokanong go akaretsa dikakgelo tse di baakanyeditsweng sentle le tse di tswang pelong tse di ka agang ba bangwe le go ba kgothatsa. Baboledi ba Bogosi ba ba nang le maitemogelo le bone ba ka ‘tlhotlheletsa ba bangwe mo ditirong tse di molemomogolo’ ka go nathela baboledi ba basha kitso le maitemogelo a bone fa ba dira le bone mo bodireding jwa tshimo. Ba ka ba ruta ka tsela e e molemo ka dinako tseo le fa go itlotlelwa fela. Ka sekai, basadi ba ba godileng ba kgothalediwa go nna “ba ba rutang se se molemo.”—Tito 2:3.
Go Tlhotlhelediwa go Dumela
5, 6. (a) Bokeresete jwa boammaaruri bo farologana jang le kobamelo ya maaka? (b) Bagolwane ba thusa batho ba basha jang go dira ditshwetso tse di molemo?
5 Ka gone, Bokeresete jwa boammaaruri bo farologana thata le madumedi a maaka a bontsi jwa one a ratang go laola tsela ya go akanya ya maloko a one. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba batla go laola mo e ka nnang sengwe le sengwe se batho ba se dirang mo botshelong ka go dirisa dingwao tse di gatelelang tse di itiretsweng ke batho. (Luke 11:46) Gantsi baruti ba Labokeresete le bone ba dira jalo.
6 Le fa go ntse jalo, kobamelo ya boammaaruri yone ke “tirelo e e boitshepo” e re e dirang ka ‘maatla a rona a go akanya.’ (Baroma 12:1) Batlhanka ba ga Jehofa ba ‘tlhotlhelediwa go dumela.’ (2 Timotheo 3:14) Ka dinako tse dingwe, go ka tlhokega gore ba ba eteletseng pele ba tlhome ditaelo le dithulaganyo tse di thusang gore dilo di tsamaye ka thelelo mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, go na le gore bagolwane ba batle go direla Bakeresetekabone ditshwetso, ba ba ruta go “farologanya se se siameng le se se phoso.” (Bahebera 5:14) Bagolwane ba dira jalo segolobogolo ka go otla phuthego ka “mafoko a tumelo le a thuto e e molemomogolo.”—1 Timotheo 4:6.
Go Tlhokomela go Ruta ga Gago
7, 8. (a) Batho ba ba nang le bokgoni fela jo bo lekanyeditsweng ba ile ba thusa jang mo tirong ya go ruta? (b) Ke eng se se bontshang gore go tlhokega maiteko gore motho e nne morutisi yo o molemo?
7 Le fa go ntse jalo, a re boele gape mo tirong e re e neilweng rotlhe ya go ruta. A tiro eno e re tlhoka gore re nne le botswerere, thutego kana bokgoni bongwe pele ga re e dira? Nnyaa. Gantsi tiro eno ya go rera lefatshe ka bophara e dirwa ke batho fela ba ba nang le bokgoni jo bo lekanyeditsweng. (1 Bakorintha 1:26-29) Paulo o tlhalosa jaana: “Re na le letlotlo leno [bodiredi] mo dijaneng tsa letsopa [mebele e e sa itekanelang], e le gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Katlego e kgolo e tiro ya go rera ka Bogosi lefatshe ka bophara e nnileng le yone, ke bosupi jwa maatla a moya wa ga Jehofa o nang nao!
8 Le fa go ntse jalo, go tlhokega maiteko a magolo gore o nne “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwara lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Paulo o ile a kgothatsa Timotheo jaana: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Motho a ka tlhokomela go ruta ga gagwe jang mo phuthegong kana kwa ntle? A go dira jalo go akaretsa gore motho a bo a na le bokgoni kana botswerere jo bo rileng jwa go ruta?
9. Ke eng se se leng botlhokwa go feta bokgoni jo re tsetsweng re na le jone?
9 Eleruri Jesu o ile a supa go nna le mekgwa ya go ruta e e molemo thata mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng. Fa a fetsa go bua, “boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 7:28) Ke boammaaruri gore ga go ope wa rona yo o ka rutang ka tsela e e molemo jaaka Jesu. Le fa go ntse jalo, go nna barutisi ba ba molemo ga go tlhoke gore re bo re le dileta mo puong. Ebu, go ya ka Jobe 12:7, le e leng “ditshedi” le “dinonyane” di ka ruta di didimetse! Mo godimo ga bokgoni kana botswerere bope fela jo re ka tswang re na le jone, selo se se botlhokwa thata ke kgang ya gore re “batho ba mofuta ofe”—ke dinonofo dife tse re nang le tsone le gore ke mekgwa efe ya dilo tsa semoya e re nang le yone e moithuti a ka e etsang.—2 Petere 3:11; Luke 6:40.
Baithuti ba Lefoko la Modimo
10. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo jang mo go nneng moithuti wa Lefoko la Modimo?
10 Morutisi yo o molemo wa boammaaruri jwa Dikwalo o tshwanetse go nna moithuti wa Lefoko la Modimo. (Baroma 2:21) Jesu Keresete o ile a re tlhomela sekao se se molemo thata mo kgannyeng eno. Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a umaka kana a tlhalosa dilo tse di neng di tsamaisana le mo e ka nnang halofo ya dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera.a O ile a bontsha gore o tlwaelane le Lefoko la Modimo fa a le dingwaga tse 12, fa a ne a fitlhelwa “a ntse mo gare ga ba ba rutang mme a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” (Luke 2:46) Fa Jesu a setse a godile, o ne a tlwaetse go ya sinagogeng, koo go neng go balwa Lefoko la Modimo teng.—Luke 4:16.
11. Morutisi o tshwanetse go leka go nna le mekgwa efe e e molemo ya go ruta?
11 A o motho yo o tlhagafaletseng go bala Lefoko la Modimo? Go le ithuta ka natla go tla go thusa go “tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.” (Diane 2:4, 5) Ka jalo, leka go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta. Leka go bala karolo nngwe ya Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. (Pesalema 1:2) Itlwaetse go bala makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fela fa o fitlha. Reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong tsa phuthego. Ithute go dira dipatlisiso ka kelotlhoko. Ka go ithuta go ‘latedisa dilo tsotlhe ka tlhomamo,’ o ka tila go feteletsa dilo le go se tlhalose dilo sentle fa o ruta.—Luke 1:3.
Go Rata le go Tlotla ba ba Rutwang
12. Jesu o ne a ikutlwa jang ka barutwa ba gagwe?
12 Nonofo e nngwe e e botlhokwa thata ke go nna le maikutlo a a siameng ka batho ba o ba rutang. Bafarasai ba ne ba na le maikutlo a go nyatsa batho ba ba neng ba reetsa Jesu. Ba ne ba re: “Boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Mme Jesu ene o ne a rata barutwa ba gagwe thata e bile a ba tlotla. O ile a re: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka, ka gonne motlhanka ga a itse se mong wa gagwe a se dirang. Mme ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Johane 15:15) Seno se ne se supa kafa barutwa ba ga Jesu ba neng ba tshwanetse go dira tiro ya go rera ka teng.
13. Paulo o ne a ikutlwa jang ka batho ba a neng a ba ruta?
13 Ka sekai, Paulo o ne a se moya o tsididi fela mo baithuting ba gagwe. O ne a raya Bakorintha a re: “Lefa lo ka tswa lo na le bagogi ba le dikete di le lesome mo go Keresete, eleruri ga lo na borre ba bantsi; gonne mo go Keresete Jesu, jaanong ke rraalona ka dikgang tse di molemo.” (1 Bakorintha 4:15) Nako nngwe Paulo o ile a ba a tsholola dikeledi fa a ne a gakolola ba a neng a ba ruta! (Ditiro 20:31) Gape o ne a le pelotelele thata e bile a le pelonomi. Ke gone ka moo a neng a ka raya Bathesalonika a re: “Re ne ra nna bonolo gareng ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.”—1 Bathesalonika 2:7.
14. Ke eng fa go bontsha go kgatlhegela moithuti wa rona wa Baebele go le botlhokwa jaana? Tshwantsha.
14 A o etsa Jesu le Paulo? Go rata baithuti ba rona go tswa pelong go ka bipa ditlhaelo dipe fela tsa tlholego tse re ka tswang re na le tsone. A baithuti ba rona ba Baebele ba kgona go bona gore ruri re a ba kgatlhegela? A re ipha nako ya go ba itse sentle? E ne ya re fa mosadi mongwe wa Mokeresete a ne a na le bothata jwa go thusa moithuti go gatela pele semoyeng, o ne a mmotsa jaana ka bopelonomi: “A go na le sengwe se se go tshwentseng?” Mosadi yono o ne a simolola go mmulela mafatlha, a mmolelela dilo dingwe tse di mo tshwentseng le tse di mo tlhobaetsang. Motlotlo oo o o supang lorato o ne wa feleletsa o dirile gore mosadi yono a dire phetogo e kgolo. Mo maemong a a ntseng jalo go ka nna molemo go ntsha dikakantsho tsa Dikwalo le go kgothatsa motho. (Baroma 15:4) Le fa go ntse jalo, tlhagiso ke e: Moithuti wa Baebele a ka tswa a gatela pele mme gone a sa ntse a tshwanelwa ke go tlogela mekgwa mengwe e e seng ya Bokeresete. Ka jalo go ka se nne molemo go tsalana thata le ene. Re tshwanetse go bontsha tekatekano ya Bokeresete.—1 Bakorintha 15:33.
15. Re ka bontsha jang gore re tlotla baithuti ba rona ba Baebele?
15 Go bontsha go tlotla baithuti ba rona go akaretsa go se leke go laola matshelo a bone. (1 Bathesalonika 4:11) Ka sekai, re ka nna ra bo re ithuta le mosadi yo o nnang le monna yo ba sa nyalanang le ene. Gongwe ba na le bana. Mosadi yono o batla go baakanya dilo le Jehofa ka go bo jaanong a na le kitso e e boammaaruri ya Modimo. (Bahebera 13:4) A a nyalane le monna yono kana a kgaogane le ene? Gongwe re na le maikutlo a gore fa a nyalana le monna yono yo o sa kgatlhegeleng dilo tsa semoya go tla kgoreletsa kgatelo pele ya gagwe mo isagweng. Kafa letlhakoreng le lengwe re ka nna ra boifa gore bana ba gagwe ba tla sotlega mme re bo re akanya gore go ka nna botoka fa a ka nyalana le ene. Le fa seemo e ka tswa e le sefe, ga se go supa tlotlo le lorato fa re itshunya nko mo botshelong jwa moithuti le go leka go mo tlhotlheletsa go dira dilo go ya ka megopolo ya rona. Kana e bile, ke ene yo o tlileng go lebana le matswela a tshwetso eo. Jalo he, a go ne go ka se nne molemo go thapisa moithuti yoo go dirisa ‘dikgono tsa gagwe tsa go akanya’ mme a bo a itirela tshwetso ka boene?—Bahebera 5:14.
16. Bagolwane ba ka bontsha letsomane la Modimo lorato le tlotlo jang?
16 Go botlhokwa thata gore segolobogolo bagolwane ba bontshe go rata letsomane le go le tlotla. Fa Paulo a ne a kwalela Filimone, o ile a re: “Lefa ke na le kgololesego e kgolo ya go bua malebang le Keresete ya go go laela go dira se se tshwanetseng, go na le moo, ke go rotloetsa mo motheong wa lorato.” (Filemone 8, 9) Ka dinako tse dingwe go ka tlhaga maemo a a sa itumediseng mo phuthegong. Go ka tlhokega gore go gagamadiwe letsogo go sekae. Paulo o ile a kgothaletsa Tito gore a ‘kgalemele [badirabosula] a gagamaditse, gore ba itekanele mo tumelong.’ (Tito 1:13) Le fa go ntse jalo, balebedi ba tshwanetse go leka ka natla gore ba se ka ba bua le phuthego ka tsela e e makgwakgwa. Paulo o ile a re: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go tlhabana, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta, a ipoloka a ithibile mo bosuleng.”—2 Timotheo 2:24; Pesalema 141:3.
17. Moshe o ile a dira phoso efe, mme bagolwane ba ka ithuta eng mo go yone?
17 Balebedi ba tshwanetse go nna ba ikgopotsa gore ba dirisana le “letsomane la Modimo.” (1 Petere 5:2) Le mororo Moshe e ne e le motho yo o boikokobetso, bo ile jwa mo latlhegela ka nakwana. Baiseraele ba ne ba “rukhutlhela mowa wa gagwe, mme a bua ka phorumelo ka dipounama tsa gagwe.” (Pesalema 106:33) Modimo o ile a se ka a itumelela tsela eno e a ileng a tshwara letsomane la Gagwe maswe ka yone le fa le lone le ne le le molato. (Dipalo 20:2-12) Fa bagolwane ba lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo gompieno, ba tshwanetse go leka go ruta le go laya ka temogo le ka bopelonomi. Bakaulengwe ba rona ba tsiboga ka tsela e e molemo fa ba tshwarwa ka tlotlo le jaaka batho ba ba tlhokang thuso e seng jaaka batho ba ba ka se kang ba fetoga. Bagolwane ba tshwanetse go nna le pono e e molemo e e tshwanang le e Paulo a neng a na le yone fa a ne a re: “Re na le tshepo mo Moreneng malebang le lona, gore lo dira dilo tse re di laelang e bile lo tla tswelela lo di dira.”—2 Bathesalonika 3:4.
Go Tsibogela Dilo Tse ba di Tlhokang
18, 19. (a) Re tshwanetse go tsibogela jang ditlhaelo dingwe tsa baithuti ba rona ba Baebele? (b) Re ka thusa baithuti ba ba nang le mathata mo dilong dingwe jang?
18 Morutisi yo o molemo o iketleeletsa go lepalepana le dikgono le ditlhaelo tsa baithuti ba gagwe. (Bapisa Johane 16:12.) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, mong o ne a naya “mongwe le mongwe go ya ka kgono ya gagwe.” (Mathaio 25:15) Re ka dira jalo le rona fa re tshwara dithuto tsa Baebele. Ka tlwaelo re rata go fetsa go ithuta kgatiso ya Baebele mo lobakeng lo lo rileng lo lo khutshwane sentle. Le fa go ntse jalo, ga se baithuti botlhe ba ba kgonang go bala sentle kana go tlhaloganya dintlha tse disha ka bonako. Ka gone, motho o tshwanetse a dirisa temogo malebana le gore ke leng go tlhokegang gore a tswe mo ntlheng e nngwe mme a fetele kwa go e nngwe ka nako ya thuto fa motho yo o kgatlhegang a sa kgone go tlhaloganya dintlha ka bonako. Go thusa baithuti go tlhaloganya se ba se ithutang go botlhokwa thata go gaisa go itlhaganelela go fetsa dintlha mo lobakeng lo lo rileng.—Mathaio 13:51.
19 Go ntse jalo le ka baithuti ba Baebele ba ba nang le bothata ka dilo tse di jaaka Tharonngwe kana malatsi a boikhutso a bodumedi. Le fa gantsi go sa tlhokege gore re dire dipatlisiso tse di tswang mo Baebeleng ka nako ya fa re ithuta le baithuti ba rona, ka dinako tse dingwe re ka nna ra dira jalo fa e le gore go dira jalo go tla ba solegela molemo. Motho o tshwanetse a dirisa temogo sentle gore a se ka a diegisa kgatelopele ya moithuti go sa tlhokege.
Nna Matlhagatlhaga!
20. Paulo o ile a tlhoma sekao jang mo go nneng matlhagatlhaga le go tlhatswega pelo fa a ruta?
20 Paulo a re: “Tukang mo moyeng.” (Baroma 12:11) Ee, re tshwanetse go nna matlhagatlhaga e ka ne re tshwere thuto ya legae ya Baebele kana re nna le seabe ka tsela nngwe mo dipokanong tsa phuthego. Paulo o ile a raya Bathesalonika a re: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le tlhatswego pelo e e nonofileng.” (1 Bathesalonika 1:5) Ka gone, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ba naya “e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya [bone].”—1 Bathesalonika 2:8.
21. Re ka bontsha matlhagatlhaga jang mo dikabelong tsa rona tsa go ruta?
21 Selo se se ka go thusang go nna matlhagatlhaga sentle ke fa o tlhatswegile pelo gore moithuti wa gago wa Baebele o tlhoka go utlwa se o batlang go mmolelela sone. A le ka motlha re se ka ra tsaya kabelo epe ya go ruta e le seomodiro fela. Ga go pelaelo gore Esera wa mokwadi o ile a ela tlhoko tsela ya gagwe ya go ruta. O ne a “itlhomamisitse pelo gore o tlaa batla molao wa ga Jehofa, a ba a o dira, a ba a ruta batho melao le dikatlholo mo Iseraele.” (Esera 7:10) Le rona re tshwanetse go ipaakanyetsa jalo ka botlalo le go akanya thata ka botlhokwa jwa se re se rutang. A re rapeleng Jehofa gore a re tlatse ka tumelo le go re thusa go tlhatswega pelo. (Luke 17:5) Go nna matlhagatlhaga ga rona le gone go ka thusa baithuti ba rona ba Baebele go rata boammaaruri ka tsela ya mmatota. Ke boammaaruri gore, go tlhokomela go ruta ga rona go ka nna ga akaretsa go dirisa mekgwa mengwe ya go ruta. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka mengwe ya yone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 1071, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke eng fa gompieno go tlhokega barutisi ba ba ditswerere ba Bakeresete?
◻ Ke mekgwa efe e e molemo ya go ithuta e re lekang go nna le yone?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa gore re rate le go tlotla ba re ithutang le bone?
◻ Re ka tsibogela jang ditlhaelo tsa baithuti ba rona ba Baebele?
◻ Ke eng fa matlhagatlhaga le go tlhatswega pelo go le botlhokwa thata fa re ruta ba bangwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Barutisi ba ba molemo ke baithuti ba Lefoko la Modimo ka bobone
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Bontsha go kgatlhegela baithuti ba Baebele