A Dikwalo di Dumalana le go Abelana Dimpho?
BAEBELE ga e kgatlhanong le gore motho a abele ba bangwe dimpho fa a dira jalo ka maikaelelo a a siameng. Go abela ba bangwe dimpho ga go bolo go nna seabe se segolo mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Motlhanka yo o tsofetseng wa ga Aborahame o ne a abela Rebeka dimpho tsa mabenyane fa a sena go bona bosupi jwa gore Jehofa o mo abetse go nna mosadi wa ga Isake. (Genesise 24:13-22) Go tswa foo, motlhanka wa ga Aborahame o ne a abela Rebeka dimpho tse dingwe gape a ba a naya le “kgaitsadie le mmaagwe dilo tse di di gaisang tsotlhe” morago ga gore Labane le Bethuele ba dumele gore ba ka nna ba nyalana.—Genesise 24:50-53.
Go ka nna ga bo go ne go tlwaelegile mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso gore batho ba abele ba ba wetsweng ke masetlapelo dimpho. Fa Jehofa a sena go fetola maemo a a sa itumediseng a ga Jobe, bomorwarraagwe, le bomorwadiarraagwe le batho ba a neng a tlwaelane le bone ba ne ba se ka ba tla go mo gomotsa fela, go na le moo, mongwe le mongwe wa bone o ne a mo abela “ledi, le mongwe le mongwe lenyena la gouta.”—Jobe 42:10, 11.
Dimpho di ka Solegela Moabi Molemo
Gantsi batho ba ne ba abela ba bangwe dimpho e le gore ba ba direle sengwe se se molemo. Jakobe o ne a baakanya mpho e kgolo ya diruiwa go e abela Esau e le gore mogoloe a ke a mo itshwarele. (Genesise 32:13-18; 33:8) Re ka tlhaloganya lebaka la go bo Jakobe a ile a pateletsa Esau gore a amogele mpho eno ya gagwe ka gonne go ya ka tlwaelo ya kwa Botlhaba, fa motho a gana mpho ya mongwe go ne go supa gore ga a ne a direla motho yoo molemo o a o solofetseng.—Genesise 33:10.
Malebana le melemo e moabi a nnang le yone seane sa re: “Neo ya motho e tle e mo fenosetse bonno, mme e mo ise fa pele ga batho ba bagolo.” (Diane 18:16) Mpho e ka reba motho bogale, mme gone, le fa motho a ka ntsha mpho e kgolo go le kana kang, e ka se okobatse tšhakgalo ya motho yo go dirilweng boaka le mosadi wa gagwe.—Diane 21:14; 6:32-35.
Go Abela Dikgosi, Baporofeti le ba Bangwe Dimpho
Go bonala go ne go tlwaelegile gore fa batho ba tla go bona kgosi ba e tlele dimpho. “Banna bangwe ba ba diramatla” ba ba neng ba sa tlotle Saule go bolelwa fa ba ile ba se ka ba mo leretse dimpho. Solomone o ne a abelwa dimpho segolobogolo ke batho ba ba neng ba tswa kgakala ba tlile go ikutlwela botlhale jwa gagwe.—1 Samuele 10:27; 1 Dikgosi 10:10, 24, 25.
Balepadinaledi ba ba neng ba tlile go bona “yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda” ba ne ba tla ka dimpho go di abela ngwana Jesu e le fela go latela tlwaelo ya nako eo. (Mathaio 2:1, 2, 11) Ka dinako tse dingwe batho ba ba yang go botsa kwa moporofeting le bone ba ne ba ya ba tshotse dimpho. (2 Dikgosi 8:8, 9) Le fa go ntse jalo, baporofeti ba Modimo ba ne ba sa dire tiro ya bone ka go kopa dimpho kana go lebelela gore batho ba ba abele dimpho, seno re se lemoga mo tiragalong ya fa Elisha a ne a gana go amogela “mpho” e e tswang mo go Naamane.—2 Dikgosi 5:15, 16.
Gantsi dimpho di ne di abelwa batho ba ba neng ba kgonne go dira tiro nngwe ka katlego. (Daniele 2:6, 48) Go ya ka Molao, lekgoba le le golotsweng le ne le sa tshwanela go romelwa gae le iphotlhere fela, go na le moo, le ne le tshwanetse go newa mpho go tswa mo letsomaneng, go tswa mo seboaneng le go tswa mo lookwaneng le mo segatisetsong sa beine. (Duteronome 15:13, 14, NW) Gape go ne go abelanwa dimpho ka nako ya meletlo ya boipelo jo bogolo.—Esethere 9:20-22; bapisa Tshenolo 11:10.
Go Abela Felo ga Boitshepo
Modimo o ne a tsaya Balefi e le mpho e e tswang mo lelapeng la ga Arone, a ba tsaya e le ba ba abetsweng Jehofa go dira tiro ya gagwe mo felong ga boitshepo. (Dipalo 18:6, 7) Bagibione le batho ba bangwe ba ba neng ba dirilwe batlhanka kwa felong ga boitshepo ba ne ba bidiwa Banethinime, mo go kayang, “Ba ba Abilweng.”—Esera 8:20.
Jehofa ke ene mong wa dilo tsotlhe ka gonne e le ene mmopi. Ka gone, fa motho a abela kobamelo ya gagwe dithoto dingwe tota motho yoo o a bo a busetsa Modimo bontlhanngwe jwa dilo tse e neng e ntse e le tsa gagwe.—1 Ditirafalo 29:14.
Tlhagiso Malebana le Dimpho
E re ka dimpho tse batho ba di ntshang e le pipamolomo di senya pelo ya motho e bile di dira gore dilo di se ka tsa dirwa ka tshiamiso, Dikwalo di re tlhagisa gore re ile dimpho tse di ntseng jalo. Di kgala batho ba ba gwalalelang dimpho.—Duteronome 16:19, 20; Isaia 1:23.
Mo godimo ga moo, motho “yo o ipelafatsang ka ga dineo tsa gagwe a aka,” o tshwantshiwa le maru a a geletseng metsi le phefo mme go se na pula. (Diane 25:14) Motho yo o abang dimpho a ka tswa a na le ditsala tse dintsi le fa go ntse jalo go aba dimpho ga gagwe ga go bolele gore botsala joo bo tla nnela ruri.—Diane 19:6.
Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di kgatlhanong thata le mekgwa mengwe e e amanang le go aba dimpho. Jesu o ne a kgala bakwadi le Bafarasai ka go bo ba ne ba tlola molao o o malebana le gore motho a tlotle mmaagwe le rraagwe. Go ya ka bone, fa motho a ne a bolela gore o tlile go abela Modimo dithoto tsa gagwe e le mpho, o ne a sa patelesege go ka thusa batsadi ba gagwe ka tsone le mororo a ne a ka tswelela pele a di itirisetsa.—Mathaio 15:1-6.
Ga go thuse sepe fa motho a aba dimpho fela ka go bo a solofetse go abelwa sengwe mo boemong jwa tsone. (Luke 14:12-14) Fa motho a batla go itumedisa Jehofa, o tshwanetse go abela ba bangwe ka bopelotshweu e seng ka go batla go ipontsha ba bangwe.—Mathaio 6:2-4.
Go Aba mo Bakereseteng
Bakeresete ba pele ba ne ba tle ba abele bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang dimpho kana go ba ntshetsa meneelo. Le fa go ntse jalo, motho o ne a sa patelediwe go ntsha dimpho tse di ntseng jalo, jaaka fa re bona seno mo mafokong ano a ga Paulo: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata monei yo o thamileng.” (2 Bakorintha 9:7) Mo godimo ga moo, ba ne ba thusa le batho ba ba ineetseng ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete, ba ba jaaka moaposetoloi Paulo. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a se ke a kopa dimpho tseo le fa gone a ne a tle a di anaanele fa bakaulengwe ba gagwe ba mo abela tsone.—Bafilipi 4:15-17.
Bakeresete ba ka abela ba bangwe dilo tse di botlhokwa thata go gaisa dithoto. Ba ka ba abela nako ya bone le bokgoni jwa bone go nonotsha le go aga ba bangwe mo tlhaloganyong le mo semoyeng e leng selo se se tlisang boitumelo jo bogolo. Mpho e kgolo go gaisa tsotlhe e batho ba ka e abelanang ke ya go thusana go nna le kitso ya Lefoko la Modimo, ka gonne seno se ka thusa yo o e abelwang go bona botshelo jo bosakhutleng.—Johane 17:3.