LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/15 ts. 32
  • “Go ne Go Rena Moya wa Kagiso”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go ne Go Rena Moya wa Kagiso”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/15 ts. 32

“Go ne Go Rena Moya wa Kagiso”

MONNA mongwe yo o buang Sejeremane o ne a ya kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa a batla fela go “tlhodumela” Basupi. Ka ntlha yang? O ne a batla go “senola masaikategang a lekoko leno mme ka jalo a namola ditsala tsa gagwe mo tatlhegong.” Morago ga go nna gone kwa kopanong eno o ne a kwalela ditsala tseno tsa gagwe jaana:

“E ne ya re fa ke atamela lefelo la kopano ka ipotsa gore a ga ke a timela. Go ne go se motho ope kwa ntle, go se na matlakala kana meteme ya biri fa fatshe. Fa ke ntse ke atamela, ke ne ka bona borre bangwe ba babedi fa kgorwaneng ya setediamo. Ba ne ba ntumedisa mme ba ntetla go tsena.

“Ke ne ke solofetse go utlwa modumo o mogolo o o bakwang ke diketekete tsa batho ba ba neng ba le moo, go na le moo, go ne go sisibetse. Ke ne ka akanya gore, ‘Gongwe go tlile batho ba sekaenyana fela ba ba gasameng fale le fale.’

“Fa ke goroga fela, ke ne ka gapiwa matlho ke terama e e neng e tshamekiwa mo seraleng. Ke ne ka lemoga moragonyana gore setediamo se ne se tletse ka diketekete tsa bareetsi ba ba neng ba reeditse ka kelotlhoko. Go ne go rena moya wa kagiso. Dilo tse ke neng ka di bona le go di utlwa mo dipuong tse di neng di setse tsa kopano di ne tsa nkgatlha tota.

“Fa ke ntse ke itswakanya le Basupi ke ne ka lemoga difatlhego tse di itumetseng le go utlwa mafoko a a supang lorato. Ke ne ka ikutlwa fela ke setse ke na le maikutlo a gore, ‘Ruri ba ke batho ba Modimo!’”

Mo boemong jwa go ‘namola ditsala tsa gagwe mo tatlhegong,’ lekawana leno le ne la ba kopa gore ba ithute Baebele le ene. Go ile ga felela jang? Gompieno ke mogolwane wa Mokeresete. Ene le lelapa la gagwe ba dira ka botlhaga mo go nngwe ya diphuthego tsa kwa Zug, Switzerland.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela