Ba ne Ba Dira go Rata ga ga Jehofa
Jesu O ne A Ipha Nako le Bana
BODIREDI jwa ga Jesu jwa dingwaga di le tharo le sephatlo bo ne bo tloga bo wela. O ne a tla tloga a tsena kwa Jerusalema mme a lebana le go bolawa setlhogo. O ne a itse sentle se se neng se tlile go mo diragalela ka gonne o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Morwa motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya.”—Mareko 9:31.
Ruri Jesu o ne a tla batla go dirisa letsatsi, ura le motsotso mongwe le mongwe o o setseng ka botlalo. Barutwa ba gagwe ba ne ba sa ntse ba batla go thusiwa. Jesu o ne a lemoga gore ba ne ba sa ntse ba tlhoka go neelwa kgakololo e e nonofileng malebana le botlhokwa jwa go nna boikokobetso le go ikela tlhoko mo kotsing e e masisi ya go kgopisega. (Mareko 9:35-37, 42-48) Gape ba ne ba tlhoka go laiwa malebana le lenyalo, tlhalo le go se nyale. (Mathaio 19:3-12) E re ka Jesu a ne a itse gore o tlile go swa, ga go pelaelo gore o ne a bua le barutwa ba gagwe ka go sobokanya dilo e bile a potlakile. Nako e ne e le botlhokwa thata—e leng selo se se neng sa dira gore se Jesu a neng a se dira morago ga foo e nne selo se se gakgamatsang thata.
Jesu o Amogela Bana
Pego ya Baebele e bolela jaana: “Batho ba simolola go mo tlisetsa bana ba babotlana gore a ba ame.” Fa barutwa ba bona seno, ba ne ba supa go se itumelele seo. Gongwe lebaka la bone e ne e le gore Jesu o ne a le botlhokwa thata kana gore o ne a tshwaregile thata go ka itshwenya ka bana. Akanya fela kafa barutwa ba neng ba gakgamala ka teng fa Jesu a ne a ba galefela! O ne a ba raya a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba, gonne bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” Go tswa foo Jesu o ne a oketsa jaana: “Ammaaruri ke a lo raya ka re, Lefa e le mang yo o sa amogeleng bogosi jwa Modimo jaaka ngwana yo mmotlana ga a na go tsena mo go jone ka gope.”—Mareko 10:13-15.
Jesu o ne a bona dinonofo tse dintle mo baneng. Gantsi ba rata go itse dilo e bile ba a ikanyega. Ba dumela dilo tse batsadi ba ba bolelelang tsone e bile gantsi ba buelela batsadi mo baneng ba bangwe. Batho botlhe ba ba ratang go tsena mo Bogosing jwa Modimo ba ka etsa tsela e ba amogelang tao le go itumelela go rutiwa ka yone. Jaaka Jesu a boletse, “bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”—Bapisa Mathaio 18:1-5.
Mme gone, Jesu o ne a sa dirise bana bano e le fela gore a dire setshwantsho ka bone. Pego e supa sentle gore ruri Jesu o ne a rata thata go nna le bone. Mareko o bega gore Jesu o ne “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:16) Ke Mareko fela yo o umakang kgang ya gore Jesu o ne a “tsaya bana ka mabogo.”a Ka jalo Jesu o ne a dira se se fetang se bagolo ba ba neng ba tlile le bone ba neng ba se lebeletse ka gonne ba ne ba tlisitse bana bano mo go Jesu e le fela gore a ba “ame.”
Go ba “baya diatla” ga ga Jesu go ne go kaya eng? Ga go bonale fa seno se ne se kaya modiro wa bodumedi o o jaaka wa go kolobetsa. Le fa ka dinako tse dingwe go baya diatla go ne go kaya go tlhopha motho, ka dinako tse dingwe go ne go kaya fela gore motho o a segofadiwa. (Genesise 48:14; Ditiro 6:6) Ka jalo e ka tswa e le fela gore Jesu o ne a segofatsa bana bano.
Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, Mareko o dirisa lefoko le le nonofileng la “segofatsa” (ka·teu·lo·geʹo), le le supang go dirisa maatla a magolo. Seno se bolela gore Jesu o ne a segofatsa bana bano thata, ka go ba neneketsa le ka lorato. Ruri o ne a sa tseye bana e le mokgweleo o o mo jelang nako.
Thuto mo go Rona
Tsela e Jesu a neng a tshwara bana le bagolo ka yone e ne e se ya go ba tshosa le go ba nyatsa. Buka nngwe ya re: “E tshwanetse ya bo e ne e le motho yo o nyenyang motlhofo le go tshega ka boitumelo.” Ke sone se se neng se dira gore batho ba dingwaga tsotlhe ba itumelele go nna le ene. Fa re akanya ka sekao sa ga Jesu re ka ipotsa jaana, ‘A batho ba bangwe ba kgona go nkatamela motlhofo?’ ‘A ke lebega ke tshwaregile thata mo ke sa batleng go tshwenngwa ke batho ba bangwe?’ Go itlwaetsa go tsaya batho ba bangwe tsia go tla re tlhotlheletsa go ipha nako le batho ba bangwe fela jaaka Jesu. Batho ba bangwe ba tla lemoga gore re ba tsaya tsia ka mmatota mme ba tla re rata.—Diane 11:25.
Jaaka fa pego ya ga Mareko e bontsha, Jesu o ne a itumelela go nna le bana. Go bonala a ne a tle a iphe nako ya go ba leba fa ba tshameka ka gonne o ne a umaka metshameko ya bone mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe. (Mathaio 11:16-19) Gongwe bangwe ba bana ba Jesu a ileng a ba segofatsa ba ne ba le bannye thata go ka itse gore ke mang le se a neng a se ruta. Mme seo ga se a ka sa mo dira gore a ikutlwe gore o itshenyetsa nako. O ne a ipha nako le bana ka gonne o ne a ba rata. Go ka direga gore moragonyana bontsi jwa bana ba Jesu a neng a kopana le bone mo bodireding jwa gagwe ba ile ba tlhotlheletsega go tsibogela lorato lwa gagwe ka go nna barutwa ba gagwe.
Fa Jesu a ile a kgona go ipha nako le bana mo dibekeng tse di botlhokwa jalo tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, ruri le rona re ka kgona go ipha nako le bone le fa re tshwaregile thata. Re tshwanetse go tsaya tsia thata ba ba mo maemong a a kgethegileng, ba ba jaaka dikhutsana. Ee ruri, bana botlhe ba gola sentle fa ba tsewa tsia, mme Jehofa o batla gore re ba rate le go ba thusa thata kafa re ka kgonang ka teng.—Pesalema 10:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Thanolo nngwe ya re Jesu o ne “a ba tlamparela.” E nngwe ya re o ne “a ba fara.”