LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/1 ts. 29
  • Moganetsi wa Pele o Ithuta Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moganetsi wa Pele o Ithuta Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute mo go Morwarraagwe Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • “Go Ikanyega Mo go Se Sennye”
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • Buka ya Bibela ya bo 59—Yakobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • A o Na le Otara e e Tlhomameng?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/1 ts. 29

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Moganetsi wa Pele o Ithuta Boammaaruri

DIKGANG di ile tsa bega thata ka ntwa ya selegae ya kwa Liberia. Dikete di le masomesome di bolailwe mme palo e e fetang eo e tshabile. Le mororo go na le mathata a a kalo, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba nna ba amogela boammaaruri jaaka fa tiragalo e e latelang e bontsha.

James o ne a tsenngwa sekolo ke Kereke ya Lutere go tloga a le dingwaga tse di lesome. Morago ga go nna mokwadi wa lekwalodikgang la kereke, o ne a dirisa maemo ao a gagwe go kwala dilo tse di kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. O ne a dira jalo le mororo a ise a ko a kopane le ope wa bone.

Moragonyana James o ne a tlogela go kwalela kereke dikgang mme a nna le lefelo la go amogela baeng le le atlegileng. Letsatsi lengwe fa a dutse mo go amogelwang baeng gone mo lefelong leno la gagwe, bokgaitsadi ba babedi ba ba apereng sentle ba ne ba tla kwa go ene. Fa a bona kafa ba apereng sentle ka teng o ne a ba laletsa go tsena. Mme fa ba tlhalosa lebaka la go bo ba mo etetse, o ne a re, “Nka se kgone go lo reetsa, ke tshwaregile thata.” Basupi bano ba ne ba buelela dipeeletso tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, mme o ne a di amogela e le fela gore ba kgaogane le ene. Go ne ga feta dikgwedi tse 12 dimakasine tseno di ntse di tla kwa legaeng la gagwe, le fa go ntse jalo, o ne a di tsenya mo kgetsaneng nngwe ya polasetiki a sa bule diphuthelwana tsa tsone.

Go ne ga runya ntwa ya selegae mme James o ne a paka kgetsana e na le madi le dilo tse dingwe tse di botlhokwa e le gore a tle a tshabe ka yone fa go simololwa go tlhaselwa. Moso mongwe bomo ya seatla e ne ya latlhelwa kwa morago ga ntlo ya gagwe mme ka ntlha ya letshogo o ne a phamola kgetsana ya gagwe go iphalotsha. O ne a tswa a tshaba le diketekete tsa baagi ba bangwe mme ba ne ba tshwanelwa ke go feta ka mafelo a sekae a go phuruphudiwang mo go one. Gantsi bontsi jwa baagi ba ba senang molato ba ne ba fitlha ba tseelwa dilwana tsa bone le go bolawa kwantle ga lebaka lepe fa ba fitlha foo.

Fa James a fitlha kwa go la ntlha la mafelo ano a go phuruphudiwang mo go one o ne a bodiwa dipotso di sekae mme a kopiwa gore a bule kgetsana ya gagwe. O ne a e bula mme fa a leba mo teng ga yone o ne a se ka a dumela se a se bonang. O ne a tshosiwa ke go bo kgetsana e a neng a tlile ka yone e ne e se e a tsentseng dilwana tsa gagwe tsa botlhokwa mo go yone. Ka ntlha ya letshogo o ile a phamola kgetsana e e neng e tsentse dimakasine tse di sa bulwang tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa lesole le bona dimakasine e bile le bala le leina la gagwe mo go tsone, le ne la re: “Ehe, o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ga re batle lona, re a itse gore lona ga lo bue maaka.” Morago ga fa lesole le sena go itseela dimakasine di sekae, le ne la laela James go tlhabela pele.

Go ne ga direga fela jalo le kwa mafelong a mangwe a le robongwe a go phuruphudiwang kwa go one, ka gonne baeteledipele botlhe ba masole ba ne ba akanya gore James ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ba mo letla gore a fete kwantle ga go mo dira sepe. Jaanong James o ne a lebogela go bo a sa tla ka dilwana tsa gagwe tsa botlhokwa ka jaana go ya ka se a se lemogileng, o ka bo a ile a bolaelwa dilwana tseo tsa gagwe.

Fa kgabagare a fitlha kwa go la bofelo la mafelo ano a go phuruphudiwang gone e bile e le le le boifiwang go gaisa otlhe, o ne a garolwa pelo ke go bona ditopo di sekae di lalaane fa fatshe. Ka ntlha ya letshogo o ne a bitsa leina la ga Jehofa. O ne a rapela Modimo gore fa a ka mo falotsha mo lefelong leno la polao, o tlile go mo direla botshelo jotlhe jwa gagwe.

James o ne a naya masole kgetsana ya gagwe mme gape ba ne ba re: “Ga re batle batho bano.” Ba ne ba retologela kwa go ene mme ba oketsa jaana: “Mongwe wa bakaulengwe ba lona o nna gaufi le thotana ele. Ya kwa go ene.” Ka nako eno, tsela e James a neng a leba Basupi ka yone e ne e fetogile gotlhelele. Ka yone nako eo o ne a ikgolaganya le mokaulengwe yoo, mme go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore a ithute Baebele ka buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.a

Malatsi a sekae morago ga moo, o ne a tswa mo lefelong leo ka ntlha ya go tlhaselwa. Mo lekgetlong leno James o ne a tshabela mo sekgweng a tshotse buka ya Tshelela Ruri fela! Mo dikgweding tse 11 tse a di feditseng a kgaogane le Basupi, o ne a bala buka eno ka makgetlo a le matlhano. Fa kgabagare a kgona go boela gape kwa motseng, o ne a boa a ithuta Baebele le Basupi mme a gatela pele thata. Moragonyana, o ne a kolobediwa, mme gone jaanong o dira ka boikanyegi le bakaulengwe ba gagwe ba semoya.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela