LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/15 ts. 28-31
  • Thanolo ya Baebele e e Ileng ya Fetola Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thanolo ya Baebele e e Ileng ya Fetola Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Thanolo e e Tlhotlheleditsweng?
  • A Jafethe O ne A le Mo Megopeng ya ga Sheme?
  • Basokologi le Batho ba ba Boifang Modimo
  • Septuagint e Thusitse go Baakanya Tsela
  • Septuagint e Latlhegelwa ke “Tlhotlheletso” ya Yone
  • Thanolo ya “Septuagint”—E ne E le Mosola Bogologolo le Gompieno e Mosola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bakeresete ba Bogologolo ba ba Neng ba Nna mo Nageng ya Batho ba ba Buang Segerika
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/15 ts. 28-31

Thanolo ya Baebele e e Ileng ya Fetola Lefatshe

Fa moporofeti wa Modimo e bong Moshe a simolola go kwala Baebele mo e ka nnang dingwaga tse 3500 tse di fetileng, e ne e le morafe o le mongwe fela o monnye o o neng o ka e bala. (Duteronome 7:7) Go ne go ntse jalo ka gonne Dikwalo di ne di le gone fela ka puo ya ntlha ya Sehebera. Le fa go ntse jalo, seo se ne se tlile go fetoga fa nako e ntse e ya.

GO ANAMA ga molaetsa wa Baebele le tlhotlheletso ya yone e e siameng go ralala makgolokgolo a dingwaga go nnile teng thatathata ka ntlha ya thanolo ya yone ya ntlha—Septuagint. Ke eng fa e ile ya nna teng? Mme a tota go ka twe eno ke Baebele e e ileng ya fetola lefatshe?

A ke Thanolo e e Tlhotlheleditsweng?

Fa Bajuda ba sena go bowa kwa botshwarwa kwa Babilone mo lekgolong la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E., Bajuda ba le bantsi ba ne ba sala ka kwa ntle ga naga ya Iseraele le Juda wa bogologolo. Mo Bajudeng ba ba neng ba tsholelwa kwa botshwarong, Sehebera e ne ya nna puo ya bone ya bobedi. Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., go ne go na le setšhaba sa Bajuda kwa Alexandria, kwa Egepeto—lefelo le legolo la setso sa Mmuso wa Segerika. Bajuda bao ba ne ba bona go le botlhokwa go ranola Dikwalo Tse di Boitshepo mo Segerikeng, se ka nako eo e neng e le puo ya ga mmè mo go bone.

Go fitlha ka nako eo, molaetsa wa Baebele o o tlhotlheleditsweng o ne o kwadilwe ka Sehebera, le dikarolo di sekae tsa yone ka Searamaika se se amanang thata le sone. A go kwala Lefoko la Modimo ka puo e sele go ne go tla fokotsa tlhotlheletso e e maatla ya mafoko a Modimo, kana gongwe le tlhalosiwa ka tsela e e phoso? A Bajuda, ba ba filweng Lefoko leo le le tlhotlheleditsweng, ba ne ba ka itsenya mo kotsing ya go sokamisa molaetsa oo ka go le ranola?—Pesalema 147:19, 20; Baroma 3:1, 2.

Dikgang tseno tse di amang maikutlo di ne tsa tsosa poifo. Le fa go ntse jalo, go amega ka kgang ya gore Bajuda ba ka nna ba se ka ba tlhola ba tlhaloganya Lefoko la Modimo kgabagare e ne ya nna sone se se botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe tse dingwe tse ba neng ba akanya ka tsone. Go ne ga dirwa tshwetso ya gore go dirwe thanolo ya Segerika ya Tora—dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele tse di kwadilweng ke Moshe. Tsela e totatota e ranotsweng ka yone ga e itsiwe ka gonne go na le dikgang tse dintsi tse di amanang le yone. Go ya ka Letter of Aristeas, mmusi wa Moegepeto e bong Ptolemy II (285-246 B.C.E.) o ne a batla gore khopi ya Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano (kana, Tora) e ranolelwe mo Segerikeng gore a nne le yone mo laeboraring ya gagwe ya segosi. O ne a laela bakanoki ba le 72 ba Bajuda ba ba neng ba tlile Egepeto ba tswa kwa Iseraele gore ba dire tiro eno mme ba ne ba fetsa go ranola mo malatsing a le 72. Morago ga foo thanolo eno e ne ya balelwa setšhaba sa Bajuda, mme bone ba ne ba bolela gore ke thanolo e ntle le e e tlhomameng. Tsela ya moragonyana e e kgabisitsweng ya go tlhalosa kgang eno e ne ya bolela gore moranodi mongwe le mongwe o ne a beilwe mo kamoreng e e farologaneng, mme le fa go ntse jalo, dithanolo tsa bone di ne di tshwana tshe, di tshwana le ka tlhaka nngwe le nngwe tota. Ka ntlha ya kgang eno ya gore go dirisitswe baranodi ba le 72, thanolo eno ya Segerika ya Baebele e ne ya itsege e le Septuagint, e e theilweng mo lefokong la Selatini le le kayang, “Masome a supa.”

Bontsi jwa bakanoki ba motlha wa rona ba dumela gore Letter of Aristeas ke mokwalo o o belaetsang. Ba dumela gape gore kakantsho ya gore go ranolwe ga ya tla ka Ptolemy II, go na le moo e ne ya tla ka setšhaba sa Bajuda sa kwa Alexandria. Le fa go ntse jalo, mekwalo ya mofilosofi wa Mojuda wa kwa Alexandria e bong Philo le rahisitori wa Mojuda e bong Josephus mmogo le Talmud tsotlhe di supa gore Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela gore Septuagint e tlhotlheleditswe fela jaaka Dikwalo tsa ntlhantlha di ne di tlhotlheleditswe. Ga go na pelaelo gore dikakanyo tse di ntseng jalo di nnile teng ka ntlha ya maiteko a go dira gore Septuagint e amogelwe ke setšhaba sa Bajuda mo lefatsheng lotlhe.

Le fa gone thanolo ya ntlha e ne e akaretsa fela dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa ga Moshe, kgabagare leina Septuagint le ne la akaretsa Dikwalo Tsa Sehebera tsotlhe tse di ranoletsweng mo Segerikeng. Dibuka tse dingwe tse di neng di setse di ne tsa ranolwa mo sebakeng sa dingwaga tse di lekgolo kana go feta tse di neng tsa latela. Go na le gore tiro eno ya thanolo ya Septuagint e dirwe ke setlhopha se le sengwe se se neng se e kopanetse, e ne ya dirwa ke batho ba ba farologaneng. Baranodi ba ne ba na le bokgoni le kitso tse di sa tshwaneng ka Sehebera. Bontsi jwa dibuka tseno di ile tsa ranolwa mafoko a tsewa fela jaaka a ntse, ka dinako tse dingwe dilo di ne di fetelediwa, mme mo gongwe go ne go ranolwa mafoko a sa tsewe fela jaaka a ntse. Di sekae di ranotswe ka tsela e e potologang mme tse dingwe ka tsela e e khutsafaditsweng. Kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E., dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera di ne di ka balwa ka Segerika. Le fa go ne go na le go sa tlhomama, go ranolelwa ga Dikwalo Tsa Sehebera mo Segerikeng go ne ga nna le matswela a a fetang a baranodi ba neng ba a lebeletse.

A Jafethe O ne A le Mo Megopeng ya ga Sheme?

Fa Talmud e tlotla ka Septuagint, e nopola Genesise 9:27: “A . . . Jafethe [a age] mo megopeng ya ga Sheme.” (Megillah 9b, Talmud ya Sebabilone) Talmud e bolela ka tsela ya tshwantshetso gore ka bontle jwa puo ya Segerika e e dirisitsweng mo go Septuagint, Jafethe (rraagwe Jafane, yo Bagerika ba tswang mo go ene) o ne a nna mo megopeng ya ga Sheme (rremogologolwane wa setšhaba sa Iseraele). Le fa go ntse jalo, go ka nna gape ga twe go ya ka Septuagint, Sheme o ne a nna mo megopeng ya ga Jafethe. Jang?

Morago ga diphenyo tsa ga Alexander yo Mogolo, mo bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., go ne ga dirwa boiteko jo bogolo jwa go anamisa puo le setso sa Segerika mo dinageng tsotlhe tse di thopilweng. Mokgwa ono o ne o bidiwa Tlhotlheletso ya Segerika. Bajuda ba ne ba ikutlwa gore setso sa bone se tlhaselwa thata. Fa setso le filosofi ya Segerika di ne di ka nonofa, bodumedi jwa Bajuda bo ne bo tla koafala. Ke eng se se neng se tla emisa tlhaselo eno?

Moranodi mongwe wa Baebele wa Mojuda e bong Max Margolis o ne a akgela jaana malebana le boikaelelo jo bongwe jo Bajuda ba neng ba na le jone fa ba ne ba ranola Septuagint: “Fa tota re ka tsaya gore setšhaba sa Bajuda ke sone se simolotseng leano leno, go tshwanetse ga bo go na le boikaelelo jo bongwe, e leng jwa go dira gore Molao wa Bajuda o sekasekiwe ke Baditšhaba le gore ba tlhatswe lefatshe pelo gore Bajuda ba na le setso se se gaisang botlhale jwa Hellas [Gerika].” Ka jalo go dira gore batho ba ba buang Segerika ba nne le Dikwalo Tsa Sehebera e ne e le tsela ya go iphemela le go ba tlhasela.

Leano la ga Alexander la go dira gore go nne le Tlhotlheletso ya Segerika le ne la dira gore Segerika e nne puo ya ditšhabatšhaba ya lefatshe. Tota le fa bogosi jwa gagwe bo sena go fenngwa ke Baroma, Segerika se se tlwaelegileng (kana, Se-Koine) e ne ya nna e ntse e le puo e ditšhaba di neng di e dirisa go gwebisana le go golagana ka yone. E ka tswa e le gore seno se ile sa dirwa ka boomo kana go ile ga itiragalela fela, go ise go ye kae ke fa thanolo ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera e setse e fitlhelwa mo matlong a batho ba bantsi ba e seng Bajuda ba pele ba neng ba sa itse Modimo le Molao wa Bajuda. Matswela e nnile a a itumedisang.

Basokologi le Batho ba ba Boifang Modimo

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Philo o ne a ka kwala a re “bontle le seriti sa molao wa ga Moshe di ne di sa tlotlwe fela ke Bajuda, mme le ditšhaba tse dingwe di ne di di tlotla.” Rahisitori wa Mojuda e bong Joseph Klausner o bolela jaana malebana le Bajuda ba ba neng ba nna ka kwa ntle ga Palesetina mo lekgolong la ntlha la dingwaga: “Ga go motlhofo go dumela gore dimilionemilione tseno tsotlhe tsa Bajuda e ne e le bafaladi ba ba tswang kwa Palesetina yo monnye fela. Motho a ka se ganetse gore koketsego e kgolo eno ya bone e ne e bakiwa ke bontsi jwa basokologi ba banna le ba basadi.”

Le fa go ntse jalo, dintlha tse di kgatlhang tseno ga di tlhalose kgang yotlhe. Mokwadi Shaye J. D. Cohen, yo e leng porofesa ya hisitori ya Sejuda, o bolela jaana: “Baditšhaba ba le bantsi, e le banna mmogo le basadi ba ile ba sokologela mo Bojudeng mo makgolong a bofelo a dingwaga B.C.E. le mo makgolong a ntlha a mabedi a dingwaga C.E. Le fa go ntse jalo, baditšhaba ba ba neng ba amogela dikarolo tse di rileng tsa Bojuda mme ba sa sokologe ba ne ba le bantsi le go feta.” Klausner le Cohen ba bitsa batho ba ba neng ba sa sokologa bano ba re ke batho ba ba boifang Modimo e leng polelwana e e tlhagang gantsi mo dikgatisong tsa Segerika tsa nako eo.

Pharologano ke eng fa gare ga mosokologi le motho yo o boifang Modimo? Basokologi ba ne ba sokologile ka botlalo, ba tsewa e le Bajuda ka ditsela tsotlhe ka gonne ba ne ba amogetse Modimo wa Iseraele (ba tlogela medimo yotlhe e mengwe), ba rupisiwa mme ba inaakanya le setšhaba sa Iseraele. Go farologana le seo, Cohen o bolela jaana ka batho ba ba boifang Modimo: “Le fa baditšhaba bano ba ne ba latela ditsela tse dintsi tsa Sejuda e bile ka tsela nngwe ba tlotla Modimo wa Bajuda, ba ne ba sa itseye e le Bajuda e bile le batho ba bangwe ba ne ba sa ba tseye e le Bajuda.” Klausner o ba tlhalosa e le ba ba “emeng fa gare” ka gonne ba amogela Bojuda mme “ba latela bontlhanngwe jwa dingwao tsa jone, mme . . . ga ba ka ba nna Bajuda ba ba feletseng.”

Gongwe ba bangwe ba ne ba kgatlhegela Modimo ka ntlha ya go tlotla le Bajuda ba ba neng ba dira tiro ya borongwa kana ka go bona tsela e ba farologaneng ka yone le batho ba bangwe mo boitsholong, mo dingwaong le mo boitshwarong. Le fa go ntse jalo, Septuagint e ne e le sedirisiwa sa konokono se se neng sa thusa batho ba ba boifang Modimo bano go ithuta kaga Jehofa Modimo. Le fa go se na tsela ya go itse palo e e tlhomameng ya batho ba ba boifang Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ga go na pelaelo gore Septuagint e ne ya anamisa kitso ka Modimo mo Pusong yotlhe ya Roma. Ka Septuagint, go ne ga theiwa motheo o o botlhokwa.

Septuagint e Thusitse go Baakanya Tsela

Septuagint e nnile le seabe se segolo mo go anamiseng molaetsa wa Bokeresete. Bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba bua Segerika e ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba le teng fa phuthego ya Bokeresete e simololwa ka Pentekosete ya 33 C.E. Gape bangwe ba bao e neng e le basokologi ba ba neng ba nna barutwa ba ga Keresete ka nako eo ya bogologolo. (Ditiro 2:5-11; 6:1-6; 8:26-38) E re ka mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bangwe ba bogologolo e ne e kwalwa gore e fitlhelele batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang, e ne ya kwalwa ka Segerika.a Ka jalo, dinopolo tse dintsi tse di tswang mo Dikwalong Tsa Sehebera tse di tlhagang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne di tserwe mo Septuagint.

Batho ba bangwe kwantle ga Bajuda ba tlholego le basokologi ba ne ba iketleeditse go amogela molaetsa wa Bogosi. Moditšhaba Korenelio e ne e le “monna yo o ineetseng mo tumelong le yo o boifang Modimo mmogo le botlhe ba ntlo ya gagwe, mme o ne a abela batho dimpho tsa kutlwelobotlhoko di le dintsi e bile a kokotlela Modimo a sa kgaotse.” Ka 36 C.E., Korenelio, lelapa la gagwe, le ba bangwe ba ba neng ba phuthegetse kwa ntlong ya gagwe e ne e le Baditšhaba ba ntlha go kolobediwa go nna balatedi ba ga Keresete. (Ditiro 10:1, 2, 24, 44-48; bapisa Luke 7:2-10.) Fa moaposetoloi Paulo a ne a ralala Asia Minor le Gerika, o ne a rerela Baditšhaba ba le bantsi ba ba neng ba setse ba boifa Modimo a bo a rerela le “Bagerika ba ba neng ba obamela Modimo.” (Ditiro 13:16, 26; 17:4) Ke eng fa Korenelio le Baditšhaba bao ba bangwe ba ne ba iketleeditse go amogela dikgang tse di molemo? Septuagint e ile ya thusa go baakanya tsela. Mokanoki mongwe o bolela gore Septuagint “ke buka e e botlhokwa thata jaana mo e leng gore fa e ne e se ka yone Labokeresete le ditso tsa bophirima di ne di ka se ka tsa tlhaloganngwa.”

Septuagint e Latlhegelwa ke “Tlhotlheletso” ya Yone

Go dirisiwa thata ga Septuagint kgabagare go ne ga dira gore Bajuda ba galefe. Ka sekai, fa Bajuda ba ne ba buisana le Bakeresete, ba ne ba bolela gore Septuagint ke thanolo e e sa ranolwang sentle. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., setšhaba sa Bajuda se ne sa tlhanogela gotlhelele thanolo e se neng se kile sa e baka se re ke e e tlhotlheleditsweng. Borabi ba ne ba gana kgang e e kaga baranodi ba ba 72, ba bolela jaana: “Go ne ga diragala ka nako nngwe gore bagolwane ba le tlhano ba kwalele Kgosi Ptolemy Tora ka Segerika, mme seo e ne e le moila fela jaaka letsatsi le Baiseraele ba neng ba dira namane ya gouta ka lone, ka gonne Tora e ne e ka se ka ya ranolwa sentle.” Go tlhomamisa ka tsela e e gagametseng gore go nne le sengwe se se dumalanang le dipono tsa borabi, borabi ba ne ba laola gore go nne le thanolo e ntšha ya Segerika. E ne ya dirwa ke mosokologi mongwe wa Mojuda yo o neng a bidiwa Aquila, yo e neng e le morutwa wa ga rabi yo o bidiwang Akiba mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.

Bajuda ba ne ba tlogela go tlhola ba dirisa Septuagint, mme e ne ya nna “Tesetamente e Kgologolo” e e tlwaelegileng ya Kereke ya Katoliki e e neng e simologa go fitlha e tseelwa boemo ke Vulgate ya Selatini ya ga Jerome. Le mororo thanolo e ka se ka ya tsaya boemo jwa kgatiso ya ntlhantlha, Septuagint e ne ya nna le seabe se se botlhokwa mo go anamiseng kitso ka ga Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe ka Jesu Keresete. Eleruri, Septuagint ke thanolo ya Baebele e e ileng ya fetola lefatshe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Efangele ya ga Mathaio e ka tswa e ne e kwadilwe pele ka Sehebera, mme morago ya ranolelwa mo Segerikeng.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Septuagint” e ne e tlhaloganngwa ke batho ba le bantsi ba Paulo a neng a ba rerela

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Courtesy of Israel Antiquities Authority

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela