Ntwa e e Ileng ya Senya Lekgolo la bo19 la Dingwaga
1914
FA MOKWALADIKGANG wa lekwalodikgang la The Orlando Sentinel, e bong Charley Reese, a akanya ka mileniamo e ntšha o ne a kwala jaana: “Ntwa ya 1914-18 e e ileng ya senya lekgolo la bo19 la dingwaga ga e ise e fele.” O ne a kaya eng? O ne a tlhalosa jaana: “Hisitori ga e itshwenye ka dikhalendara. Lekgolo la bo19 la dingwaga—le le tlhalosiwang e le kgobokanyo ya ditumelo, diphopholetso, mekgwa le maitsholo—ga la ka la fela ka Jan. 1, 1901. Le ile la fela ka 1914. Eo gape ke nako e lekgolo la bo20 la dingwaga le le tlhalosiwang ka tsela e e tshwanang le simologileng ka yone. . . .
“Mo e ka nnang dikgotlhang tsotlhe tse re ileng ra amega ka tsone mo botshelong jwa rona jotlhe di simologile ka ntwa eo. Mo e ka nnang ditiragalo tsotlhe tsa botlhalefi le tsa setso tse re ileng ra lebana le tsone mo botshelong di bakilwe ke ntwa eo. . . .
“Ke akanya gore e dirile tshenyo e kgolo ka gonne e ile ya fedisa tumelo ya batho ya gore batho ba ka kgona go laola bofelelo jwa bone. . . . Ntwa e ile ya dira gore batho ba se ka ba tlhola ba dumela jalo. Ga go na ope mo matlhakoreng oomabedi yo o neng a akanya gore dilo di ne di tla felela ka tsela e di ileng tsa nna ka yone. E ile ya fedisa mebuso ya Boritane le Fora. E ne ya bolaya kokomana e e mosola thata ya banna ba Boritane, Fora le Jeremane. . . . Mo nakong e khutshwane fela e ne ya bolaya batho ba le dimilione di le 11.”
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba supa 1914 e le bokhutlo jwa se Jesu a neng a re ke “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe,” ka dingwaga tse di fetang 120. (Luke 21:24) Mo ngwageng oo, Jesu Keresete yo o tsositsweng le yo o galaleditsweng o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa legodimo. Ka Bogosi joo, Jehofa Modimo o tla tlosa go boga go go leng teng mo lekgolong leno la dingwaga ka bosakhutleng.—Pesalema 37:10, 11; Moreri 8:9; Tshenolo 21:3, 4.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
U.S. National Archives photo