Tiro e e “Dirang Gore ba Tlotlwe”
MOAPOSETOLOI PETERE o ne a gakolola Bakeresetekaene jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemomogolo mo merafeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo.” (1 Petere 2:12) Basupi ba ga Jehofa kwa Italy ba ile ba bontsha boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo molemo phatlalatsa ka dingwaga di le dintsi. Tumalanong le taelo ya ga Jesu ya gore ba ‘rere kwa godimo ga matlo,’ ba dira tiro ya bone ya Bokeresete phatlalatsa, ba bonwa ke mongwe le mongwe. (Mathaio 10:27; Johane 18:20) Ka gone, e ne ya re fa agente nngwe ya Italy le moruti mongwe ba ne ba gatisa ditatofatso tsa gore Basupi ba ga Jehofa ke “lekoko la bodumedi jwa tsietso,” ba re ke mongwe wa “mekgatlho ya sephiri e e tsietsang batho,” Basupi ba ne ba tsaya kgato ya molao kgatlhanong le dipolelo tse di ba senyang leina tseo.
Mo tshekong ya ntlha, kgotlatshekelo e ne ya atlhola kgang ka gore agente le moruti yono ga ba a tlola molao ope. Le fa go ntse jalo, ka July 17, 1997, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Venice e ne ya fetola katlholo ya kgotlatshekelo ya ntlha, ka go bona balatofadiwa ka bobedi molato. Kgotlatshekelo ya Boikuelo e ne ya bolela jaana: “Ditlhogo tsoopedi tse di gatisitsweng tse go buiwang ka tsone di na le mafoko le dipolelo tse di ka senyang leina la balatedi ba bodumedi jwa ‘Basupi ba ga Jehofa.’ Go bonala fa boikaelelo jwa ditlhogo tseno e ne e le go dira gore balatedi ba bodumedi jono ba nyadiwe ke batho.” Kgotlatshekelo e ne ya bolela gore ditlhogo tseno “ga di a dirisa kgololesego ya tsone ya go bega le go tshwaya diphoso ka tsela e e siameng.” Kgotlatshekelo e ne ya duedisa batho bano ba babedi ba ba senyang leina mme gape ya ba laela gore ba duele ditshenyegelo tsotlhe tsa kgotlatshekelo, go akaretsa le ditshenyegelo tsotlhe tsa Basupi tsa molao tsa ditsheko tsoopedi.
Mo katlholong ya yone e e kwadilweng, Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Venice e ne ya akgela jaana: “Ke fela ka go lekalekanya dilo le go sireletsa ditshwanelo tsa batho botlhe tse di mo Molaotheong wa [Italy] go ka kgonegang gore go thibelwe mefuta yotlhe ya letlhoo le go tsewa maikutlo ke bodumedi.” Katlholo eno e dumela gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa ga se ya sephiri e bile ga se ya bodumedi jwa tsietso. Kgotlatshekelo e ne ya bolela jaana: “Go tlhalosa Basupi jaaka mongwe wa mekgatlho ya sephiri, ga go tlotle le e leng boammaaruri jwa hisitori, ka gonne bodumedi jono bo fitlhelwa mo ditoropong tse dintsi e bile tiro ya jone e e anameng gotlhe ya go sokolola batho e e dirwang ke maloko a jone, segolobogolo ka boSontaga le ka malatsi a mangwe a boikhutso, e itsege thata e bile ke e e dirang gore ba tlotlwe ka ntlha ya maiteko a ba a dirang, go sa kgathalesege gore motho o akanya eng ka thuto e ba rerang ka yone.” Ka jalo, pego ya go rera ka tlhoafalo le sekao sa boitsholo jo bo siameng jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Italy di ile tsa thusa go senola gore ba tlhoetswe lefela.—Mathaio 5:14-16; 1 Petere 2:15.