LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/15 ts. 30
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letsatsi la Katlholo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Letsatsi la Modimo la Katlholo—Phelelo ya Lone e e Itumedisang!
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • “Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/15 ts. 30

A o A Gakologelwa?

A o ile wa akanyetsa dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, o tla itumelela go gakologelwa dilo tse di latelang:

◻ Ke ka ntlha yang fa thuto ya taolelogale e sa utlwale?

Fa e le gore Modimo o ile a itse go sa le gale a ba a laolela gale gore Adame a wele mo boleong, seo se ne se tla dira gore Jehofa e nne mosimolodi wa boleo fa a ne a bopa motho mme e ka bo e le molato wa gagwe go bo batho ba le boikepo e bile ba boga. Seno se thulana le kgang ya gore Jehofa ke Modimo yo o lorato yo o ilang boikepo. (Pesalema 33:5; Diane 15:9; 1 Johane 4:8)—4/15, ditsebe 7, 8.

◻ Go diragatsa Isaia 2:2-4, ke eng se batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse dintsi ba se dirang?

Fa ba ntse ba thologelela mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo, ga ba tlhole ba ‘ithuta tlhabano’ ka gonne ba tshepa mephato ya Modimo ya selegodimo gore e tla ba sireletsa e nyeletsa baba botlhe ba kagiso.—4/15, tsebe 30.

◻ Diganka tsa Modimo tse go buiwang ka tsone mo go Joele 3:10, 11 ke bomang?

Mo Baebeleng, Modimo wa boammaaruri o bidiwa “Jehofa wa masomosomo” ka makgetlho a a ka nnang 280. (2 Dikgosi 3:14) Masomosomo ano ke bontsi jwa baengele ba legodimo ba ba ipaakanyeditseng go dira se Jehofa a se laelang.—5/1, tsebe 23.

◻ Ke eng se re ka se ithutang mo tiragalong ya fa Jehofa a ne a kopa Jobe gore a rapelele ba ba mo leofetseng? (Jobe 42:8)

Pele ga Jobe a fola, Jehofa o ne a mo kopa gore a rapelele ba ba neng ba mo leofetse. Seno se supa gore Jehofa o batla gore re itshwarele ba ba re leofetseng pele ga maleo a rona a ka itshwarelwa. (Mathaio 6:12; Baefeso 4:32)—5/1, tsebe 31.

◻ Jakobe o ne a kaya eng fa a ne a bolela jaana: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone”? (Jakobe 1:4)

Boitshoko bo na le “tiro” e bo tshwanetseng go e dira. Tiro ya jone ke go dira gore re felele mo dikarolong tsotlhe. Ka jalo, fa re letla diteko gore di fetse tiro ya tsone re sa leke go dirisa ditsela tse e seng tsa Dikwalo go di fedisa ka bonako, tumelo ya rona e tla lekwa le go itshekisiwa.—5/15, tsebe 16.

◻ Ke ka ntlha yang fa Modimo a letile nako e telele jaana go rarabolola mathata a batho?

Tsela e Jehofa a lebang nako ka yone e farologane le ya rona. Mo Modimong o o nnetseng ruri, nako ya go tloga fa Adame a ne a bopiwa go fitlha jaanong ga e dire le beke. (2 Petere 3:8) Mme le fa re ka tswa re leba nako jang, letsatsi lengwe le lengwe le le fetang le re atametsa gaufi le letsatsi la go tlotlomadiwa ga ga Jehofa.—6/1, ditsebe 5, 6.

◻ Ke eng se se tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa?

Thuto ya ga Jehofa e dirile gore go nne le batho ba ba kgethegileng, ba ba rutilweng gore ba ratane le go rata baagelani ba bone jaaka ba ithata. (Isaia 54:13) Lorato ke lone lo lo tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa gore ba tswelele pele ba rera le mororo batho ba sa kgatlhege kana ba ba ganetsa. (Mathaio 22:36-40; 1 Bakorintha 13:1-8)—6/15, tsebe 20.

◻ Mafoko ano a ga Jesu a kaya eng: “Itekeng ka tlhagafalo go tsena ka kgoro e tshesane”? (Luke 13:24)

Mafoko a ga Jesu a kaya go kgaratlha, go tsaya matsapa. Gape mafoko a gagwe a supa gore batho bangwe ba ka nna ba batla go ‘tsena ka kgoro’ ka tsela e go batlang bone fela ka yone, ba dira jalo ba sa potlaka. Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa, ‘A ke dira ka tlhoafalo le ka bonatla?’—6/15, tsebe 31.

◻ Batho ba ba tsositsweng mo baswing ba tla “atlholwa [jang] go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalomomenong go ya ka ditiro tsa bone”? (Tshenolo 20:12)

Dikwalomomeno tseno ga se rekoto ya ditiro tsa bone tsa nako e e fetileng; fa ba ne ba swa, ba ne ba gololwa mo boleong jo ba neng ba bo dirile fa ba sa ntse ba tshela. (Baroma 6:7, 23) Le fa go ntse jalo, batho ba ba tsositsweng ba tla nna ba ntse ba na le boleo jwa ga Adame. Ka jalo he, dikwalomomeno tseno di tshwanetse tsa bo di na le ditaolo tsa Modimo tse di kwadilweng gore botlhe ba di latele gore ba tle ba solegelwe molemo ka botlalo ke setlhabelo sa ga Jesu Keresete.—7/1, tsebe 22.

◻ Ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone mo setshwantshong sa ga Jesu sa Mosamarea yo o ratang baagelani? (Luke 10:30-37)

Setshwantsho sa ga Jesu se bontsha gore motho yo o siameng tota ga se yo o utlwang melao ya Modimo fela mme gape o tshwanetse go etsa dinonofo tsa gagwe. (Baefeso 5:1) Se bontsha gape gore go rata baagelani go tshwanetse ga pota ka kwa ga melelwane ya botšhaba, lotso le ya bodumedi. (Bagalatia 6:10)—7/1, tsebe 31.

◻ Ke dilo dife tse tharo tse o ka itseng bana ba gago ka tsone le go ba naya kaelo ya botsadi?

(1) Thusa bana ba gago go tlhopha tiro e e tshwanelang ya boitshediso; (2) ba thapise gore ba kgone go ka emelana le go tshwenyega mo maikutlong kwa sekolong le kwa lefelong le ba dirang kwa go lone; (3) ba bontshe gore ba ka itlhokomela jang ka dilo tse ba di tlhokang tsa semoya.—7/15, tsebe 4.

◻ Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a ikhutsa ka “letsatsi la bosupa”? (Genesise 2:1-3)

Modimo o ne a sa ikhutse ka gonne a ne a lapile. Go na le moo, o ne a emisa tiro ya gagwe ya lefatshe e le gore tiro ya diatla tsa gagwe e tswelele pele mme e galalele ka botlalo, gore a bakwe a bo a tlotlomadiwe.—7/15, tsebe 18.

◻ Ke ditsela dife tse tharo tse ka tsone re ka dirang dilo ka tshiamiso?

Sa ntlha, re tshwanetse go tshela tumalanong le melao ya Modimo ya boitsholo. (Isaia 1:17) Sa bobedi, re dira tshiamiso fa re tshwara ba bangwe ka tsela e re batlang gore Jehofa a re tshware ka yone. (Pesalema 130:3, 4) Sa boraro, re bontsha tshiamiso ya bomodimo fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. (Diane 3:27)—8/1, ditsebe 14, 15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela