LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/15 ts. 32
  • ‘Ke Mang yo o Tsetseng Dithothi Tsa Monyo?’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke Mang yo o Tsetseng Dithothi Tsa Monyo?’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/15 ts. 32

‘Ke Mang yo o Tsetseng Dithothi Tsa Monyo?’

MOKWADI wa dikgang wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a tlhalosa marothodi a monyo jaaka “mabenyane a lefatshe a seedi, a a bopilweng ke mowa.” Mmopi wa rona o ne a botsa tlhogo ya lotso ya bogologolo e bong Jobe jaana: “Mang yo o tsetseng dithothi tsa monyo?” (Jobe 38:28) Modimo o ne a gakolola Jobe gore monyo ono o o botlhokwatlhokwa o dirilwe ke Modimo.

Kwantle ga bontle jwa one jwa go tsabakela jaaka lebenya, monyo mo Baebeleng o amanngwa le tshegofatso, katlego, bontsi le go namola botshelo. (Genesise 27:28; Duteronome 33:13, 28; Sekaria 8:12) Ka nako ya setlha sa Iseraele se se mogote se go neng go sa ne pula mo go sone, “monyo wa Heremone” o ne o namola dimela tsa naga, mme ka tsela e e ntseng jalo o ne o namola batho ba gone. Ditlhoa tsa Thaba ya Heremone tse di nang le sekgwa le tse di nnang di na le semathana di sa ntse di ntsha mouwane bosigo o o dirang monyo o montsi. Mopesalema Dafide o ne a tshwantsha tsela e monyo ono o lapolosang ka yone le boikutlo jo bo itumedisang jwa go kopana mmogo ka kutlwano ga baobamedimmogo ba ga Jehofa.—Pesalema 133:3.

Ditaelo tsa ga moporofeti Moshe tse a neng a di naya Iseraele di ne di le molemo e bile di lapolosa jaaka marothodi a monyo. O ne a re: “Puo ya me e tlaa wa jaaka monyo; jaaka pula ya medupe mo loremeng, le jaaka pula ya maebana mo morogong.” (Duteronome 32:2) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo tse di ka nayang batho botshelo go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Mathaio 24:14) Modimo o ntsha taletso e e reng: “‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o nyorwang a a tle; lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Diketekete tsa batho ba ditšhaba tsotlhe di amogela taletso eno e e tswang mo Modimong ya go ba lapolosa mo semoyeng ka tsela e e tla bolokang botshelo jwa bone ka bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela