LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 7/1 ts. 19-24
  • “Loso Ruri lo Tla Nyelediwa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Loso Ruri lo Tla Nyelediwa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmele wa Mofuta Ofe?
  • A go Na le Tsogo ya Selefatshe?
  • Ke Bomang ba ba Tsogang?
  • Tsogo e e Nang le Thulaganyo
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Bogosi le Tsholofelo ya Tsogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • “Baswi ba Tla Tsosiwa Jang?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tshegetsang “Mahoko a a Molemō”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 7/1 ts. 19-24

“Loso Ruri lo Tla Nyelediwa”

“Loso ruri lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 BAKORINTHA 15:26.

1, 2. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a re go na le tsholofelo efe ka baswi? (b) Paulo o ne a araba potso efe malebana le tsogo?

“KE DUMELA mo . . . go tsosiweng ga mmele le mo botshelong jo bo sa khutleng.” Go bolela jalo Tumelo ya Baaposetola. Bakatoliki le Baporotesetanta ka go tshwana ba e boaboeletsa ka boikanyegi ba sa lemoge gore ditumelo tsa bone di tshwana thata le botlhajana jwa Segerika go na le sepe fela se baaposetoloi ba kileng ba se dumela. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo, o ne a gana botlhajana jwa Segerika mme o ne a sa dumele mo goreng moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela a tlhomame mo botshelong jwa isagwe mme o ne a kwala jaana kafa tlase ga tlhotlheletso: “Loso ruri lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:26) Seo se kaya eng tota mo bathong ba ba swang?

2 Go bona karabo, a re boeleng kwa puisanong ya ga Paulo kaga tsogo ya baswi e e kwadilweng mo go 1 Bakorintha kgaolo 15. O tla gakologelwa gore mo ditemaneng tsa ntlha, Paulo o ne a supa fa tsogo ya baswi e le karolo e e botlhokwa ya thuto ya Bokeresete. Jaanong o tlotla ka kgang e nngwe e e kgethegileng: “Lefa go ntse jalo, mongwe o tla re: ‘Baswi ba tla tsosiwa jang? Ee, ba tla ka mofuta ofe wa mmele?’”—1 Bakorintha 15:35.

Mmele wa Mofuta Ofe?

3. Ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba ne ba gana tsogo ya baswi?

3 Fa a ne a tsosa potso eno, Paulo o ka tswa a ne a ikaeletse go thibela tlhotlheletso ya botlhajana jwa ga Plato. Plato o ne a ruta gore motho o na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela fa mmele o swa. Mo go ba ba godisitsweng ba na le kgopolo e e ntseng jalo, ga go na pelaelo ya gore thuto eno ya Bokeresete e ne e bonala e sa tlhokege. Fa moya o sa swe, mosola wa tsogo ya baswi ke eng? Mo godimo ga moo, gongwe tsogo ya baswi e ne e bonala e sa utlwale. Fa mmele o setse o fetogile lorole, go ka nna jang le tsogo ya baswi? Motlhalosi mongwe wa Baebele Heinrich Meyer o bolela gore kgang ya Bakorintha bangwe e ka tswa e ne e theilwe “mo motheong wa botlhajana jwa gore go busetsa dilo tse mmele o dirilweng ka tsone go ne go ka se kgonege.”

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa dikganetso tsa ba ba se nang tumelo di ne di sa utlwale? (b) Tlhalosa setshwantsho sa ga Paulo sa “tlhaka fela.” (c) Modimo o naya batlodiwa ba ba tsositsweng mebele ya mofuta ofe?

4 Paulo o supa kafa tsela e ba akanyang ka yone e leng boeleele ka teng: “Wena motho yo o seng kakanyetso! Se o se jalang ga se tshedisiwe fa se sa swe pele; mme fa e le ka se o se jalang, o jala, e seng mmele o o tla tlhogang, mme tlhaka fela, e ka nna ya nna ya korong kgotsa nngwe fela ya tse dingwe; mme Modimo o e naya mmele fela jaaka go mo itumedisitse, mme nngwe le nngwe ya dipeo, mmele wa yone.” (1 Bakorintha 15:36-38) Modimo o ne o se kitla o tsosa mebele e batho ba neng ba na le yone fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Go na le moo, go ne go tla nna le phetogo.

5 Paulo o bapisa tsogo le go mela ga peo. Peo e nnye ya korong ga e tshwane ka gope le semela se se tla tlhogang mo go yone. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Fa peo e simolola go mela, e nwa metsi a mantsi. Metsi a dira gore go nne le diphetogo tse dintsi tsa khemikhale mo teng ga peo. Mme gape e dira gore ditogwa tsa peo tse di kafa teng di kokomoge le go phunyeletsa ka kwa ntle ga peo.” Totatota, peo e a swa e sa tlhole e le peo mme e nna semela se se tlhogang. “Modimo o e naya mmele” ka tsela ya gore o tlhomile melao ya saense e e laolang go gola ga yone, mme peo nngwe le nngwe e newa mmele go ya ka mofuta wa yone. (Genesise 1:11) Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba swa pele e le batho. Morago ga foo, ka nako e e beilweng ke Modimo, o ba tsosa gape ka mebele e mesha gotlhelele. Jaaka Paulo a ne a bolelela Bafilipi, “Jesu Keresete . . . o tla [bopa] sesha mmele wa rona o o kokobeditsweng gore o tshwantshiwe le mmele wa gagwe o o galalelang.” (Bafilipi 3:20, 21; 2 Bakorintha 5:1, 2) Ba tsosiwa ka mebele ya moya mme ba tshela kwa lefelong la moya.—1 Johane 3:2.

6. Ke ka ntlha yang fa go utlwala go dumela gore Modimo a ka kgona go naya ba ba tsositsweng mebele e e tshwanelang ya semoya?

6 A se se thata go ka se dumela? Nnyaa. Paulo o tlhalosa gore diphologolo di na le mebele ya mefuta e e farologaneng. Mo godimo ga moo, o bontsha kafa baengele ba legodimo ba farologaneng ka teng le batho ba nama le madi a bolela jaana: “Go na le mebele ya selegodimo le mebele ya selefatshe.” Gape go na le pharologanyo e kgolo mo dilong tse di bopilweng tse di sa tsheleng. “Naledi e farologana le naledi e nngwe ka kgalalelo,” go ne ga bolela jalo Paulo bogologolo pele ga saense e ka bona dinaledi tse di jaaka naledi ya mmala o motala, di-red giant le di-white dwarf. Ka ntlha ya seno, a ga go utlwale gore Modimo a ka dira gore batlodiwa ba ba tsositsweng ba nne le mebele e e tshwanelang ya semoya?—1 Bakorintha 15:39-41.

7. Go sa boleng go kaya eng? go sa sweng gone?

7 Morago ga foo Paulo o ne a bolela jaana: “Go ntse jalo le ka tsogo ya baswi. O jalwa mo go boleng, o tsosediwa mo bosaboleng.” (1 Bakorintha 15:42) Mmele wa motho, tota le fa o itekanetse, o a bola. O ka bolawa. Ka sekai, Paulo o ne a bolela fa Jesu yo o tsositsweng a ne a “sa tlhole a laoletswe go boela kwa go boleng.” (Ditiro 13:34) A ka se tlhole a boela mo botshelong jwa go bola, tota le fa a itekanetse. Mebele e Modimo a e nayang batlodiwa ga e bole—e ka se ka ya swa kana ya senyega. Paulo o tswelela jaana: “O jalwa mo tlontlologong, o tsosediwa mo kgalalelong. O jalwa mo bokoeng, o tsosediwa mo maatleng. O jalwa e le mmele wa senama, o tsosiwa e le mmele wa semoya.” (1 Bakorintha 15:43, 44) Gape Paulo o bolela jaana: “Se se swang seno se tshwanetse go apara bosasweng.” Go sa sweng go kaya botshelo jo bo sa feleng jo bo ka se kang jwa senngwa. (1 Bakorintha 15:53; Bahebera 7:16) Ka tsela eno, ba ba tsositsweng ba na le “setshwano sa wa selegodimo,” e bong Jesu yo o ileng a dira gore go kgonege gore ba tsosiwe.—1 Bakorintha 15:45-49.

8. (a) Re itse jang gore ba ba tsositsweng e sa ntse e le bone batho ba e neng e le bone fa ba ne ba tshela mo lefatsheng? (b) Ke boporofeti bofe jo bo diragadiwang fa go nna le tsogo?

8 Le mororo go na le phetogo eno, ba ba tsositsweng e sa ntse e le batho ba ba tshwanang le pele ga ba swa. Ba tla tsosiwa ka dikgakologelo tse di tshwanang le dinonofo tsa maemo a a kwa godimo tsa Bokeresete tse di tshwanang. (Malaki 3:3; Tshenolo 21:10, 18) Mo go seno, ba tshwana le Jesu Keresete. O ne a fetoga go nna moya, a nna motho. Morago ga foo a swa mme a tsosiwa e le moya. Le fa go ntse jalo, “Jesu Keresete e ntse ke ene maabane le gompieno, le ka bosaengkae.” (Bahebera 13:8) A bo batlodiwa ba na le tshiamelo e e galalelang jang ne! Paulo o bolela jaana: “Mme fa se se bolang seno se apara bosaboleng mme se se swang seno se apara bosasweng, foo lefoko le tla diragala le le kwadilweng go twe: ‘Loso lo komediwa ka bosaengkae.’ ‘Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?’”—1 Bakorintha 15:54, 55; Isaia 25:8; Hosea 13:14.

A go Na le Tsogo ya Selefatshe?

9, 10. (a) Go ya ka se se buiwang mo go 1 Bakorintha 15:24, “bokhutlo” ke eng mme ke ditiragalo dife tse di diragalang malebana le gone? (b) Ke eng se se tshwanetseng sa diragala gore loso lo nyelediwe ruri?

9 A go na le isagwe ka dimilione tse di se nang tsholofelo ya botshelo jwa semoya jwa go sa sweng kwa legodimong? Ee e teng tota! Fa a sena go tlhalosa gore tsogo ya selegodimo e diragala ka nako ya go nna gone ga ga Keresete, Paulo o tlhalosa ditiragalo tse di latelang ka go bolela jaana: “Morago ga moo, bokhutlo, fa a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla.”—1 Bakorintha 15:23, 24.

10 “Bokhutlo” jono ke bokhutlo jwa Puso ya Dingwaga di le Sekete ya ga Keresete, fa Jesu ka boikokobetso le ka boikanyegi a tla bo a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe Bogosi. (Tshenolo 20:4) Boikaelelo jwa Modimo jwa go “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete” bo tla bo bo diragaditswe. (Baefeso 1:9, 10) Le fa go ntse jalo, Keresete o tla bo pele a sentse “puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla” a a ganang thata ya Bolaodi jwa Modimo. Seno se akaretsa se se fetang bogale jwa tshenyego ya Aramagedona. (Tshenolo 16:16; 19:11-21) Paulo o bolela jaana: “[Keresete] o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo o sena go baya baba botlhe tlase ga dinao tsa gagwe. Loso ruri lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:25, 26) Ee, sengwe le sengwe se se amanang le boleo jwa ga Adame le loso se tla bo se tlositswe. Ka jalo he, Modimo o tla dira gore ‘mabitla a kgakologelo’ a nne lolea ka go tsosa baswi.—Johane 5:28.

11. (a) Re itse jang gore Modimo a ka kgona go bopa meya e e suleng gape? (b) Ba ba tsosediwang mo lefatsheng ba tla newa mebele ya mofuta ofe?

11 Seno se raya go bopa meya ya batho gape. A ke selo se se ka se keng sa kgonega? Nnyaa, ka gonne Pesalema 104:29, 30 e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka kgona go dira jalo: “O tlose mowa wa tsone, di swe, di boele loroleng lwa tsone. O rome, o ntshe mowa wa gago, mme di tlholege.” Le fa batho ba ba tsositsweng e tla bo e le bone batho ba e neng e le bone pele ga ba swa, ba ka se ka ba nna le mebele yone eo. Fela jaaka ba ba tsosediwang kwa legodimong, Modimo o tla ba naya mmele fela jaaka go ka mo kgatlha. Kwantle ga pelaelo mebele ya bone e mesha e tla bo e itekanetse mme ka tsela e e utlwalang e tla bo e tshwana le mebele ya bone ya pele gore ba tle ba itsiwe ke batho ba bone ba ba ba ratang.

12. Tsogo ya selefatshe e tla diragala leng?

12 Tsogo ya mo lefatsheng e tla diragala leng? Maratha o ne a bolela jaana ka kgaitsadiagwe yo o suleng Lasaro: “Ke itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:24) O ne a itse seo jang? Tsogo ya baswi e ne e le kgang mo motlheng wa gagwe, e re ka Bafarasai ba ne ba dumela mo go yone mme Basadukae bone ba ne ba sa dumele mo go yone. (Ditiro 23:8) Le fa go ntse jalo, Maratha o tshwanetse a bo a ne a itse ka basupi ba nako ya pele ga Bokeresete ba ba neng ba na le tsholofelo ya tsogo. (Bahebera 11:35) Gape o ka tswa a ne a lemogile go tswa mo go Daniele 12:13 gore tsogo e tla nna ka letsatsi la bofelo. E bile o ka tswa a ile a ithuta seno mo go Jesu ka boene. (Johane 6:39) ‘Letsatsi leo la bofelo’ le ka nako e le nngwe le Puso ya Dingwaga di le Sekete ya ga Keresete. (Tshenolo 20:6) A ko o akanye fela ka boitumelo jo bo tla bong bo le teng ka nako ya “letsatsi” leo fa tiragalo e kgolo eno e simologa!—Bapisa Luke 24:41.

Ke Bomang ba ba Tsogang?

13. Ke ponatshegelo efe ya tsogo e go kwadilweng ka yone mo go Tshenolo 20:12-14?

13 Mo go Tshenolo 20:12-14 go rekotilwe ponatshegelo ya ga Johane ya tsogo ya selefatshe: “Ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme dikwalomomeno tsa bulwa. Mme lokwalomomeno lo longwe lo ne lwa bulwa; ke lokwalomomeno lwa botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalomomenong go ya ka ditiro tsa bone. Mme lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba ne ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone. Mme loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo.”

14. Ke bomang ba ba tla bong ba le gare ga batho ba ba tsositsweng bao?

14 Tsogo e tla akaretsa “ba bagolo le ba bannye,” batho ba maemo a a kwa godimo le ba ba se nang maemo ba ba neng ba tshela ba bo ba swa. Ee, tota le masea a tla bo a le mo palong eo! (Jeremia 31:15, 16) Mo go Ditiro 24:15, go senolwa ntlha e nngwe: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Ba ba leng kwa pele mo go “ba ba siameng” e tla bo e le banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba jaaka Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Sara le Rahabe. (Bahebera 11:1-40) Akanya fela o kgona go tlotla le batho ba ba ntseng jalo mme o kgona go bona dintlha tsa dilo tse ba di boneng ka matlho tsa ditiragalo tsa Baebele tsa bogologolo! “Ba ba siameng” ba tla akaretsa gape le batho ba ba diketekete ba ba boifang Modimo ba ba ileng ba swa bosheng jaana mme ba se na tsholofelo ya selegodimo. A o na le mongwe wa lelapa kana moratiwa yo a ka nnang a bo a le mongwe wa bano? A bo go gomotsa jang ne go itse gore o ka kgona go ba bona gape! Le fa go ntse jalo, “ba ba sa siamang” ba le bone ba tla tsosiwang ke bomang? Ba akaretsa dimilione, gongwe dimilione di le dikete, tse di ileng tsa swa di sa newa tshono ya go ithuta le go dirisa boammaaruri jwa Baebele.

15. Go raya goreng gore ba ba tsositsweng ba tla “atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalomomenong”?

15 Ba ba tsogang ba tla “atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalomomenong go ya ka ditiro tsa bone” jang? Dikwalomomeno tseno ga se rekoto ya ditiro tsa bone tse di fetileng; fa ba ne ba swa, ba ne ba gololwa mo boleong jo ba neng ba bo dirile fa ba sa ntse ba tshela. (Baroma 6:7, 23) Le fa go ntse jalo, batho ba ba tsositsweng ba tla bo ba sa ntse ba na le boleo jwa ga Adame. Ka jalo he, dikwalomomeno tseno di tshwanetse tsa bo di na le ditaolo tsa Modimo tse di kwadilweng gore botlhe ba di latele gore ba tle ba solegelwe molemo ka botlalo mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete. Fa boleo jwa ga Adame bo tlosiwa gotlhelele, ‘loso lo tla nyelediwa ruri’ ka botlalo. Kwa bofelong jwa dingwaga tse di sekete, Modimo o tla “[nna] dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.” (1 Bakorintha 15:28) Batho ba tla bo ba sa tlhole ba tlhoka motsereganyi wa Moperesiti yo Mogolo kana wa Morekolodi. Batho botlhe ba tla bo ba buseditswe mo boemong jwa go itekanela jo Adame a neng a na le jone kwa tshimologong.

Tsogo e e Nang le Thulaganyo

16. (a) Ke ka ntlha yang fa go utlwala go dumela gore tsogo e tla nna selo se se nang le thulaganyo? (b) Ke bomang bao gongwe ba tla tsogang pele mo baswing?

16 E re ka tsogo ya selegodimo e dirwa ka thulaganyo “mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe,” go bonala sentle gore tsogo ya mo lefatsheng e ka se ka ya baka tlhakatlhakano ya batho ba bantsi thata. (1 Bakorintha 15:23) Ka mo go utlwalang, ba ba sa tswang go tsosiwa ba tla tlhoka go tlhokomelwa. (Bapisa Luke 8:55.) Ba tla tlhoka dijo—mme se se botlhokwa le go feta—thuso ya semoya ya go bona kitso e e nayang botshelo kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Johane 17:3) Fa botlhe ba ne ba tla tsosiwa ka nako e tshwanang, go ne go ka se kgonege go ba tlhokomela sentle. Go a utlwala go akanya gore tsogo e tla diragala kgato ka kgato. Gongwe Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba sa tswang go swa pele fela ga bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane e tla nna bangwe ba ba ba tla tsosiwang pele. Gape re ka lebelela gore banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba tla direlang e le “dikgosana” ba tsosiwe pele.—Pesalema 45:16.

17. Ke dikgang dife tse di malebana le tsogo tse Baebele e sa reng sepe ka tsone, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go itshwenya go sa tlhokege ka dikgang tse di ntseng jalo?

17 Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go gagamala thata mo dikgannyeng tse di ntseng jalo. Mo dikgannyeng tse dintsi Baebele ga e bue sepe. Ga e tlhalose gore batho ba tla tsoga jang, leng e bile kae. Ga e re bolelele gore batho bao ba tla nna kae, ba tla fepiwa jang le gore ba tla apara eng. E bile re ka se ka ra bolela ka tlhomamo gore Jehofa o tla rarabolola jang bothata jwa go godisa le go tlhokomela bana ba ba tsositsweng kana o tla baakanya jang maemo a a ka tswang a ama ditsala tsa rona le baratiwa ba rona. Gone ke boammaaruri, ke ga tlholego fela go ipotsa ka dilo tse di ntseng jalo; mme go tla bo go se botlhale go senya nako e ntsi re leka go araba dipotso tse gone jaanong di sa arabegeng. Re tshwanetse gore re tlhome mogopolo mo go direleng Jehofa ka boikanyegi le mo goreng re bone botshelo jo bo sa khutleng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba beile tsholofelo ya bone mo tsogong e e itumedisang ya selegodimo. (2 Petere 1:10, 11) “Dinku tse dingwe” di solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo. (Johane 10:16; Mathaio 25:33, 34) Malebana le ditlhaloso tse dintsi ka tsogo tse re sa di itseng, re ikanya Jehofa fela. Boitumelo jwa rona jwa isagwe bo babaletswe ke Ene yo o ‘kgorisang keletso ya ditshedi tsotlhe.’—Pesalema 145:16; Jeremia 17:7.

18. (a) Paulo o gatelela phenyo ya eng? (b) Ke ka ntlha yang fa re ikanya tsholofelo ya tsogo ka go tlhatswega pelo?

18 Paulo o konela motlotlo wa gagwe ka go bolela jaana: “Re leboga Modimo, gonne o re naya phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete!” (1 Bakorintha 15:57) Ee, loso lwa ga Adame lo fentswe ka setlhabelo sa thekololo ya ga Jesu Keresete, mme batlodiwa mmogo le “dinku tse dingwe” ba na le seabe mo phenyong eo. Gone mme, “dinku tse dingwe” tse di tshelang gompieno di na le tsholofelo e e tlhomologileng mo kokomaneng eno. Jaaka karolo ya “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega, ba ka nna ba falola “pitlagano e kgolo” e e tlang mme ba bo ba sa swe ka gope! (Tshenolo 7:9, 14) Le fa go ntse jalo, tota le ba ba swang ka ntlha ya “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang” kana ba bolawa ke baemedi ba ga Satane ba ka tshepa tsholofelo ya tsogo.—Moreri 9:11, NW.

19. Ke kgothatso efe e Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go e tsaya tsia gompieno?

19 Ka jalo, re lebeletse pele thata go bona letsatsi le le itumedisang leo fa loso lo tla bo lo nyelediwa ruri. Go ikanya tsholofelo ya ga Jehofa ya tsogo re sa reketle go dira gore re lebe dilo fela jaaka di ntse. Le fa re ka diragalelwa ke eng mo botshelong jono—tota le fa re ka swa—ga go na sepe se se ka re tseelang tuelo e Jehofa a re e solofeditseng. Ka jalo, kgakololo ya bofelo ya ga Paulo e a neng a e neela Bakorintha e tshwanela motlha wa gompieno fela jaaka e ne e tshwanela dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng: “Ka gone, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona ya bonatla ga se ya lefela malebang le Morena.”—1 Bakorintha 15:58.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Paulo o ne a araba jang potso e e malebana le gore batlodiwa ba tla nna le mebele e e ntseng jang fa ba tsosiwa?

◻ Ke leng e bile ke jang loso lo tla nyelediwang ruri?

◻ Ke bomang ba ba tla akarediwang mo tsogong ya selefatshe?

◻ Re tshwanetse ra ikutlwa jang malebana le dikgang tse Baebele e sa reng sepe ka tsone?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Peo e “swa” ka go nna le diphetogo tse dikgolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ba jaaka Noa, Aberahame, Sara le Rahabe, e tla nna bangwe ba bao ba tla tsosiwang

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Tsogo ya baswi e tla nna nako ya boitumelo jo bogolo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela