“Baswi ba Tla Tsosiwa”
“Gonne terompeta e tla gelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa boleng, mme re tla fetolwa.”—1 BAKORINTHA 15:52.
1, 2. (a) Ke tsholofetso efe e e gomotsang e e neng ya neelwa ka moporofeti Hosea? (b) Re itse jang gore Modimo o rata go tsosa baswi gore ba tshele?
A O KILE wa swelwa ke mongwe yo o mo ratang thata? Fa go ntse jalo o itse botlhoko jo loso lo ka bo tlisang. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba gomodiwa ke tsholofetso e Modimo a ileng a e neela ka moporofeti Hosea: “Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong. Loso, dipetso tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ya gago e kae?”—Hosea 13:14.
2 Kgopolo ya gore baswi ba tla boa ba tshela gape e bonala e sa utlwale mo bathong ba ba belaelang. Mme tota Modimo Mothatayotlhe o na le maatla a go dira kgakgamatso e e ntseng jalo! Kgang tota ke gore a Jehofa o rata go tsosa baswi. Monna yo o siameng Jobe o ne a botsa jaana: “Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela?” Morago ga foo o ne a neela karabo eno e e kgothatsang: “[O tla bitsa, mme nna ke tlaa go araba, NW]; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:14, 15) Lefoko “eletsa” le supa go nna le tlhologelelo kana keletso ya mmatota. (Bapisa Pesalema 84:2.) Ee, Jehofa o lebeletse tsogo ya baswi ka tlhoafalo—o eletsa go bona gape ba ba neng ba ikanyega ba ba suleng, ba ba tshelang mo kgopolong ya gagwe.—Mathaio 22:31, 32.
Jesu o Phatsimisa Lesedi Malebana le Tsogo ya Baswi
3, 4. (a) Jesu o ne a re naya lesedi lefe malebana le tsholofelo ya tsogo ya baswi? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tsosiwa e le moya, e seng ka nama?
3 Banna ba bogologolo ba ba neng ba na le tumelo ba ba jaaka Jobe ba ne ba sa itse go le kalo ka tsogo ya baswi. E ne e le Jesu Keresete yo o neng a re naya lesedi malebana le tsholofelo e e itumedisang eno. O ne a supa seabe se segolo se ene ka boene a nang naso fa a ne a bolela jaana: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:36) Botshelo joo bo tla itumelelwa kae? Mo go ba le bantsi ba ba nang le tumelo, e tla nna mo lefatsheng. (Pesalema 37:11) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) Bogosi jwa Modimo ke jwa selegodimo. Ka jalo, tsholofetso eno e bolela gore “letsomanyane” le tla tshwanela go nna le Jesu kwa legodimong e le dibopiwa tsa semoya. (Johane 14:2, 3; 1 Petere 1:3, 4) A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne! Jesu o ne a senolela moaposetoloi Johane gape gore “letsomanyane” leno e tla nna ba le 144 000 fela.—Tshenolo 14:1.
4 Le fa go ntse jalo, ba ba 144 000 ba tla tsena jang mo kgalalelong ya legodimo? Jesu o “phatsimisitse lesedi mo botshelong le bosaboleng ka dikgang tse di molemo.” Ka madi a gagwe, o ne a tlhomamisa “tsela e ntšha le e e tshelang” go tsena kwa legodimong. (2 Timotheo 1:10; Bahebera 10:19, 20) Sa ntlha, o ne a swa, jaaka Baebele e ne ya bolelela pele. (Isaia 53:12) Mme jaaka moaposetoloi Petere a ne a bolela moragonyana gore “Jesu yono Modimo o ne wa mo tsosa mo losong.” (Ditiro 2:32) Le fa go ntse jalo Jesu ga a ka a tsosiwa e le motho. O ne a ile a bolela jaana: “Senkgwe se ke tla se nayang ke nama ya me mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe.” (Johane 6:51) Fa a ka bo a ile a boa a tsaya nama ya gagwe go ne go tla dira gore setlhabelo seo se se ka sa dira. Ka jalo Jesu o ne a “bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa mo moyeng.” (1 Petere 3:18) Ka jalo Jesu o ne “a re bonela kgololo ya bosakhutleng,” ke gore a re bonela “letsomanyane.” (Bahebera 9:12) O ne a naya Modimo tlhwatlhwa ya botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho go nna thekololo ya batho ba ba leofileng, mme ba ba 144000 e ne ya nna ba ntlha go solegelwa molemo ke seno.
5. Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba newa tsholofelo efe?
5 Jesu o ne a ka se ka a nna ene fela yo o tsosediwang botshelo jwa selegodimo. Paulo o ne a bolelela Bakeresetekaene kwa Roma gore ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo gore ba nne barwa ba Modimo le baruaboswammogo le Keresete fa ba ne ba ka tlhomamisa go tlodiwa ga bone ka go itshoka go fitlha kwa bofelong. (Baroma 8:16, 17) Paulo o ne a tlhalosa gape jaana: “Fa e le gore jaanong re tshwaragane le ene mo losong lo lo tshwanang le lwa gagwe, eleruri gape re tla tshwaragana le ene mo tsogong e e tshwanang le ya gagwe.”—Baroma 6:5.
Go Femela Tsholofelo ya Tsogo ya Baswi
6. Ke ka ntlha yang fa go dumela mo tsogong ya baswi go ne go tlhaselwa kwa Korintha, mme moaposetoloi Paulo o ne a arabela jang?
6 Tsogo ya baswi ke karolo ya “thuto ya motheo” ya Bokeresete. (Bahebera 6:1, 2) Le fa go ntse jalo, thuto eno e ne e tlhasetswe kwa Korintha. Bangwe mo phuthegong ba go bonalang fa ba ne ba tlhotlhelediwa ke botlhalefi jwa Segerika ba ne ba bolela ba re: “Ga go na tsogo ya baswi.” (1 Bakorintha 15:12) Fa dipego tseno di fitlha kwa go moaposetoloi Paulo, o ne a simolola go femela tsholofelo ya tsogo ya baswi, segolobogolo tsholofelo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. A re tlhatlhobeng mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go 1 Bakorintha kgaolo 15. O tla fitlhela go go solegela molemo fa e le gore o badile kgaolo eno yotlhe, jaaka go ile ga akantshiwa mo setlhogong se se fetileng.
7. (a) Paulo o ne a tlhoma mogopolo mo kgannyeng efe e e botlhokwatlhokwa? (b) Ke bomang ba ba neng ba bona Jesu yo o tsositsweng?
7 Mo ditemaneng tse pedi tsa ntlha tsa 1 Bakorintha kgaolo 15, Paulo o simolola setlhogo sa puisano ya gagwe jaana: “Bakaulengwe, ke lo itsise dikgang tse di molemo tse ke neng ka di lo bolelela, tse gape lo neng lwa di amogela, tse gape lo emeng mo go tsone, tse gape lo bolokwang ka tsone, . . . ntle lefa, tota, lo ne lwa nna badumedi kwantle ga boikaelelo.” Fa Bakorintha ba ne ba palelwa ke go ema ba nitame mo dikgannyeng tse di molemo, ba amogetse boammaaruri lefela. Paulo o ne a tswelela jaana: “Ke ne ka fetisetsa mo go lona, gareng ga dilo tsa ntlha, se le nna ke neng ka se amogela, gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo; le gore o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi. Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo santseng bo le gone go fitlha jaanong, mme bangwe ba robetse mo losong. Morago ga moo o ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe; mme kwa bofelong a bonala le mo go nna jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako.”—1 Bakorintha 15:3-8.
8, 9. (a) Go dumela mo tsogong ya baswi go botlhokwa go le kanakang? (b) E ka tswa e ne e le ka nako efe fa Jesu a ne a bonala mo “bakaulengwe[ng] ba ba fetang makgolo a le matlhano”?
8 Mo go ba ba neng ba amogetse dikgang tse di molemo, go dumela gore Jesu o tsositswe mo baswing e ne e se selo se ba neng ba ka se itlhophela. Go ne go na le basupi ba le bantsi ba ba neng ba ka tlhomamisa gore “Keresete o ne a swela maleo a rona” le gore o ile a tsosiwa mo baswing. Mongwe wa bone e ne e le Kefase, kana Petere ka tsela e a itsegeng botoka ka yone. Fa Petere a sena go itatola Jesu mo bosigong jwa go okiwa le go tshwarwa ga ga Jesu, o tshwanetse a bo a ile a gomodiwa thata ke go bo Jesu a ne a bonala mo go ene. “Ba ba lesome le bobedi,” ke gore baaposetoloi e le setlhopha, le bone ba ne ba etelwa ke Jesu yo o tsositsweng mo baswing—tiragalo e kwantle ga pelaelo e neng ya ba thusa gore ba se ka ba boifa mme ba nne basupi ba ba pelokgale ba ba ka bolelang gore Jesu o tsositswe mo baswing.—Johane 20:19-23; Ditiro 2:32.
9 Keresete o ne a bonala gape mo setlhopheng se segolwane, “bakaulengwe ba ba fetang makgolo a le matlhano.” E re ka e ne e le kwa Galalea fela mo a neng a na le balatedi ba bantsi jalo, e ka tswa e ne e le ka nako e e tlhalosiwang mo go Mathaio 28:16-20, e ka yone Jesu a neng a ntsha taolo ya gore go dirwe barutwa. A bo batho bano ba ne ba tla neela bosupi jo bo maatla jang ne! Bangwe ba ne ba sa ntse ba tshela ka 55 C.E. fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha lekwalo leno la ntlha. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ba ba neng ba swa go ne go buiwa ka bone e le “ba ba robetseng mo losong.” Ba ne ba ise ba tsosiwe mo baswing gore ba amogele tuelo ya bone ya selegodimo.
10. (a) Go kopana ga ga Jesu la bofelo le barutwa ba gagwe go ne ga ba ama jang? (b) Jesu o ne a bonala jang kwa go Paulo “jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako”?
10 Mosupi yo mongwe yo o tlhomologileng yo o boneng tsogo ya ga Jesu ke Jakobe, morwa Josefa le Maria mmaagwe Jesu. Pele ga tsogo, go bonala fa Jakobe e ne e se modumedi. (Johane 7:5) Mme fa Jesu a sena go bonala kwa go ene, Jakobe o ne a nna modumedi mme gongwe o ne a nna le seabe mo go sokololeng bomorwarraagwe ba bangwe. (Ditiro 1:13, 14) Fa a ne a kopana le barutwa ba gagwe la bofelo, ka nako ya fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a ba roma gore ba nne “basupi . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:6-11) Moragonyana, o ne a bonala kwa go Saulo wa Tareso, mmogisi wa Bakeresete. (Ditiro 22:6-8) Jesu o ne a bonala kwa go Saulo “jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako.” Go ne go ntse jaaka e kete Saulo o setse a tsositswe mo baswing a tsosediwa botshelo jwa semoya mme a kgona go bona Morena yo o galaleditsweng makgolokgolo a dingwaga pele ga nako ya gagwe ya go tsosiwa. Tiragalo eno e ne ya emisa Saulo go dira tiro ya gagwe e e setlhogo ya go ganetsa phuthego ya Bokeresete a sa lebelela mme ya mo fetola ka tsela e e gakgamatsang. (Ditiro 9:3-9, 17-19) Saulo o ne a nna moaposetoloi Paulo, yo e neng e le mongwe wa ba ba neng ba lwela tumelo ya Bokeresete thata.—1 Bakorintha 15:9, 10.
Go Dumela mo Tsogong ya Baswi go Botlhokwa
11. Paulo o ne a supa jang fa go bolela gore “Ga go na tsogo ya baswi” e le phoso?
11 Ka jalo go tsoga ga ga Jesu mo baswing e ne e le selo se se nang le bosupi jo bontsi tota. “Jaanong fa e le gore Keresete o a rerwa gore o tsositswe mo baswing,” Paulo o tlhalosa jalo, “go tla jang gore bangwe gareng ga lona ba re ga go na tsogo ya baswi?” (1 Bakorintha 15:12) Ba ba ntseng jalo ba ne ba sa belaele fela kana ba botsa dipotso kaga tsogo ya baswi mme ba ne ba bua puo phaa gore ga ba e dumele. Ka jalo Paulo o senola tsela e dikakanyo tsa bone di leng phoso ka yone. A re fa e ne e le gore Keresete o ne a sa tsosiwa, molaetsa wa Bokeresete e ne e le maaka, mme ba ba neng ba supa ka tsogo ya ga Keresete e ne e le “basupi ba maaka ba Modimo.” Fa e le gore Keresete ga a ka a tsosiwa, ga go na thekololo epe e e duetsweng Modimo; Bakeresete ba ne ba ‘sa ntse ba le mo maleong a bone.’ (1 Bakorintha 15:13-19; Baroma 3:23, 24; Bahebera 9:11-14) Mme Bakeresete ba ba neng ba “robala mo losong,” bangwe ba bone e le baswelatumelo, ba ile ba nyelela ba se na tsholofelo epe ya mmatota. A bo Bakeresete ba ka bo ba le mo boemong jo bo tlhomolang pelo jang ne fa e le gore botshelo jono ke jone fela jo ba ka bo lebelelang! Go boga ga bone e ka bo e ne e le ga lefela.
12. (a) Go bolelwa eng ka go bitsa Keresete “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong”? (b) Keresete o ne a dira jang gore baswi ba kgone go tsosiwa?
12 Le fa go ntse jalo, go ne go sa nna jalo. Paulo o tswelela jaana: “Keresete o tsositswe mo baswing.” Mo godimo ga moo, ke “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” (1 Bakorintha 15:20) Fa Baiseraele ka kutlo ba ne ba neela Jehofa mabutswapele a maungo a bone, Jehofa o ne a ba segofatsa ka thobo e kgolo. (Ekesodo 22:29, 30; 23:19; Diane 3:9, 10) Ka go bitsa Keresete “mabutswapele,” Paulo o supa gore go na le thobo e nngwe ya batho ba ba tla tsosiwang mo baswing ba tsosediwa botshelo jwa selegodimo. Paulo o bolela jaana: “E re ka loso lo le ka motho, tsogo ya baswi le yone e ka motho. Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe baa swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:21, 22) Jesu o ne a dira gore tsogo e kgonege ka go neela botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng go nna thekololo, a bulela batho tsela ya gore ba gololwe mo bokgobeng jwa boleo le loso.—Bagalatia 1:4; 1 Petere 1:18, 19.a
13. (a) Tsogo ya selegodimo e diragala leng? (b) Go direga jang gore batlodiwa bangwe ba se ka ba “robala mo losong”?
13 Paulo o tswelela jaana: “Mme mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba ba leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe.” (1 Bakorintha 15:23) Keresete o ne a tsosiwa mo baswing ka 33 C.E. Le fa go ntse jalo, balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng—“ba ba leng ba ga Keresete”—ba ne ba tla tshwanela go leta go fitlha ka bonako morago ga gore Jesu a simolole go nna gone mo bogosing jwa gagwe, e leng se boporofeti jwa Baebele bo supang gore se ile sa diragala ka 1914. (1 Bathesalonika 4:14-16; Tshenolo 11:18) Go tweng ka ba ba tla bong ba tshela mo nakong ya go nna gone goo? Paulo o bolela jaana: “Bonang! Ke lo bolelela sephiri se se boitshepo: Ga re na go robala rotlhe mo losong, mme rotlhe re tla fetolwa, ka nakwana, ka ponyo ya leitlho, mo nakong ya terompeta ya bofelo. Gonne terompeta e tla gelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa boleng, mme re tla fetolwa.” (1 Bakorintha 15:51, 52) Ka mo go phepafetseng, ga se batlodiwa botlhe ba ba robalang mo lebitleng ba letile tsogo ya baswi. Ba ba swang ka nako ya go nna gone ga ga Keresete ba fetolwa ka ponyo ya leitlho.—Tshenolo 14:13.
14. Batlodiwa ba ‘kolobediwa ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng’ jang?
14 Paulo o botsa jaana: “Go seng jalo, ba tla dirang ba ba kolobediwang ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng? Fa e le gore baswi ga ba na go tsosiwa ka gope, ke ka ntlha yang fa gape ba kolobediwa ka boikaelelo jwa gore ba nne jalo? Ke ka ntlha yang fa le rona re le mo kotsing nako nngwe le nngwe?” (1 Bakorintha 15:29, 30) Paulo o ne a sa reye gore batho ba ba tshelang ba kolobediwa mo boemong jwa ba ba suleng, jaaka dithanolo dingwe tsa Baebele di dira gore go lebege jalo. Gone mme, kolobetso e amana le go nna morutwa wa Mokeresete, mme meya e e suleng e ka se ka ya nna barutwa. (Johane 4:1) Go na le moo, Paulo o ne a bua ka Bakeresete ba ba tshelang, bao bontsi jwa bone, jaaka Paulo ka boene ba neng ba le “mo kotsing nako nngwe le nngwe.” Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ‘kolobeditswe mo losong lwa ga Keresete.’ (Baroma 6:3) Fa e sa le ka nako ya fa ba tlodiwa, ba ne ba “kolobediwa” jaaka go ka tualo, mo tseleng e e tla dirang gore ba swe loso lo lo tshwanang le lwa ga Keresete. (Mareko 10:35-40) Ba ne ba tla swa ka tsholofelo ya go bona tsogo e e galalelang ya selegodimo.—1 Bakorintha 6:14; Bafilipi 3:10, 11.
15. Ke dikotsi dife tse Paulo a ka tswang a ne a lebane natso, mme go dumela mo tsogong go ne ga mo thusa jang go di itshokela?
15 Paulo jaanong o tlhalosa gore ene ka boene o ne a lebane le kotsi mo e leng gore o ne a ka bolela jaana: “Letsatsi le letsatsi ke lebana le loso.” Fa e le gore go na le ba ba mo latofatsang ka gore o feteletsa dilo, Paulo o oketsa jaana: “Seno ke se rurifatsa ka go kgana ka ntlha ya lona, bakaulengwe, mo ke nang le gone mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” The Jerusalem Bible e ranola temana eno jaana: “Ke lebana le loso letsatsi le letsatsi, bakaulengwe, mme ke ikana ka boipelafatso jo ke nang najo ka lona mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” Go neela sekai sa dikotsi tse a neng a lebana natso, mo temaneng ya 32, Paulo o bua ka ‘go tlhabana le diphologolo tsa naga kwa Efeso.’ Gantsi Baroma ba ne ba bolaya dikebekwa ka go di latlhela mo diphologolong tsa naga mo dipatlelong tsa metshameko. Fa e le gore Paulo o ne a itshokela go lwa le diphologolo tsa naga tsa mmatota, o ne a ile a falola fela ka thuso ya ga Jehofa. Fa a ne a se na tsholofelo ya go tsoga mo baswing, go tlhopha botshelo jo bo mo tsenyang mo kotsing e e ntseng jalo e ne e ka bo e le boeleele tota. Fa a ne a se na tsholofelo ya botshelo mo isagweng, go itshokela mathata le go intsha setlhabelo gore a direle Modimo go ne go se kitla go nna le mosola ope. Paulo o bolela jaana: “Fa e le gore baswi ga ba na go tsosiwa, ‘a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.’”—1 Bakorintha 15:31, 32; bona 2 Bakorintha 1:8, 9; 11:23-27.
16. (a) Polelwana ya gore “a re jeng re nweng, ka gonne ka moso re tla bo re sule” e ka tswa e simologile kae? (b) Dikotsi tsa go nna le boikutlo jono e ne e le dife?
16 Paulo o ka tswa a ile a nopola Isaia 22:13, e e tlhalosang boikutlo jo bo diphatsa jwa baagi ba ba sa utlweng ba Jerusalema. Kana o ka tswa a ne a akantse ka ditumelo tsa Baepikuria, ba ba neng ba sotla tsholofetso ya botshelo morago ga loso mme ba dumela gore monate wa nama ke molemo o mogolo thata mo botshelong. Le fa e ka tswa e le eng, botlhajana jwa gore a re “jeng re nweng” bo ne bo sa siama. Ka jalo, Paulo o tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa timediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” (1 Bakorintha 15:33) Go ikopanya le ba ba neng ba gana tsogo ya baswi go ne go ka nna kotsi. Bokopano jo bo ntseng jalo bo ka tswa bo ne bo na le seabe se segolo mo mathateng a Paulo a neng a tshwanetse go a rarabolola kwa phuthegong ya Korintha, a a jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, dikgaogano, go isana kwa kgotlatshekelong le go sa tlotle Sejo sa Maitseboa sa Morena.—1 Bakorintha 1:11; 5:1; 6:1; 11:20-22.
17. (a) Paulo o ne a neela Bakorintha kgothatso efe? (b) Ke dipotso dife tse di sa ntseng di tlhoka go arabiwa?
17 Ka jalo Paulo o naya Bakorintha kgothatso eno e e molemo: “Tlhapogelwang ka tsela e e siameng mme lo se ka lwa dira boleo e le tlwaelo, gonne bangwe ke ba ba se nang kitso ya Modimo. Ke bua go dira gore lo tlhabiwe ke ditlhong.” (1 Bakorintha 15:34) Go nna le boikutlo jo bo sa siamang ka tsogo ya baswi go ne ga dira gore bangwe ba otsele mo semoyeng, jaaka e kete ba tagilwe. Ba ne ba tlhoka go tsoga gore ba nne ba tlhapogetswe. Bakeresete ba ba tloditsweng le bone gompieno ba tlhoka go nna ba tsogile mo semoyeng, ba sa tlhotlhelediwe ke dipono tsa lefatshe tsa go belaela. Ba tshwanetse gore ba ngaparele tsholofelo ya bone ya tsogo ya selegodimo. Mme go sa ntse go sala dipotso—mo Bakorintheng ba nako eo le mo go rona gompieno. Ka sekai, ba ba 144 000 ba tsosediwa legodimong ba le mo sebopegong sefe? Mme go tweng ka dimilione tse di sa ntseng di le kwa mabitleng mme di se na tsholofelo ya selegodimo? Tsogo ya baswi e tla kaya eng mo go ba ba ntseng jalo? Mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla tlhatlhoba puisano e e setseng ya ga Paulo malebana le tsogo ya baswi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa February 15, 1991, go bona tlhaloso ya thekololo.
A o A Gakologelwa?
◻ Jesu o ne a re naya lesedi lefe malebana le tsogo ya baswi?
◻ Ke bomang ba e neng e le bangwe ba basupi ba tsogo ya ga Keresete?
◻ Ke ka ntlha yang fa thuto ya tsogo ya baswi e ne e gwetlhiwa, mme Paulo o ne a arabela jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba dumele mo tsogong ya baswi?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Morwadia Jairo o ne a nna bosupi jwa gore tsogo ya baswi e tla diragala
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Kwantle ga tsholofelo ya tsogo ya baswi, go swela tumelo ga Bakeresete ba ba ikanyegang e ne e tla bo e le ga lefela