A o Anaanela Phuthego ya ga Jehofa?
“Go bua jaana Jehofa, a re ‘Legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao.’”—ISAIA 66:1.
1, 2. (a) O ka tlhalosa bosupi bofe jo bo bonalang jwa gore phuthego ya ga Jehofa e gone? (b) Jehofa o nna kae?
A O DUMELA gore Jehofa o na le phuthego? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa o dumela jalo? O ka nna wa araba ka gore: ‘Ebu, re na le Holo ya Bogosi. Re na le phuthego e e rulagantsweng sentle e e nang le setlhopha sa bagolwane. Re na le molebedi wa potologo yo o tshwanelegang yo o tlhomilweng, yo o re etelang ka metlha. Re nna gone kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tse di rulagantsweng. Re na le ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower mo nageng ya rona. Eleruri, seno sotlhe le tse dingwe tse dintsi di supa gore Jehofa o na le phuthego e e dirang.’
2 Dikarolo tse di ntseng jalo di neela bosupi jwa gore go na le phuthego. Mme fa e le gore sotlhe se re se bonang le se re se lemogang se mo lefatsheng fela, go raya gore ga re tlhaloganye phuthego ya ga Jehofa ka botlalo. Jehofa o ne a bolelela Isaia gore lefatshe ke sebeo fela sa dinao tsa Gagwe, mme magodimo ke setulo sa Gagwe sa bogosi. (Isaia 66:1) Ke “legodimo” lefe le Jehofa a neng a bua ka lone? A o ne a bua ka lefaufau la rona? A o ne a bua ka loapi? Kana ka botshelo bongwe? Isaia o bolela ka ‘bonno jo bo boitshepo, le jwa kgalalelo’ jwa ga Jehofa, mme mopesalema o tlhalosa magodimo ano e le ‘felo ga boago jwa gagwe.’ Ka gone, “legodimo” mo go Isaia 66:1 le bolela lefelo le le sa bonaleng la meya le mo go lone Jehofa a nnang mo boemong jo bo tlotlometseng, kana jo bo kwa godimodimo.—Isaia 63:15; Pesalema 33:13, 14.
3. Re ka fedisa dipelaelo jang?
3 Ka gone, fa tota re batla go tlhaloganya le go anaanela phuthego ya ga Jehofa, re tshwanetse go leba kwa magodimong. Mme bangwe ba na le bothata mo ntlheng eno. E re ka phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo e sa bonale, re itse jang gore tota e gone? Bangwe ba ka nna ba belaela, ba ipotsa gore, ‘Re ka tlhomamisega jang?’ Ebu, tumelo e ka fedisa pelaelo jang? Ditsela tse pedi tsa konokono ke go ithuta Lefoko la Modimo thata le go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go tsaya karolo mo go tsone. Go tswa foo re ka fedisa dipelaelo tsa rona ka lesedi la boammaaruri. Go ile ga nna le batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ba neng ba na le dipelaelo. A re sekasekeng kgang ya motlhanka mongwe wa ga Elisha fa Iseraele e ne e tlhasetswe ke kgosi ya Siria.—Bapisa Johane 20:24-29; Jakobe 1:5-8.
Mongwe yo o Boneng Masomosomo a Legodimo
4, 5. (a) Motlhanka wa ga Elisha o ne a na le bothata bofe? (b) Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Elisha jang?
4 Kgosi ya Siria e ne ya roma masole a mantsi bosigo kwa Dothane go ya go tshwara Elisha. E rile fa motlhanka wa ga Elisha a tsoga maphakela thata a bo a tswela kwa ntle, gongwe a ne a ile go iphokisa phefo e e monatšana kwa borulelong jo bo sephara jwa bonno jo bo ka fa Botlhabagare, ebu, a bo a ne a tshoga jang ne! Masole otlhe a Basiria le dipitse le dikara tsa ntwa di ne di dikanyeditse motse, a emetse go tshwara moporofeti wa Modimo. Motlhanka o ne a goa Elisha jaana: “Ija, mong wa me we! re tlaa dira jang?” Go bonala Elisha a ne a araba jaana a ritibetse e bile a na le tumelo: “Se boife; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” Motlhanka yono o tshwanetse a bo a ile a ipotsa gore, ‘Ba kae? Ga ke ba bone!’ Ka dinako tse dingwe re ka nna le bothata jo bo tshwanang le joo—go palelwa ke go bona ka matlho a tlhaloganyo, kana go lemoga, masomosomo a legodimo.—2 Dikgosi 6:8-16; Baefeso 1:18.
5 Elisha o ne a rapelela gore matlho a motlhanka wa gagwe a bulege. Go ne ga diragala eng morago ga moo? “Jehofa a budulola matlho a lekau; mme a leba, mme bonang, thaba ya bo e tletse dipitse le dikara tsa molelo tikologong ya ga Eliša.” (2 Dikgosi 6:17) Ee, o ne a bona masomosomo a legodimo, masole a baengele ba emetse go sireletsa motlhanka wa Modimo. Ke gone jaanong a neng a tlhaloganya tshepo e Elisha a neng a na le yone.
6. Re ka bona temogo jang mo phuthegong ya ga Jehofa ya selegodimo?
6 A ka dinako tse dingwe le rona re na le bothata jwa go lemoga dilo jo bo tshwanang le jo motlhanka wa ga Elisha a neng a na le jone? A re sekametse mo go boneng fela maemo a a bonwang ka matlho a nama a a re tshosetsang kana mo go boneng fela tiro ya Bokeresete mo dinageng dingwe? Fa go le jalo a re ka lebelela go bona ponatshegelo e e kgethegileng gore e re sedimosetse? Nnyaa, ka gonne re na le sengwe se motlhanka wa ga Elisha a neng a se na sone—buka e e feletseng e e nang le diponatshegelo di le dintsi, e leng Baebele, e e ka re lemotshang ka phuthego ya selegodimo. Lefoko leo le le tlhotlheleditsweng gape le re neela melaometheo e e re kaelang gore re tlhamalatse tsela e re akanyang ka yone le ya botshelo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re batle temogo le go tlhagolela go anaanela thulaganyo ya ga Jehofa. Mme seo re ka se dira ka go ithuta ka namana, le ka thapelo le go tlhatlhanya.—Baroma 12:12; Bafilipi 4:6; 2 Timotheo 3:15-17.
Go Ithuta Gore o Tlhaloganye
7. (a) Ke bothata bofe jo bangwe ba ka nnang le jone malebana le go ithuta Baebele ka namana? (b) Ke ka ntlha yang fa thuto ya motho ka namana e le botlhokwa jaana?
7 Go ithuta ka namana ga se selo se se itumedisang mo bathong ba le bantsi, ba ba jaaka batho ba ba neng ba sa itumelele go ithuta kwa sekolong kana ba ise ba nne le sebaka sa go ithuta. Le fa go ntse jalo, fa re batla go tlhaloganya le go anaanela phuthego ya ga Jehofa ka matlho a rona a tlhaloganyo, re tshwanetse go tlhagolela keletso ya go ithuta. A o ka itumelela dijo tse di monate di sa apewa? Fela jaaka moapei ope fela a ka go bolelela, dijo tse di monate di tlhoka nako e ntsi gore di baakanyediwe. Le fa go ntse jalo, di ka jewa mo sephatlong sa ura kana nako e e kwa tlase ga eo. Mo letlhakoreng le lengwe, melemo ya go ithuta e ka nna ya botshelo jotlhe. Thuto ya motho ka namana e ka nna sengwe se re ka ithutang go se itumelela fa re bona kgatelopele e re e dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela ka tshwanelo gore re tshwanetse go itlhokomela le go tlhokomela go ruta ga rona re bo re tswelele pele re dira bojotlhe mo go baleng phatlalatsa. Go tlhokega boiteko jo re bo dirang ka metlha, mme melemo ya gone e ka nnela ruri.—1 Timotheo 4:13-16.
8. Diane e kgothaletsa gore re nne le boikutlo bofe?
8 Monna mongwe yo o botlhale wa bogologolo o kile a bolela jaana: “Morwaaka [kana, morwadiake], fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena, wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago; fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.”—Diane 2:1-5.
9. (a) Boleng jwa gouta bo ntse jang fa bo bapisiwa le “kitso ya Modimo”? (b) Ke didirisiwa dife tse re di tlhokang gore re nne le kitso e e tlhomameng?
9 A o lemoga gore boikarabelo ke jwa ga mang? Go boaboelediwa thata ‘Fa o.’ Mme ela tlhoko mafoko a a reng “Fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng.” Akanya ka badiri ba meepo ba ka makgolokgolo a dingwaga ba neng ba epa selefera le gouta kwa, Afrika Borwa, Bolivia, Mexico le kwa dinageng tse dingwe. Ba ne ba dira ka natla, ba dirisa dipeke le digarawe, gore ba epolole leje le ba tla bonang matlapa ano a a tlhokegang mo go lone. Ba ne ba tsaya gouta e le botlhokwa thata jaana mo e leng gore kwa moepong mongwe wa kwa California, U.S.A., ba ne ba epa megogoro ya dikilometara di le 591, boteng jwa yone e ka nna dikilometara di le 1,5—e le fela gore ba bone gouta. Le fa go ntse jalo, a o ka ja gouta? A o ka nwa gouta? A e ka go kgorisa fa o le mo sekakeng o bolawa ke tlala le lenyora? Nnyaa, botlhokwa jwa yone bo itiretswe e bile bo ikaegile ka gore a motho o a bo rata, bo ntse bo fetoga letsatsi le letsatsi jaaka go bontshiwa ke dimmaraka tsa boditšhabatšhaba. Le fa go ntse jalo, banna ba ile ba swa ka ntlha ya yone. Jaanong go tshwanetse ga dirwa boiteko jo bo kana kang go bona gouta ya semoya, e leng “kitso ya Modimo”? Akanya fela ka gone, kitso ya Morena Molaodi wa lobopo, phuthego ya gagwe le maikaelelo a gagwe! Mo ntlheng eno, re ka dirisa dipeke le digarawe tsa semoya. Tseo ke dibuka tse di theilweng mo Baebeleng tse di re thusang go epa mo Lefokong la ga Jehofa le go lemoga se le se bolelang.—Jobe 28:12-19.
Go Epa E le Go Bona Temogo
10. Ke eng se Daniele a neng a se bona mo ponatshegelong?
10 A re epeng ka tsela ya semoya e le gore re simolole go itse sentle phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa. Gore re nne le temogo ya konokono, a re boeleng kwa ponatshegelong ya ga Daniele ya Mongwe yo o leng Mogologolo mo setulong sa gagwe sa bogosi. Daniele o kwala jaana: “Ka nna ka leba ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng mogologolo; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka boboa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pomponyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.” (Daniele 7:9, 10) Ke bomang bano ba ba diketekete ba ba neng ba direla Jehofa? Ditshupiso tse di fa thoko mo go New World Translation, tse di dirisitsweng jaaka “dipeke” le “digarawe,” di re isa kwa ditemaneng tse di jaaka Pesalema 68:17 le Bahebera 1:14. Ee, ba ba neng ba mo direla e ne e le baengele ba legodimo!
11. Ponatshegelo ya ga Daniele e ka re thusa jang gore re tlhaloganye mafoko a ga Elisha?
11 Pego ya ga Daniele ga e bolele gore o ne a bona baengele botlhe ba ba ikanyegang ba ba mo taolong ya Modimo. Go ka nna ga bo go na le dimilione tse dingwe tsa bone. Mme tota jaanong re ka lemoga lebaka la go bo Elisha a ne a ka bolela jaana: “Ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.” Masole a kgosi ya Siria, le mororo a ne a engwe nokeng ke baengele ba ba sa ikanyegeng, e leng badimona, a ne a fetwa ke masole a selegodimo a ga Jehofa!—Pesalema 34:7; 91:11.
12. O ka itse mo gontsi ka baengele jang?
12 Gongwe o ka rata go itse mo gontsi ka baengele bano, jaaka seabe se ba se dirang mo go direleng Jehofa. Go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang moengele, re ka bona gore ke barongwa ka gonne gape le kaya “morongwa.” Le fa go ntse jalo, ba dira ditiro tse dintsi thata. Le fa go le jalo, gore o itse se ba se dirang, o tshwanetse go epa. Fa o na le Insight on the Scriptures, o ka ithuta setlhogo se se reng “Angels,” kana o ka leba ditlhogo tsa nako e e fetileng mo makasineng wa Tora ya Tebelo tse di bolelang ka baengele. O tla gakgamadiwa ke go bona gore o tla ithuta mo gontsi go le kana kang ka batlhanka bano ba selegodimo ba Modimo mme o bo o anaanela thuso ya bone. (Tshenolo 14:6, 7) Le fa go ntse jalo, mo phuthegong ya Modimo ya selegodimo, dibopiwa dingwe tsa semoya di dira ditiro tse di kgethegileng.
Se Isaia a se Boneng
13, 14. Ke eng se Isaia a neng a se bona mo ponatshegelong, mme seno se ne sa mo ama jang?
13 Jaanong a re epeng mo ponatshegelong ya ga Isaia. Fa o bala kgaolo 6, temana 1 go ya go 7, o tshwanetse wa kgatlhwa ke se o se balang. Isaia o bolela gore o ne a “bona Morena a dutse mo setulong sa bogosi,” mme “fa godimo ga gagwe ga bo go eme boserafe.” Ba ne ba bolela kgalalelo ya ga Jehofa, ba tlotlomatsa boitshepo jwa gagwe. O tshwanetse wa amiwa ke seno tota le fa o bala pego eno. Isaia o ne a itshwara jang? “Ka bua, ka re: ‘Ija! Nna wee! Gonne ke latlhegile [mo Sheole]; ka ke le motho yo ke dipounama di leswe, ke bile ke agile fa gare ga batho ba ba dipounama di leswe; gonne matlho a me a bonye Kgosi, Jehofa wa masomosomo.’” A bo a ne a kgatlhiwa ke ponatshegelo eno jang ne! A le wena e a go kgatlha?
14 Ka jalo Isaia o ne a kgona jang go itshokela pono eno e e galalelang? O tlhalosa gore serafe o ne a tla go mo thusa mme a re: “Boikepo jwa gago bo tlositswe, le boleo jwa gago bo tlhatswitswe.” (Isaia 6:7) Isaia o ne a ikanya boutlwelobotlhoko jwa Modimo le go reetsa mafoko a ga Jehofa. Jaanong, a o ka se rate go itse mo gontsi ka dibopiwa tseno tsa semoya tsa maemo a a kwa godimo? Ka gone ke eng se o tshwanetseng go se dira? Epa tshedimosetso e nngwe. Thuso e nngwe e o ka e dirisang ke Watch Tower Publications Index, o leba dibuka di le dintsi tse di sedimosang tse e tla go isang kwa go tsone.
Ke Eng se Esekiele a Neng a se Bona?
15. Ke eng se se supang gore ponatshegelo ya ga Esekiele e a ikanyega?
15 A re yeng gape kwa mofuteng o mongwe wa popo ya semoya. Esekiele o ne a na le tshiamelo ya go bona ponatshegelo e e tlhotlheletsang fa a ne a sa ntse a le kwa botshwarong kwa Babelona. Bula Baebele ya gago mo go Esekiele kgaolo 1, mo ditemaneng tse tharo tsa ntlha. Pego eno e simolola jang? A e bolela gore, ‘Gatwe e rile, kwa nageng nngwe e e kgakala . . .’? Nnyaa, seno ga se tlhamane e e kwadilweng ka tsela ya mainane. Temana ya 1 e bolela jaana: “Jaana ga dira[ga]la e rile ka ngwaga wa 30, ka kgwedi ya bone, ka letsatsi la botlhano la kgwedi, ke le mo batshwarwing fa nokeng ya Kebare, magodimo a atlhamologa; mme ka bona diponatshegelo tsa Modimo.” Ke eng se o se lemogang ka temana eno? E neela letlha le le tlhomameng le lefelo le le tlhomameng. Dintlha tseno di tlhalosa ngwaga wa botlhano wa go tshaba ga Kgosi Joiakine, ka ngwaga wa 613 B.C.E.
16. Ke eng se Esekiele a neng a se bona?
16 Seatla sa ga Jehofa se ne se le mo go Esekiele, mme o ne a simolola go bona ponatshegelo e e boitshegang ya ga Jehofa a le mo setulong sa bogosi mo kareng e kgolo ya selegodimo e e neng e na le maotwana a magolo le matlho mo tikologong yotlhe ya digogoropo. Ntlha e e kgatlhang fano ke gore go ne go na le dibopiwa di le nnè, nngwe le nngwe e eme fa leotwaneng. “E ke yone ponalo ya tsone; di ne di na le setshwano sa motho. Sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le difatlhogo di le nne, e bile sengwe le sengwe sa tsone sa bo se na le diphuka di le nne. . . . Ka ga setshwano sa difatlhogo tsa tsone, di ne di na le sefatlhogo sa motho; mme mo ntlheng ya ka fa tsogong le legolo di ne di na le sefatlhogo sa tau tsoo nne; mme ka fa ntlheng ya la molema di ne di na le sefatlhogo sa [poo] tsoo nne; di bile di na le sefatlhogo sa ntswi yo motona tsoo nne.”—Esekiele 1:5, 6, 10.
17. Difatlhego tse nnè tsa ditšheruba di emela eng?
17 Dibopiwa tseno tse nnè e ne e le eng? Esekiele ka boene o re bolelela gore e ne e le ditšheruba. (Esekiele 10:1-3, 14) Ke ka ntlha yang fa di ne di na le difatlhego tse nnè? Go emela dinonofo tse nnè tse di tlhomologileng tsa Morena Molaodi Jehofa. Sefatlhego sa ntsu se ne se tshwantshetsa botlhale jo bo bonelang kgakala. (Jobe 39:27-29) Sefatlhego sa poo se ne se emela eng? Ka maatla a magolo a molala wa yone le marota a yone, poo e e lwang go ne go itsiwe gore e ka tsholeletsa pitse le mopalami wa yone mo moyeng. Ruri, poo e tshwantshetsa maatla a ga Jehofa a a senang selekanyo. Tau yone e dirisiwa go tshwantshetsa tshiamiso e e pelokgale. La bofelo, sefatlhego sa motho ka tshwanelo se emela lorato lwa Modimo, ka gonne motho ke sebopiwa fela sa mo lefatsheng se se ka bontshang nonofo eno ka tsela e e botlhale.—Mathaio 22:37, 39; 1 Johane 4:8.
18. Moaposetoloi Johane o ne a oketsa jang e le gore re tlhaloganye phuthego ya selegodimo?
18 Go na le diponatshegelo tse dingwe tse di ka re thusang go feleletsa pono eno. Di akaretsa diponatshegelo tsa ga Johane tse di boletsweng mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Fela jaaka Esekiele, o bona Jehofa a le mo setulong se se galalelang sa bogosi a na le ditšheruba. Ditšheruba di dira eng? Di bolela mafoko a boserafe a Isaia kgaolo 6, di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, ene yo o neng a le gone le yo o gone le yo o tlang.” (Tshenolo 4:6-8) Gape Johane o bona kwana fa setulong sa bogosi. E ka tswa e emela mang? Kwana ya Modimo, e bong Jesu Keresete.—Tshenolo 5:13, 14.
19. Ka thuto eno, ke eng se o se lemogileng ka phuthego ya ga Jehofa?
19 Ka jalo ka diponatshegelo tseno, ke eng se re se lemogileng? Gore phuthego ya selegodimo e na le mookamedi wa yone Jehofa Modimo yo o ntseng mo setulong sa gagwe a na le Kwana, e bong Jesu Keresete, yo o leng Lefoko, kana Logos. Gape re bone masomosomo a legodimo a baengele, go akaretsa boserafe le ditšheruba. Ke karolo ya phuthego e kgolo, e e utlwanang e diragatsa maikaelelo a ga Jehofa. Mme nngwe ya maikaelelo ano ke go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe mo nakong eno ya bofelo.—Mareko 13:10; Johane 1:1-3; Tshenolo 14:6, 7.
20. Ke potso efe e e tla arabiwang mo setlhogong se se latelang?
20 Kgabagare, re na le Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ba ba kopanelang mo Diholong tsa bone tsa Bogosi e le gore ba ithute ka fa ba ka dirang thato ya Morena Molaodi ka gone. Eleruri, jaanong re a bona gore go na le ba le bantsi ba ba nang le rona go na le ba ba nang le Satane le ba ba sa rateng boammaaruri. Go sala potso ya gore, Phuthego ya selegodimo e amana jang le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eo le dikgang tse dingwe.
Dipotso Tsa Poeletso
◻ Gore re anaanele phuthego ya ga Jehofa, ke eng se re tshwanetseng go se tlhaloganya?
◻ Ke eng se se neng sa diragalela motlhanka wa ga Elisha, mme moporofeti o ne a mo kgothatsa jang?
◻ Re tshwanetse go leba thuto ya motho ka namana jang?
◻ Daniele, Isaia le Esekiele ba ne ba tlhalosa jang dintlha kaga phuthego ya selegodimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Melemo ya go ithuta ka namana e gaisa kgakala ya dijo tse di apeilweng sentle
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ponatshegelo ya masomosomo a legodimo e ne e le fa Jehofa a araba thapelo ya ga Elisha