Lenyalo le le Kgethegileng Thata
KWA bokone jwa Mozambique go na le mokgatsha o motala o o dikologilweng ke dithaba tse dintle—tse dingwe di na le mafika, tse dingwe di tletse ka dimela tse ditala. Ke koo motse wa Fíngoè o leng teng. Mo masigong a mariga a go se nang maru, go na le dinaledi tse di tsabakelang mo loaping, mme ngwedi e phatsima thata jaana mo e leng gore e bonesa matlo a baagi ba motse a a ruletsweng ka bojang. Lenyalo lengwe le le tlhomologileng le ne la nna mo seemong se sentle seno.
Makgolokgolo a batho a ne a tsamaya diura di le dintsi, tota le malatsi, gore ba nne teng mo tiragalong e e kgethegileng eno. Ba bangwe ba ne ba feta mo mafelong a a swafetseng le a a kotsi a go nnang diphiri, ditau le ditlou mo go one. Mo godimo ga dithoto tsa bone, baeti ba le bantsi ba ne ba tla le dikoko, dipodi le merogo. Fa ba sena go fitlha mo motseng, ba ne ba ya kwa lefelong le le bulegileng le gantsi le dirisetswang dikopano tse dikgolo tsa Bokeresete. Le mororo ba ne ba lapile ka ntlha ya loeto, ba ne ba itumetse, mme difatlhego tsa bone tse di nyenyang di ne di supa gore ba lebeletse pele thata go bona se se tla tlogang se diragala.
Ke bomang ba ba neng ba nyala? Ba ne ba le bantsi! Ee, e ne e le ditlhopha tse dintsi tsa baratani. Ba ne ba se karolo ya lenyalo la bontsi le le tsosang kgatlhego e kgolo. Go na le moo, e ne e le baratani ba ba tlhoafetseng e bile ba na le maitlhomo a a siameng ba pele ba neng ba sa kgone go kwadisa manyalo a bone ka gonne ba ne ba nna kwa mafelong a a kgakala le diofisi tsa go kwadisa. Baratani bano botlhe ba ne ba lemoga ditekanyetso tsa Modimo malebana le lenyalo fa ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ithuta gore ba tshwanetse go nyalana kafa molaong wa naga gore ba itumedise Mmopi wa bone, Motlhodi wa lenyalo, fela jaaka Josefa le Maria ba ne ba diragatsa molao malebana le go ikwadisa ka nako ya go tsholwa ga ga Jesu.—Luke 2:1-5.
Go Baakanyetsa Tiragalo Eno
Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mozambique e ne ya swetsa gore e tla thusa. Sa ntlha, go ne ga ikgolaganngwa le Ditona tsa Tshiamiso le Merero ya Selegae kwa motsemoshateng wa naga e leng Maputo, go tlhomamisa dilo tse molao o di batlang. Morago ga moo, barongwa ba ba kwa motsemoshateng wa porofense ya Tete ba ne ba ikgolaganya le badiredibagolo go tswelela pele ba dira dithulaganyo. Go ne ga tlhomiwa letlha le barongwa le badiredibagolo ba ba tswang kwa Motlhankeding wa puso wa ditlankana tsa tshupo le kwa Lephateng la Boitshupo ba neng ba tla ya ka lone kwa motseng wa Fíngoè. Go ntse go le jalo, ofisi ya lekala e ne ya romelela diphuthego tsotlhe tse di amegang lekwalo le le tlhalosang le le neelang kaelo. Basupi mmogo le badiredibagolo ba lefelo leo ba ne ba lebeletse pele mo tiragalong e e tlhomologileng eno.
Ka Sontaga May 18, 1997, barongwa ba le bararo mmogo le badiredi ba bagolo ba puso ba ne ba fitlha kwa Fíngoè. Badiredi ba bagolo ba lefelo leo ba ne ba baakanyeditse badiredi bano marobalo a a siameng go lebana le kago ya tsamaiso. Le fa go ntse jalo, badiredi ba bagolo ba ba neng ba etile ba ne ba kgatlhiwa thata ke go bona Basupi ba ga Jehofa ba amogela baeng mo e leng gore ba ne ba tlhopha go nna le barongwa kwa mekhukhung ya maemo a a kwa tlase. Ba ne ba gakgamala go utlwa gore mongwe wa baapei e ne e le mogolwane mo phuthegong ya lefelo leo le gore molebedi yo o etang e ne e le mongwe wa ba ba neng ba dira ditiro tse di kwa tlase tsa go baakanyetsa lenyalo. Ba ne ba tlhokomela gape le tsela e barongwa ba neng ba itumetse ka yone, ba kwantle ga go ngongorega ba neng ba robala mo mekhukhung mme ba tlhapa ba dirisa dikane tse dinnye. Le ka motlha ga ba ise ba ko ba bone kamano e e nonofileng jaana fa gare ga batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, se se ileng sa ba kgatlha thata e ne e le tumelo e ba nang le yone ka go intsha setlhabelo thata gore ba dumalane le molao wa naga le thulaganyo ya Modimo.
Tiragalo e e Itumedisang
Fa baratani ba ntse ba fitlha, ba ne ba baakanyetsa kgato ya ntlha ya lenyalo ka yone nako eo: ba dira gore ba nne le setlankana sa letsatsi la matsalo. Botlhe ba ne ba leta ka bopelotelele mo meleng fa pele ga setlhopha sa Bakwadisi ba Molao gore ba ba neye tshedimosetso ka bone. Mme morago ga foo ba ne ba ya kwa moleng o mongwe gore ba tsewe ditshwantsho, morago ga foo ba bo ba ya kwa setlhopheng sa Lephata la Boitshupo gore ba bone dikarata tsa bone tsa boitshupo. Morago ga foo, ba ne ba boela kwa setlhopheng sa Bakwadisi ba Molao gore ba ba baakanyetse setlankana se ba se batlang thata sa lenyalo. Morago ga seno, ba ne ba ema ba letile ka bopelotelele gore maina a bone a bidiwe ka sebuelagodimo. Go abiwa ga ditlankana tsa lenyalo e ne e le pono e e amang maikutlo. Go ne go na le boitumelo jo bogolo fa setlhopha sengwe le sengwe sa banyalani se ntse se tsholetsa setlankana sa sone sa lenyalo jaaka sekgele se se tlhwatlhwakgolo.
Seno sotlhe se ne sa diragala mo letsatsing le le fisang thata. Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa tiragalo eno ga bo a ka jwa kgorelediwa ke mogote le lerole.
Banna ba ne ba apere sentle thata, bontsi jwa bone ba apere dibaki le dithae. Basadi ba ne ba apere ka tsela ya setso, mo go neng go akaretsa lesela le le telele le le nang le mebala e mentle le le bidiwang capulana ba a bofile mo mathekeng a bone. Ba bangwe ba ba neng ba tshotse bana ba ne ba ba bofile ka masela one ao.
Dilo di ne tsa tsamaya sentle, mme ba ne ba le bantsi thata gore ba ka thusiwa mo letsatsing le le lengwe. Fa go nna lefifi, badiredi ba bagolo ba puso ba ne ba swetsa ka bopelonomi go tswelela ba thusa banyalani bano. Ba ne ba bolela gore ba ne ba ka se ka ba tlogela “bakaulengwe ba rona” ba ntse ba letile morago ga gore bano ba intshe setlhabelo go le kana kana gore ba nne teng. Moya ono wa tirisanommogo le go intsha setlhabelo o tla nna o gakologelwa ka metlha.
Fa go nna maitseboa go ne ga nna tsididi thata. Le fa ba le mmalwa ba ne ba na le marobalo mo mekhukhung, bontsi jwa banyalani ba ne ba le kwa ntle, ba khutagane mo molelong. Seno ga se a ka sa fedisa boitumelo jwa tiragalo eno. Fa molelo o ntse o thwanya ka go tuka ga one go ne ga utlwala modumo wa setshego le dipina tse di neng di opelwa go kopantshitswe mantswe a dikarolo tse nnè tse di tsamaisanang. Ba le bantsi ba ne ba anela dikgang tsa loeto lwa bone, ba tlamparetse ditlankana tsa bone tse ba sa tswang go di bona.
Fa go nna mo mosong bangwe ba ne ba tsena kwa motseng go ya go rekisa dikoko tsa bone, dipodi le merogo gore ba tle ba ntshetse ditshenyegelo tsa go kwadisa lenyalo moneelo. Ba le bantsi eleruri ba ne ba ntsha “ditlhabelo” ka diphologolo tseo, ba di rekisa ka madi a a kwa tlase thata go na le tlhwatlhwa ya tsone e e tshwanelang. Mo bathong ba ba humanegileng, podi ke selo se se tlhwatlhwakgolo le se se jang madi a mantsi; le fa go ntse jalo ba ne ba iketleeditse go ntsha ditlhabelo tseno gore ba nyalane le go itumedisa Mmopi wa bone.
Mathata a Loeto
Bangwe ba banyalani ba ne ba ile ba tsamaya dikgala tse ditelele go nna teng koo. Go ne go ntse jalo ka Chamboko le mosadi wa gagwe, Nhakulira. Ba ne ba tlotla ka kgang ya bone mo bosigong jwa bobedi jwa tiragalo eno fa ba ne ba ntse ba omosa dinao tsa bone mo molelong. Le mororo a ne a na le dingwaga di le 77, a sa bone ka leitlho le lengwe e bile a sa bone sentle ka le lengwe, Chamboko o ne a tsamaya malatsi a le mararo a sa rwala ditlhako a patilwe ke phuthego ya gagabo, ka gonne o ne a ikaeletse go kwadisa lenyalo la gagwe la dingwaga di le 52 kafa molaong.
Anselmo Kembo, wa dingwaga di le 72, o ne a setse a na le dingwaga tse di ka nnang 50 a nna le Neri. Malatsi a sekae pele ga loeto, looto lwa gagwe lo ile lwa tlhabiwa botlhoko ke tshetlho e kgolo fa a ntse a tlhagola polasi ya gagwe. O ne a isiwa ka bonako kwa kokelong e e gaufi go bona thuso. Le fa go ntse jalo, o ne a swetsa go tsaya loeto ka maoto, a ntse a tlhotsa tsela yotlhe go ya kwa Fíngoè a ntse a utlwa botlhoko. Go ne ga tsaya malatsi a le mararo. Anselmo o ne a palelwa ke go itshwara ka ntlha ya boitumelo fa a ntse a tshwere setlankana sa gagwe sa lenyalo mo seatleng sa gagwe.
Motho yo mongwe yo o neng a sa tswa go nyala yo o neng a kgatlha e ne e le Evans Sinóia, yo pele a neng a nyetse lefufa. Fa a ne a ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, o ne a swetsa go kwadisa lenyalo la gagwe kafa molaong le mosadi wa gagwe wa ntlha, mme o ne a gana, a mo tlogela go ya go nna le monna yo mongwe. Mosadi wa gagwe wa bobedi, yo le ene a neng a ithuta Baebele, o ne a dumela go nyalana le ene. Ka bobedi ba bone ba ne ba ralala lefelo le le kotsi le go neng go na le ditau le diphologolo tse dingwe tsa naga. Morago ga loeto lwa malatsi a le mararo, le bone ba ne ba kgona nyalana kafa molaong.
Ka Labotlhano, malatsi a le matlhano morago ga gore barongwa le badiredi ba bagolo ba fitlhile, tiro e ne ya wediwa. Matswela e nnile gore go ne ga abiwa dikarata tsa boitshupo di le 468 le ditlankana tsa letsatsi la matsalo di le 374. Palo ya ditlankana tsa manyalo tse di neng tsa ntshiwa e ne e le 233! Moya o o neng o rena moo e ne e le wa boipelo jo bogolo. Le fa ba ne ba lapile, botlhe ba ne ba dumela gore go ne go tshwanela matsapa ao tota. Kwantle ga pelaelo, tiragalo eo e tla nna e sa lebalege mo megopolong le mo dipelong tsa botlhe ba ba neng ba amega. E ne e le lenyalo le le kgethegileng tota!