LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/15 ts. 24-27
  • O ka Gatela Pele mo Semoyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Gatela Pele mo Semoyeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Nonotsha Batlhanka ba Gagwe
  • “Tlhobolang Botho jo Bogologolo”
  • Jaaka “Molelo” mo go Rona
  • Go Lootsana Jaaka Tshipi
  • Lebaka le le Utlwalang la go Gatela Pele mo Semoyeng
  • A O Anaanela Phuthego ya ga Jehofa E E mo Lefatsheng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Sengwe se se Botoka go Feta Diteemane
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • A o Bona Botlhokwa Jwa go Tokafatsa Tsela e o Direlang Jehofa ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Basha—Nnang lo Gatela Pele fa lo Sena go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/15 ts. 24-27

O ka Gatela Pele mo Semoyeng

GO KA nna thata go lemoga boleng jo e leng jwa mmatota. Go ntse jalo ka diteemane. Le mororo teemane e e rethefaditsweng e lakasela, teemane e e sa rethefadiwang ga e phatsime. Le fa go ntse jalo, mo teng ga teemane eno e e sa rethefadiwang go na le sebenya se sentle.

Bakeresete ba tshwana le diteemane tse di sa rethefadiwang ka ditsela di le dintsi. Le fa gone re sa ntse re le kgakala le go itekanela, re na le boleng jo bo tlhomologileng jo Jehofa a bo ratang thata. Fela jaaka diteemane, rotlhe re na le dinonofo tse di tlhomologileng. Mme mongwe le mongwe wa rona a ka gatela pele mo semoyeng fa e le gore seo ke se re se eletsang go tswa mo pelong. Botho jwa rona bo ka rethefadiwa, e le gore bo phatsime thata gore re galaletse Jehofa.—1 Bakorintha 10:31.

Fa teemane e sena go setwa le go rethefadiwa, e bewa mo lefelong le le dirang gore e tsabakele thata. Ka mo go tshwanang, Jehofa o ka re dirisa mo ditseleng, kana mo dikabelong tse di farologaneng, fa e le gore re “apar[a] botho jo bosha jo bo neng jwa tlhōlwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.”—Baefeso 4:20-24.

Kgatelopele e e ntseng jalo ya semoya e ka nna ya se ka ya itlela fela, fela jaaka teemane fa e ise e rethefadiwe e sa tsabakele jaaka lentswe le le tlhokegang. Re ka nna ra tlhoka go tlosa bokoa bongwe jo bo saletseng mo go rona, ra fetola boikutlo jwa rona malebana le go amogela maikarabelo mangwe, kana ra dira ka natla gore re se ka ra tshwanelwa ke go dira dilo tsa semoya e le seomodiro fela. Mme re ka kgona go gatela pele fa tota re batla go dira jalo, e re ka Jehofa Modimo a ka re neela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13.

Jehofa o Nonotsha Batlhanka ba Gagwe

Go seta diteemane go tlhoka gore motho a nne le tshepo e e nnang gone ka ntlha ya go bo a di itse sentle, ka gonne fa karolo nngwe ya teemane e e sa rethefadiwang e ka setwa, gantsi go ya fela jalo ka yone. Selo se se turang—ka dinako tse dingwe boleng jwa sone bo lekana le diperesente tse 50 tsa lentswe le le sa setwang—se tshwanetse go segwa gore se nne le sebopego se se batlegang. Le rona re tlhoka tshepo e e tswang mo kitsong e e tlhomameng e le gore re bope botho jwa rona le go gatela pele mo semoyeng. Thatathata re tshwanetse go tshepa gore Jehofa o tla re neela maatla.

Le fa go ntse jalo, re ka nna ra ikutlwa re sa tshwanelege kana re akanya gore re ka se kgone go dira mo gontsi. Mo nakong e e fetileng, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ka dinako tse dingwe ba ne ba ikutlwa ka tsela eo. (Ekesodo 3:11, 12; 1 Dikgosi 19:1-4) Fa Modimo a ne a mo abela go nna “moperofeti mo merafeng,” Jeremia o ne a bolela jaana: “Bona, ga ke itse go bua, gonne ke ngwanyana fela.” (Jeremia 1:5, 6) Le fa go le jalo, le mororo a ne a ikgogona, Jeremia o ne a nna moperofeti yo o pelokgale yo o neng a isa melaetsa ka tlhamalalo kwa babeng. Seo o ne a se kgona jang? O ne a ithuta go ikaega ka Jehofa. Moragonyana Jeremia o ne a kwala jaana: “Go sego monna yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tsholofelo ya gagwe.”—Jeremia 17:7; 20:11.

Gompieno, ka mo go tshwanang Jehofa o nonotsha batho ba ba mo ikanyang. Edward,a rre mongwe yo o nang le bana ba le banè yo o neng a sa gatele pele mo semoyeng, o ne a bona seno se le boammaaruri. O tlhalosa jaana: “Ke ntse ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga tse robongwe, mme go ne go bonala ke eme golo go le gongwe fela mo semoyeng. Bothata ke gore go ne go se na sepe se se neng se nkgothatsa e bile ke ne ke se na tshepo. Fa ke sena go fudugela kwa Spain, ke ne ka kopanela mo phuthegong nngwe e nnye e e neng e na le mogolwane a le mongwe fela le motlhanka a le mongwe fela wa bodiredi. Ka ntlha ya tlhokego eno, mogolwane yono o ne a nkopa gore ke dire dikabelo di le dintsi. Ke ne ke tshogile fa ke ne ke neela dipuo tsa me tsa ntlha le dikabelo tsa dipokano. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ithuta go ikaega ka Jehofa. Ka metlha mogolwane yono o ne a nkakgola a bo a nneela dikakantsho ka tsela e e botlhale gore ke tokafatse.

“Mo godimo ga moo, ke ne ka oketsa tiro ya me ya tirelo ya tshimo mme ka etelela pele botoka mo semoyeng mo lelapeng la me. Ka ntlha ya seo, botlhe mo lelapeng ba ne ba tsaya boammaaruri bo le mosola thata, mme ke ne ka ikutlwa ke kgotsofetse fela thata. Gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi, mme ke dira ka natla gore ke nne le dinonofo tsa molebedi wa Mokeresete.”

“Tlhobolang Botho jo Bogologolo”

Fela jaaka Edward a ne a lemoga, kgatelopele ya semoya e tlhoka gore re ikanye Jehofa. Go nna le “botho jo bosha” jo bo tshwanang le jwa ga Keresete gape go botlhokwa. Seno re ka se dira jang? Kgato ya ntlha ke go ‘tlhobola’ mekgwa e e leng karolo ya botho jo bogologolo. (Bakolosa 3:9, 10) Fela jaaka dilabe, tse di jaaka diminerale tse di sa tlhokegeng, di tshwanetse tsa tlosiwa mo teemaneng e e sa rethefadiwang gore e nne lentswe le le tlhokegang le le tsabakelang, ka jalo maikutlo a “e leng [a] lefatshe” a tlhoka gore a latlhiwe e le gore botho jwa rona jo bosha bo phatsime.—Bagalatia 4:3.

Jo bongwe jwa boikutlo joo ke go itsemeletsa go amogela boikarabelo re tshaba gore go tla batliwa dilo di le dintsi mo go rona. Ke boammaaruri gore boikarabelo bo raya tiro, mme ke tiro e e kgotsofatsang. (Bapisa Ditiro 20:35.) Paulo o ne a dumela gore poifomodimo e tlhoka gore re ‘dire ka natla le go iteka go dira seno.’ O ne a bolela gore re dira jalo ka boitumelo, “ka gonne re agile tsholofelo ya rona mo Modimong o o tshelang,” ene yo o se kitlang a lebala tiro e re e direlang Bakeresetekarona le ba bangwe.—1 Timotheo 4:9, 10; Bahebera 6:10.

Diteemane tse dingwe di na le “dikarolo tse di bokoa” tse di nnileng gone fa di ne di bopega mme di tlhoka gore di tshwarwe ka kelotlhoko. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya sedirisiwa se se bidiwang polariscope, morethefatsi a ka kgona go bona fa go leng bokoa gone mme a bo a ka kgona go bereka lentswe leno go se na mathata. Gongwe re ka tswa re na le bokoa bongwe ka fa teng, kana re na le bokoa bongwe mo bothong jwa rona, ka ntlha ya tsela e re godileng ka yone kana ka ntlha ya sengwe se se re diragaletseng se se re utlwisitseng botlhoko thata. Ke eng se re ka se dirang? Sa ntlha, re tlhoka go lemoga bothata joo ka borona re bo re ikemisetsa go bo fenya go ya bokgakaleng jo re ka bo kgonang. Eleruri re tshwanetse go ithola morwalo fa pele ga Jehofa ka thapelo, gongwe gape re dira jalo ka go batla thuso ya semoya mo mogolwaneng wa Mokeresete.—Pesalema 55:22; Jakobe 5:14, 15.

Bokoa joo jo bo ka fa teng bo ne jwa ama Nicholas. “Rre e ne e le lekgoba la bojalwa, mme o ne a dira gore nna le kgaitsadiake re boge fela thata,” o tlhalosa jalo. “Fa ke ne ke tlogela sekolo, ke ne ka tsenela bosole, mme go ise go ye kae mokgwa wa me wa botsuolodi o ne wa ntsenya mo mathateng. Baeteledipele ba sesole ba ne ba ntsenya mo kgolegelong ka ntlha ya go gweba ka diokobatsi, mme ka lekgetlho le lengwe ke ne ka ngwega. Kgabagare, ke ne ka tlogela bosole, mme ke ne ke sa ntse ke tsena mo mathateng. Le mororo botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakantswe ke go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go tagwa, ke ne ke kgatlhegela Baebele e bile ke batla go tshela botshelo jo bo nang le boikaelelo. Kgabagare, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa, ka fetola botshelo jwa me, mme ka amogela boammaaruri.

“Le fa go ntse jalo, go ntsere dingwaga di le mmalwa gore ke amogele le go itshokela botho jwa me jo bo neng bo koafetse. Ke ne ke sa rate go neelwa taelo e bile ke ne ke tatalala fa ke neelwa kgakololo. Le fa gone ke ne ke batla gore ke dirisiwe ke Jehofa ka botlalo, bokoa jono bo ne bo nkgoreletsa. Kgabagare, fa ke sena go thusiwa ke bagolwane ba babedi ba ba tlhaloganyang, ke ne ka dumela gore ke na le bothata mme ka simolola go dirisa kgakololo ya bone e e lorato ya Dikwalo. Le mororo ka dinako tse dingwe ke tle ke galefe, jaanong ke setse ke kgona go laola mokgwa wa me wa go tsuologa. Ke lebogela thata tsela e e pelotelele e Jehofa a dirisanang le nna ka yone le thuso e e lorato ya bagolwane. Ka ntlha ya go gatela pele ga me mo semoyeng, bosheng jaana ke sa tswa go tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi.”

Fela jaaka Nicholas a ne a lemoga, ga go motlhofo go fetola maikutlo a a nweleletseng mo mothong. Re ka nna ra lebana le kgwetlho e e tshwanang. Gongwe re kgopisega motlhofo fela. Re ka tswa re tshwere motho ka pelo, kana re ka tswa re batla go nna batho ba ba gololesegileng thata. Ka gone, re ka se kgone go gatela pele jaaka Bakeresete. Barethefatsi ba teemane ba diragalelwa ke se se tshwanang le seno, ka maje a ba a bitsang naats. Tota ano ke maje a mabedi a a neng a kopana go nna le le lengwe fa teemane e ne e bopega. Ka ntlha ya seo, maje a naats a na le dibopego tse pedi tse a golang ka tsone tse di farologaneng tse di dirang gore go nne thata go e seta ka dikarolwana tsa yone. Fa e le ka rona, re bona “boikutlo” jwa moya o o ratang bo lwantshana le “boikutlo” jwa mmele o o sa itekanelang. (Mathaio 26:41; Bagalatia 5:17) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra akanya go tlogela go lwa ntwa eno gotlhelele, ka seipato sa gore makoa a a mo bothong jwa rona ga a botlhokwa. Re ka nna ra re, ‘Mo godimo ga moo, lelapa la gaetsho le ditsala ba sa ntse ba nthata.’

Le fa go ntse jalo, fa re batla go direla bakaulengwe ba rona le go galaletsa Rraarona wa selegodimo, re tlhoka gore re ‘dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa rona’ ka go apara botho jo bosha. Go iteka go nna le matswela, jaaka Nicholas le ba bangwe ba bantsi ba ka supela seo. Morethefatsi wa teemane o itse gore selabe se le sengwe fela se ka senya teemane yotlhe. Ka mo go tshwanang, fa re itlhokomolosa bokoa bongwe jwa botho jwa rona, re ka senya tsela e re lebegang ka yone mo semoyeng. Se se maswe le go feta, bokoa jo bo masisi bo ka senya bomoya jwa rona.—Diane 8:33.

Jaaka “Molelo” mo go Rona

Morethefatsi wa teemane o batla gore teemane e phatsime thata mo teng. Seno o se dira ka go rulaganya dikarolwana tsa yone gore di dire mebala ya sekamotshewagodimo. Mo teng ga teemane lesedi le le mebalabala le nna le tsabakelatsabakela, le phatsima ka tsela e e dirang gore diteemane di lakasele. Ka mo go tshwanang, moya wa Modimo o ka tshwana le “molelo” mo go rona.—1 Bathesalonika 5:19; Ditiro 18:25; Baroma 12:11.

Mme go tweng fa e le gore re bona re tlhoka go kgothadiwa mo semoyeng? Seno re ka se dira jang? Re tlhoka go ‘[sekaseka, NW] mekgwa ya rona.’ (Pesalema 119:59, 60) Seno se tla akaretsa gore re itse dilo tse di koafatsang bomoya jwa rona mme go tswa foo re bo re bona gore ke ditiro dife tsa puso ya Modimo tse re tlhokang go di latela thata. Re ka oketsa kanaanelo ya rona ya dilo tsa semoya ka go ithuta ka metlha le go rapela ka tlhoafalo. (Pesalema 119:18, 32; 143:1, 5, 8, 10) Mo godimo ga moo, fa re kopanela le batho ba ba dirang ka natla mo tumelong, re tla bo re nonotsha thata boitlhomo jwa rona jwa go direla Jehofa ka tlhagafalo.—Tito 2:14.

Louise, mosadi mongwe yo mosha wa Mokeresete, o ne a dumela jaana: “Ke ile ka akanyetsa go tsaya bobulatsela jwa ka metlha ka dingwaga tse pedi pele tota ke ikwadisa go nna mmulatsela, kana mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng. Go ne go se na sepe se se nkemeng kwa pele, mme ke ne ke le kwa ga mothakga fela, e bile ke sa tseye matsapa a go dira sengwe se se botoka. Morago ga moo rre o ne a tlhokafala ka tshoganetso. Ke ne ka bona gore botshelo ga se sepe fela gape ke ne ka lemoga gore ke ne ke sa tshele botshelo jwa me ka tsela e e mosola. Ka jalo ke ne ka fetola tsela e ke neng ke leba dilo tsa semoya ka yone, ke ne ka oketsa tirelo ya me, mme ka nna mmulatsela wa ka metlha. Batho ba ba neng ba nthusa thata mo ntlheng eno e ne e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya ba ka metlha ba neng ba tshegetsa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo gape ka metlha ba tsamaya le nna mo bodireding. Ke ne ka lemoga gore go le monate le go se monate, re abelana mekgwa e mentle le mekgele ya ditsala tsa rona.”

Go Lootsana Jaaka Tshipi

Diteemane ke matlapa a a thata go gaisa a a tswang mo lefatsheng. Ka gone, go tlhokega teemane e nngwe go seta e nngwe. Seno se ka gakolola baithuti ba Baebele seane se se reng: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” (Diane 27:17) Sefatlhego sa motho se ‘loodiwa’ jang? Motho mongwe a ka atlega go lootsa boemo jwa yo mongwe jwa boikutlo le jwa semoya, fela jaaka tshipi e ka dirisiwa go lootsa bogale jwa tshipi e e tshwanang le yone. Ka sekai, fa re tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya go swabisiwa ke sengwe, kgothatso ya motho yo mongwe e ka re kakatlolola. Ka gone sefatlhego sa rona se se tlhontseng se ka phuthologa, mme re ka tlhagafalela go simolola go dira tiro ka tlhoafalo. (Diane 13:12) Thatathata bagolwane ba phuthego ba ka re thusa go re lootsa ka go re neela kgothatso le kgakololo ya Dikwalo gore re tokafale. Ba latela molaomotheo ono o o boletsweng ke Solomone: “Naya motho yo o botlhale thuto, mme o tlaa tlhalefa bogolo; ruta motho yo o siameng, mme o tlaa totafala mo thutong.”—Diane 9:9.

Ke boammaaruri gore go thapisiwa mo semoyeng go tsaya nako. Ka dingwaga tse di fetang lesome, moaposetoloi Paulo o ne a abelana le Timotheo boitemogelo jwa gagwe mmogo le ditsela tsa go ruta. (1 Bakorintha 4:17; 1 Timotheo 4:6, 16) Thapiso e e tsereng nako e telele e Moshe a neng a e neela Joshua ka dingwaga tse di fetang 40 e ile ya solegela setšhaba sa Iseraele molemo ka nako e telele. (Jošua 1:1, 2; 24:29, 31) Elisha o ne a tsamaya le moporofeti Elija gongwe ka dingwaga tse 6, a engwe nokeng ka tsela e e molemo mo bodireding jwa gagwe jo bo neng bo tla tsaya dingwaga di ka nna 60. (1 Dikgosi 19:21; 2 Dikgosi 3:11) Ka go neela thapiso e e tswelelang pele ka bopelotelele, bagolwane ba a bo ba latela sekao sa ga Paulo, Moshe le Elija.

Go akgola ke karolo e e botlhokwa ya go thapisa. Mafoko a a peloephepa a go akgolela dikabelo tse di dirilweng sentle kana ditiro tse di molemo a ka tlhotlheletsa ba bangwe gore ba batle go direla Modimo ka botlalo. Go akgola go dira gore motho a itshepe, mme e re ka ntlha ya moo, motho a dire boiteko jwa go fenya makoa a gagwe. (Bapisa 1 Bakorintha 11:2.) Go kgothaletsa motho gore a gatele pele mo boammaaruring gape go ikaegile ka go tshwarega thata mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira ditiro tse dingwe tsa phuthego. (Ditiro 18:5) Fa bagolwane ba abela bakaulengwe boikarabelo go ya ka tsela e ba gatelang pele ka yone mo semoyeng, seno se ka dira gore banna bano ba nne le boitemogelo jo bo mosola e bile go ka nonotsha keletso ya bone gore ba tswelele ba gatela pele mo semoyeng.—Bafilipi 1:8, 9.

Lebaka le le Utlwalang la go Gatela Pele mo Semoyeng

Diteemane di tsewa e le matlapa a a tlhokegang thata. Go ntse jalo le ka batho ba gone jaanong ba kopanelang le lelapa la lefatshe lotlhe la baobamedi ba ga Jehofa. Tota e bile, Modimo ka boene o ba bitsa gore ke dilo tse di “eletsegang,” kana tse di “tlhokegang thata” tsa ditšhaba tsotlhe. (Hagai 2:7, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Ngogola, batho ba le 375 923 ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng. Gore re kgone go amogela kgolo eno, re tshwanetse go ‘katolosa mogope.’ Ka go gatela pele mo semoyeng—le ka go fitlhelela ditshiamelo tsa tirelo ya Bokeresete—go ka kgonega gore re nne le seabe mo koketsegong eno.—Isaia 54:2; 60:22.

Go farologana le diteemane tse dintsi tse di tlhokegang thata tse di bewang mo diseifing tsa dibanka le gone di bonwa ka sewelo fela, boleng jwa bomoya jwa rona bo ka phatsima thata. Mme fa re rethefatsa le go bontsha dinonofo tsa rona tsa Bokeresete ka metlha, re a bo re galaletsa Jehofa Modimo. Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemomogolo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:16) Eleruri, seo se dira gore re nne le lebaka le le utlwalang la go gatela pele mo semoyeng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go dirisitswe maina a sele mo setlhogong seno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela