Go Tswa mo Dikagong Tse Dikgolo Tsa Kwa Ditoropong go ya Kwa Dipoweng Tse di Tsididi—Yang Kwa Bathong
PULA kana kapoko kana sefako kana bophiri tota le ditau tsa dithaba le tulo e e nang le batho ba ba sa rateng baeng, go ne go se na sepe sa dilo tseno se se neng se ka ba kgoba marapo gore ba se ka ba ikemisetsa. Ka lobelo lo lo gakgamatsang, ba ne ba patakela mo poeng e e bulegileng ya dikilometara di le 3000, ba kgabaganya dipoa tse di bulegileng, dinoka tse di kgaphaselang le mekgatšha e e boteng gore ba ise poso e e potlakileng kwa Lobopong lwa kwa Bophirima. E ne e le bomang?
E ne e le bapalami ba basha ba ba pelokgale ba pony express.a Ke eng se se neng se dira gore makau ano a bo a ikemiseditse thata jaana? Gongwe e ne e le kgwetlho, bogatlhamela masisi, le kgotsofalo tse ba rakanang le tsone fa ba isa poso. Se se kgatlhang ke gore mopalami mongwe le mongwe o ne a tshotse Baebele mo kgetsaneng ya gagwe mmogo le poso e e botlhokwa.
Kwa godimo ga lekgolo la dingwaga moragonyana, baboledi ba Bogosi ba ba fetang 113 000 ba supa go ikemisetsa, tlhagafalo le boineelo ka botlalo go ralala Canada. Ke eng se se ba tlhotlheletsang? Go rata Modimo le baagelani go ba tlhotlheletsa go itsise boammaaruri jwa Bogosi ka dibuka le ka molomo. Boammaaruri jono jo bo nayang botshelo bo potlakile thata go feta poso epe fela e e isiwang ke pony express. Ee, ke molaetsa o o botlhokwa thata wa Bogosi wa Baebele e e Boitshepo, yone buka e e neng e le mo dikgetsaneng tsa bapalami ba pony express.—Diane 2:21, 22; Isaia 2:2-4; 61:2; Mathaio 22:37-39; 24:14.
Go Tlhotlhelediwa ke go Rata Jehofa le Batho
Basupi ba ga Jehofa ba rata go bua le batho ka Bogosi. O tla ba fitlhela ba dira jalo mo difoleteng tsa dikago tse di kwa godimo tsa kwa ditoropong, kwa mafelong a a kwa kgakala a a tsididi, kwa boemadifofaneng, mo mebileng le mafelo a mangwe a batho botlhe le ka thelefouno. Ke ka ntlha yang fa ba go dira mo mafelong a a farologaneng jaana?
Mekgwa e e fetofetogang ya botshelo e e bakiwang ke maemo a itsholelo le maemo a a farologaneng a baagi e dira gore e nne kgwetlho tota go fitlhela batho kwa gae. Gantsi, monna mmogo le mosadi ba tshwanelwa ke go bereka gore ba kgone go tlamela lelapa ka dilo tsa konokono tse le di tlhokang, gantsi seo se dira gore ba tlhokomologe dilo tse di tlhokegang tsa semoya. Mo gare ga dikgatelelo le ditlalelo tse di ntseng jalo, ba tlhoka thata molaetsa o o itumedisang wa tsholofelo. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go tsibogela seo. Ba dirisa botlhale le bopelonomi, ba dira ditshono tsa gore ba leretse batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo ka tsela e e kgatlhang, e e dirang gore ba akanye.—1 Timotheo 2:3, 4.
Ka Dipuo Tse Dingwe: Fa Jesu a ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘tsamaye mme ba dire barutwa,’ o ne a ba naya gore ba tseye matsapa ba bo ba ititeye sehuba fa ba isa molaetsa wa tsholofelo kwa bathong ba dipuo tsotlhe. (Mathaio 28:19) Jaaka kwa dinageng tse dintsi, Canada e setse e tletsetletse ka ditso tse di farologaneng le dipuo, mme baboledi ba bantsi ba Bogosi ba ile ba tsamaisana le maemo ka go ithuta dipuo tse disha tseno.
Ka sekai, banyalani bangwe, ba e leng badiredi ba nako e e tletseng kwa Edmonton, kwa Alberta, ba ne ba bona go tlhokega gore ba fitlhelele batho ba ba buang Setšhaena sa Se-Mandarin mo toropong ya bone. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, banyalani bano ba ne ba tshwanelwa ke go ithuta puo eo, ka jalo ba ne ba ikgolaganya le moithuti mongwe wa yunibesithi yo o neng a bua Se-Mandarin. O ne a dumela go ba ruta puo eo mme ka nako e e tshwanang a ithuta boammaaruri jwa Baebele mo go bone. A bo e ne e le boemo jo bo molemo jang ne! Mo dikgweding di le 24 baboledi ba ba ineetseng bano ba Bogosi ba ne ba tshwanelega go ruta ka puo ya Se-Mandarin. Mo godimo ga moo, morutisi wa bone yo e bileng gape e ne e le moithuti wa bone o ne a tshwanelegela kolobetso ya Bokeresete.
Go na le maitemogelo a a tshwanang kwa ditoropong tse dingwe koo baboledi ba Bogosi, ba ba rotloediwang ke lorato, ba ithutang dipuo tse di jaaka Se-Poland, Se-Russia le Se-Vietnam.
Mo Tseleng: Jaaka bapalami ba pony express ba lekgolo le le fetileng la dingwaga, ba ba neng ba tsamaya ba se na bapati, baboledi bangwe ba Bogosi kwa tengnyanateng ga British Columbia ke bakgweetsi ba ba tsamayang ba se na bapati. Nako e ntsi ya bone ba e dirisa ba le mo tirong ya boitshediso ba kgweetsa dillori tse dikgolo tse di rorang dikota tse dikgolo go ralala sekgwa ba di isa kwa di tla segwang gone. Seno se tlhoka gore ba nne ba ikgolaganye le bakgweetsi ba bangwe ba dillori ka radio ya CB (citizens band), ba bolelelana gore pharakano e tsamaya jang le ka dikotsi dingwe tsa tsela.
Ka botlhale, baboledi bano ba Bogosi ba dirisa diradio tsa CB ka tsela e e tlhomologileng. Ba simolola motlotlo ba dirisa radio ya CB ba bolela ditiragalo dingwe tsa bosheng. Mme go tswa foo ba fetele kwa Baebeleng ka botlhale. Mo lekgetlhong lengwe mokgweetsi mongwe wa llori o ne a amogela se Baebele e se buang ka tsholofelo ya baswi. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Loso lwa mokgweetsikaene lo lo diragetseng mo kotsing ya tsela lo ile lwa mo tshwenya fela thata. O ne a amogela thuto ya Baebele ka boitumelo mme jaanong o utlwiwa a bolelela badirikaene le ditsala dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, o ne a itumela fa go ne go simololwa thuto ya Baebele le motlholagadi wa tsala ya gagwe e e tlhokafetseng. A bo e nnile tuelo e kgolo jang ne ka ntlha ya go tsaya matsapa go bolela molaetsa o o nayang botshelo ono wa boammaaruri ka tsela e e sa tlwaelegang eno!
Ka Sefofane: Fa go tla mo go iseng molaetsa o o botlhokwa ono wa boammaaruri, baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi ba ya kwa go nang le batho gone, ‘ba tsena mo metsaneng’ ka difofane tse dinnye. (Mathaio 10:11, 12) Nako nngwe e e fetileng, ditlhopha tse pedi tse di neng di tsamaya ka difofane, di tlhotlhelediwa ke go tlhoafalela go rera dikgang tse di molemo e bile di ituelela ditshenyegelo ka botsone, di ne tsa fofela kwa bathong ba ba katoganeng ba kwa mafelong a a dipoa tse di tsididi. Setlhopha sengwe le sengwe sa sefofane se ne sa fofa dikilometara di ka nna 3000 mme sa kotama mo mafelong a le 14 a a farologaneng, ba saletswe ke dikilometara di le 250 gore ba fitlhe kwa Arctic Circle. Baboledi bano ba ba sa lapeng ba ne ba tswelela ba dira ka malatsi a le supa a a feletseng gore ba fitlhelele batho ba ba katoganeng ka dikgala tse dikgolo thata.
A mme gotlhe goo go ne ga nna le matswela a a molemo? Akanya fela gore molaetsa wa Baebele o ne wa ama batho ba mafelo ano ka tsela e e molemo jang. Badiredi bano ba ba etileng ba ne ba thusa go fitlhelela batho ka dilo tse ba di tlhokang thata mo semoyeng fa ba ne ba bolela ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa lefatshe la paradaise mo isagweng e e fa gautshwane. (Mathaio 5:3) Lobaka lo loleele morago ga gore batshodi ba molaetsa ono ba tsamaye, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba mo mafelong ano ba ne ba kgona go bala mo Dibaebeleng di le 542 le dibuka tse di thusang go ithuta Baebele le dimakasine di le 3000 tse ba neng ba di tsamaiseditswe.—Bapisa Ditiro 12:24.
Ka Thelefouno: Baagi ba ba diketekete ba ba agileng mo ditoropong ba nna mo difoleteng tse di agetsweng kwa godimo tse di nang le pabalesego ya maemo a a kwa godimo thata. Le fa go ntse jalo, baboledi ba ba ineetseng ba Bogosi ba tswelela pele ba dira ka tlhoafalo le ka botlhale. Ba kgona jang go ya kwa batho bano ba leng gone? Le fa gone ba ne ba ka rata go buisana le batho go lebanwe difatlhego, gantsi thulaganyo ya go buisana le batho ba ba mo difoleteng ka intercom ba e dirisa ka katlego. Fa ba sa kgone go dira jalo, ba dirisa menwana ya bone, ba leletsa batho thelefouno.
Moso mongwe mosadi mongwe yo o godileng o ne a araba founo ya gagwe. Morago ga tumediso e khutshwanyane, e e maitseo, o ne a bodiwa gore a o ne a akanya gore go tla nna le nako ya fa batho ba tla bong ba kgona go tsamaya mo mebileng bosigo ba babalesegile. Go ne ga balwa Dikwalo go mo tlhomamisetsa gore mo isagweng go ne go tla nna le letlotlo la kagiso. (Pesalema 37:10, 11; Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) O ne a dumalana gore go tlotlwe gape le ene ka founo mo bekeng e e latelang ka yone nako eo gore ba bone gore ke ka ntlha yang fa re ka dumela ditsholofetso tse Modimo a di solofeditseng. Morago ga go ithuta Baebele ka founo ka sebaka sa kgwedi, mmoledi wa Bogosi a bala dirapa mo bukeng e e dirisiwang go ithuta Baebele mme a botsa dipotso tse di tshwanelang, o ne a bakwa ke mosadi yono gore a bo a tla ka ditlhogo tse dintsi jaana tse di farologaneng beke nngwe le nngwe. E ne e le nako ya gore a mo tlhalosetse ka buka e a ithutang ka yone a ba a mmolelele gore o tla rata go mo tlisetsa ya gagwe. Morago ga moo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore ba kopane mmogo. E le ruri Basupi ba ga Jehofa ba bontshitse gore ba rata batho, mme batho ba a arabela, ka ba lemoga gore Jehofa o na le bareri bano ba Bakeresete.—Bapisa 1 Bakorintha 14:25.
Ka Dibuka Tse di Gatisitsweng: Baboledi ba Bogosi mo kgaolong e e buang Sefora thata ya Quebec le bone ba ya kwa batho ba leng gone. Modiredi mongwe yo o etang o ne a bolela jaana: “Ka dingwaga di le dintsi bakaulengwe ba ne ba na le maikutlo a gore ba eme kgotlha e le yosi fela ka ntlha ya kganetso e e bogale ya kereke. Mme ka ntlha ya go dira ka natla ga bakaulengwe ba sa lape e bile ba nna ba boaboela kwa bathong, Baebele, buka e e neng e batla e sa itsiwe gotlhelele mme e balwa ke bathonyana ba sekae fela, jaanong e fitlhelwa mo magaeng a le mantsi.”
Go nna le matswela a a itumedisang thata jaaka fa bareri ba basha ba tswa mo bathong ba maemo a a farologaneng ba Quebec, go akaretsa le ba tsa bongaka. Go ntse jalo ka ngaka nngwe. Mosadi wa gagwe, yo e leng mmoledi wa Bogosi, o ne a tle a tlotle le ene ka tsholofetso ya Baebele nako le nako. Mogolwane mongwe wa phuthego yo o podi matseba o ne a tsaya matsapa a go laletsa ngaka eno gore e nne gone kwa pokanong ya phuthego ka nako ya fa go ne go ithutwa boroutšhara jwa Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? O ne a tla a ba a nna le seabe. E re ka a ne a kgatlhilwe ke go bona tsela e motlotlo ono e neng e le wa maemo a a kwa godimo ka gone e bile go tlotlwa ka dilo tse di kwa teng tsa semoya, o ne a dumela go ithuta Baebele ka boene. Jaanong le ene ke mmoledi wa Bogosi.
Go dirisa dimakasine ka tsela e e molemo go nnile le seabe se se botlhokwa thata mo go ngokeleng batho kwa Baebeleng. Motho ga a ke a itse gore ke setlhogo sefe se se tla gogelang motho kwa boammaaruring. Mmoledi mongwe wa Bogosi o ne a neela moagelani wa gagwe makasine wa Tsogang!, moagelani yono o ne a sa batle go reetsa molaetsa mme o ne a kgatlhegela go itse ka ditshenekegi. Setshwantsho se se leng mo setlhogong sa Tsogang! (ya Seesemane) ya November 22, 1992, se se reng “Bolwetse Jwa ga Chagas—Go Boa fa Kgorong ya Loso” se ne sa mo kgatlha thata. E re ka a ne a kgatlhilwe thata ke se a neng a se bala, o ne a kopa go newa dimakasine tse dingwe. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele, mme mo dikgweding di le thataro o ne a neela ba bangwe bosupi.
Kwa Mafelong a Botlhe: Molao wa Canada o letlelela gore motho a bue ka kgololesego mo mafelong a botlhe, a a jaaka kwa boemafofaneng. Kwa Boemafofaneng Jwa Boditšhabatšhaba Jwa Halifax, baboledi ba Bogosi ba atamela batsamai ka botlhale fa ba tsena kana ba tswa mo boemafofaneng, ba buisana le bone. Ba ba botsa dipotso tse di tshwanelang tse di dirang gore ba feleletse ba tlotla ka Baebele. E re ka ba tshwara Baebele e nnye le dibuka, ba kgona go tlotla ka dilo tsa semoya tse di tlhokegang. Dingaka, baitsesaense, babueledi, bakgweetsi ba difofane, baruti, mapodise, bakgweetsi ba ditekesi, baenjinere, barutabana, masole, le boradipolotiki ba ba tswang kwa dinageng di sele ke bangwe ba batho ba ba neng ba utlwa molaetsa wa Bogosi ka tsela eno mme ba tsaya dipeo tsa boammaaruri ba ya go di jala kwa mafelong a a kgakala.—Bakolosa 1:6.
E ne ya re go sa le gale mo mosong mongwe kwa boemafofaneng, monna mongwe o ne a amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Morago ga moo o ne a bua ka lentswe le le ritibetseng, le le iketlileng a re: “Nnyaa, e seng Basupi ba ga Jehofa!” Ke ka ntlha yang fa a ne a arabela jalo? Monna yono e ne e le Momoselema yo o ineetseng yo o neng a sa tswa go rapela mo ntlong ya kobamelo ya mo boemafofaneng. O ne a sa tswa go kopa mo Modimong gore a mmontshe botlhale, temogo le boammaaruri. Kgopolo ya gore thapelo ya gagwe ka nako eo e ne e arabelwa ka Basupi ba ga Jehofa e ne ya mo gakgamatsa fela thata.
E le ruri, baboledi ba ba pelokgale ba Bogosi kwa Canada ga ba letle sepe se ba kgoreletsa go bolela molaetsa ono o o botlhokwatlhokwa wa Bogosi. Ga ba letle dipuo tsa batswakwa, ditsela tsa mmu tse di makgawekgawe, mafelo a a kwa kgakalakgakala, kana dikago tsa mo ditoropong tse di nang le pabalesego ya maemo a a kwa godimo di ba kgoreletsa. Ba ikemiseditse go isa molaetsa wa Modimo wa botshelo kwa bathong ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang boammaaruri. Bone mmogo le bakaulengwe ba lefatshe lotlhe, ba e leng badirikabone, ba utlwa taelo ya ga Jesu kwa ntle ga bopelotshetlha ya gore ba ‘tsamaye mme ba dire barutwa.’—Mathaio 28:19.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Pony express e ne e le tirelo ya poso kwa United States e e neng ya nna teng ka sebaka se sekhutshwane sa dikgwedi di le 18 go tloga ka 1860 go ya go 1861.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Baboledi ba Bogosi ba ba Atlegileng ba Dirisa Founo
Bangwe ba rile: “Dumela. Leina la me ke [mmolelele leina la gago]. Ke ntse ke buisana le batho ka bokhutshwane mo tikologong eo ya lona kaga gore kagiso e ka fitlhelelwa jang. A o akanya gore go tla tsamaya go nna le kagiso mo lefatsheng lotlhe? [Mo letle gore a arabe.] O se ka wa tshwenyega, ga ke dire dipatlisiso ka sepe e bile ga ke rekise sepe. Go na le moo, ke ntse ke bolelela ba bangwe ntlha eno go tswa mo Dikwalong Tse di Boitshepo, ya gore Modimo o tlile go tlisa kagiso.” Morago ga moo lo ka tswelela lo tlotla ka bokhutshwane ka Dikwalo.
Ba bangwe ba rile: “Dumela. Leina la me ke [mmolelele leina la gago]. Ke moithaopi mo tikologong ya lona. Ke ntse ke leka go bona tsela e batho ba ba nnang mo kagong eno ya lona ba lebang dilo ka teng. Ba le bantsi ba tshwenyegile ka go babalesega ga bone fa go lebilwe tsela e thubakanyo le tlolomolao di ntseng di oketsega ka teng mo tulong eno ya rona. A le wena o tshwenyegile ka seno? [Mo letle gore a arabe.] A o akanya gore go tla tsamaya go nna le nako eo ka yone lefatshe lotlhe le tla bong le babalesegile?” Mo letle gore a arabe, o bo o tswelela ka molaetsa wa Dikwalo.