Lelapa—Le mo Kotsing!
“MME morago ga moo ba ne ba tshela ka boitumelo ka bosakhutleng.” Tsela e tlhamane eno e felang ka yone e diragala mo manyalong a sekaenyana fela gompieno. Go solofetsana mo lenyalong gore ba tla ratana ‘go le monate kana go le mathata fa fela ba sa ntse ba tshela mmogo’ gantsi e a bo e le polelo fela e e se keng e diragadiwa. Go nna le lelapa le le itumetseng go bonala e le kgang ya go iteka lesego fela mme gone o se kitla o atlega.
Fa gare ga 1960 le 1990, tlhalo e ile ya menagana go feta gabedi kwa dinageng tse dintsi tse di tlhabologileng tsa Bophirima. Kwa dinageng tse dingwe e ne ya oketsega go menagane ganè. Ka sekai, ngwaga le ngwaga go kwadisiwa manyalo a le 35 000 kafa molaong kwa Sweden, mme mo e ka nnang sephatlo sa one a tla thubega, go ame bana ba ba fetang 45 000. Batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana le bone ba kgaogana ka selekanyo se se fetang seo, go bo go ama bana ba bangwe ba ba masome a a diketekete. Go direga se se tshwanang le mo dinageng tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe, jaaka go ka bonwa mo lebokoseng le le mo tsebeng ya 5.
Ke boammaaruri gore go thubega ga malapa le go kgaogana ga manyalo ga se selo se sesha mo hisitoring. Molao wa Hammurabi wa mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E. o ne o akaretsa melao e e neng e dumelela tlhalo kwa Babilonia. Tota le Molao wa ga Moshe, o o neng wa tlhongwa mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E., o ne o letlelela tlhalo kwa Iseraele. (Duteronome 24:1) Le fa go ntse jalo, dibofo tsa lelapa ga di ise di koafale go feta jaaka go ntse mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga. Dingwaga tse di fetang lesome tse di fetileng, mokwaladikgang mongwe o ne a kwala jaana: “Dingwaga tse 50 go tloga jaanong, re ka nna ra se ka ra nna le malapa a a tlwaelegileng. A ka nna a emisediwa ke mefuta e e farologaneng ya ditlhopha tsa batho.” Mme tsela e dilo di diregang ka yone fa e sa le ka nako eo go bonala di tlhomamisa gore o ne a bua boammaaruri. Thulaganyo ya lelapa e koafetse ka bonako thata jaana mo e bileng jaanong go tshwanela go botsa potso e e reng, “A le tla falola?”
Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana gore banyalani ba le bantsi ba nne mmogo le go nna le lelapa le le utlwanang? Sephiri ke sefe sa bao ba neng ba kgona go nna mmogo ka nako e telele, ba keteka ka boitumelo digopotso tsa bone tsa lenyalo tsa selefera le tsa gouta? Fa go ntse go le jalo, ka 1983 go ne ga begwa gore monna le mosadi mongwe kwa repaboliking ya Azerbaijan e pele e neng e le Soviet ba ne ba keteka segopotso sa bone sa lenyalo sa bo100—monna a na le dingwaga di le 126 mme mosadi a na le dingwaga di le 116.
Ke Eng Se se Le Tsenyang mo Kotsing?
Mo dinageng di le dintsi dingwe tsa dilo tse di bakang tlhalo e e kafa molaong ke boaka, go sotla yo mongwe mo tlhaloganyong kana mo mmeleng, go tlhokomologiwa, go nna lekgoba la bojalwa, boopa, botsenwa, go nyala lefufa le go lemalela diokobatsi. Le fa go ntse jalo, lebaka le lengwe le le tlwaelegileng thata ke gore boikutlo jwa motheo ka lenyalo le ka botshelo jo bo tlwaelegileng jwa lelapa bo fetogile fela thata, segolo jang mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana. Go tlotla thulaganyo eno e bogologolo e neng e tsewa e le boitshepo go setse go fedile. Baopedi ba ba bogagapa, dibaesekopo, dikgangtswelelopele tsa thelebishene tse di bontshang thata boitsholo jo bo maswe le dibuka tse di tumileng di ile tsa tlotlomatsa se go tweng ke kgololesego ya tlhakanelodikobo, boitsholo jo bo sa siamang, boitshwaro jo bo repileng le botshelo jwa boithati. Di rotloeditse mokgwa o o senyang megopolo le dipelo tsa basha le tsa bagolo ka mo go tshwanang.
Patlisiso nngwe e e dirilweng ka 1996 e ne e bontsha gore diperesente tse 22 tsa Baamerika ba bolela gore ka dinako tse dingwe bonyatsi bo ka solegela lenyalo molemo. Tokololo nngwe e e kgethegileng ya longwe lwa dikwalodikgang tse di tumileng thata tsa Sweden, Aftonbladet, e ne ya rotloetsa basadi go tlhala ka gonne “ke gone fela go ka tokafatsang maemo a bone.” Dingaka dingwe tsa tlhaloganyo le tsa thutomotho tse di tumileng di ile tsa fopholetsa gore motho o “dirwa” ke tlhago fela gore a fetole balekane mo dingwageng dingwe le dingwe di sekae. Ka mafoko a mangwe, ba bolela gore bonyatsi le ditlhalo ke dilo tsa tlholego. Ba bangwe e bile ba bolela gore go tlhalana ga batsadi go ka nna ga solegela bana molemo, gore go ba baakanyetsa go itshokela tlhalo e bone ba ka nnang le yone ka letsatsi lengwe!
Basha ba le bantsi ga ba tlhole ba eletsa go tshela botshelo jwa lelapa le le tlwaelegileng, le le nang le rre, mmè le bana. “Ga ke ipone ke tshela botshelo jotlhe le molekane a le mongwe fela,” eo ke kgopolo e e tlwaelegileng. “Lenyalo le tshwana le Keresemose, ke tlhamane fela. Ga ke batle go nyala,” go ne ga bolela jalo mosimane mongwe wa dingwaga tse 18 wa Mo-Denmark. “Wa bona, ga ke bone go tlhokega go itshwenya ka go nna le [monna] ke bo ke nnela go mo tlhatswetsa disokisi,” go ne ga bolela jalo Noreen Byrne wa National Women’s Council kwa Ireland. “Intshe fela le go tshameka le bone . . . Basadi ba le bantsi ba akanya gore ga ba tlhoke banna gore ba tshele.”
Malapa a a Nang le Motsadi a le Mongwe Fela a Oketsega
Kwa Yuropa yotlhe boikutlo jono bo dirile gore malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela yo e leng mmè a oketsege ka bonako. Bangwe ba batsadi bano ba ba se nang balekane ke bana ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba akanyang gore go ima ba sa ikaelela ga go phoso. Ba sekae ba bone ke basadi ba ba batlang go godisa ngwana wa bone ba le bosi. Bontsi jwa bone ke bommè ba ba nnang mmogo le rrabana ka nakwana fela, mme ba sa ikaelela go ba nyala. Ngogola makasine wa Newsweek o ne wa kwala kgang nngwe mo tsebeng e e kafa ntle e e nang le potso e e reng “A ke Bofelo Jwa Lenyalo?” E ne e bolela gore selekanyo se bana ba ba tsholwang ba le kwa ntle ga lenyalo se oketsega ka bonako kwa Yuropa mme ga go na ope yo o amegang ka gone. Sweden e ka tswa e le yone e e di gogang kwa pele, ka sephatlo sa bana botlhe ba koo ba ba tsholwang kwa ntle ga lenyalo. Kwa Denmark le Norway ba gaufi le sephatlo, mme kwa Fora le kwa Engelane, ke a le 1 mo go ba le 3.
Kwa United States, malapa a a nang le batsadi ka bobedi a ntse a fokotsega thata mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng. Pego nngwe e bolela jaana: “Ka 1960, . . . diperesente di le 9 tsa bana botlhe ba ne ba na le magae a a nang le motsadi a le mongwe fela. Ka 1990, palo eo e ne ya tlhatlogela go diperesente tse 25. Gompieno, diperesente di le 27,1 tsa bana botlhe ba kwa Amerika ba tsholelwa mo magaeng a a nang le motsadi a le mongwe fela, e leng palo e e ntseng e oketsega. . . . Fa e sa le ka 1970, palo ya malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela e setse e menagane go feta gabedi. Lelapa le le tlwaelegileng le mo kotsing thata gompieno mo e leng gore le ka tloga la nyelela, go bolela jalo babatlisisi bangwe.”
Mo dinageng tse Kereke ya Katoliki ya Roma e setseng e sa tlhole e na le taolo e e tshwanetseng mo go tsone, malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela a ntse a oketsega. Malapa a a kwa tlase ga sephatlo kwa Italy a na le mmè, rre le bana, mme lelapa le le tlwaelegileng le emisediwa ke banyalani ba ba se nang bana le malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela.
Bodirediloago mo dinageng tse dingwe tota bo kgothaletsa batho gore ba se ka ba nyala. Bommè ba ba sa nyalwang ba ba amogelang dithuso tsa setšhaba, di ka ba latlhegela fa ba ka nyalwa. Bommè ba ba sa nyalwang kwa Denmark ba neelwa dithuso tse di oketsegileng tsa madi a go tlhokomela ngwana, mme mo ditšhabeng tse dingwe, bommè ba babotlana ba neelwa madi a a rileng e bile ba duelelwa rente. Ka gone, seno se akaretsa madi. Alf B. Svensson o bolela gore tlhalo kwa Sweden e bakela batho ba ba duelang lekgetho madi a a fa gare ga diranta tse di dimilione tse 1,2 le tse di dimilione tse 1,8 mo mading a dithuso, a rente ya matlo le a dithuso tsa setšhaba.
Go bonala dikereke tsa Labokeresete di dira go le gonnye kana di sa dire sepe go leka go fetola maemo ano a a tshwenyang a a mo malapeng. Baruti ba le bantsi ba lwantshana le mathata a malapa a bone, ka gone ba ikutlwa ba sa kgone go thusa ba bangwe. Tota e bile go bonala ba bangwe ba buelela tlhalo. Lokwalodikgang lwa Aftonbladet lwa April 15, 1996, lo ne lwa bega gore moruti Steven Allen wa kwa Bradford, kwa Engelane, o ne a tlhama thero e e kgethegileng ya tlhalo, e a akanyang gore e tshwanetse go dirisiwa e le tirelo e e kafa molaong mo dikerekeng tsotlhe tsa Boritane. “Ke tirelo e e fodisang e e thusang motho gore a amogele se se ba diragaletseng. E ba thusa go lemoga gore Modimo o sa ntse a ba rata e bile e ntsha botlhoko jono mo go bone.”
Ka jalo lelapa le ya kae? A go na le tsholofelo ya gore le ka falola? A malapa mangwe le mangwe a ka boloka kutlwano ya one tota le fa a le mo kotsing eo e kgolo? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang.
[Tšhate mo go tsebe 5]
MANYALO A A KWADISIWANG NGWAGA LE NGWAGA FA A BAPISIWA LE DITLHALO KWA DINAGENG DINGWE
NAGA NGWAGA MANYALO DITLHALO
Australia 1993 113 255 48 324
Canada 1992 164 573 77 031
Cuba 1992 191 837 63 432
Czech Republic 1993 66 033 30 227
Denmark 1993 31 507 12 991
Estonia 1993 7 745 5 75
Fora 1991 280 175 108 086
Jeremane 1993 442 605 156 425
Japane 1993 792 658 188 297
Maldives 1991 4 065 2 659
Norway 1993 19 464 10 943
Puerto Rico 1992 34 222 14 227
Russian Federation 1993 1 106 723 663 282
Sweden 1993 34 005 21 673
United Kingdom 1992 356 013 174 717
United States 1993 2 334 000 1 187 000
(Based on 1994 Demographic Yearbook United Nations New York 1996)