Tsweetswee Kopanela le Rona mo Tiragalong Kgethegileng ka Matlhatso, April 11, 1998
BASUPI BA GA JEHOFA ba go laletsa ka lorato go gopola le bone mpho ya Modimo ka Morwawe e bong Jesu Keresete. Mpho eno e ne ya bulela batho tsela ya go nna le tebelelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16.
Monongwaga Segopotso sa loso lwa ga Jesu lo tla ketekiwa fa letsatsi le sena go phirima ka Matlhatso, April 11. Letlha leno le tsamaisana le Nisane 14 go ya ka khalentara ya Baebele e e lejwang ka ngwedi. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka lefelo le go kopanelwang kwa go lone le nako e e tlhomameng.
A o itse ka ditiragalo tseno tse di ileng tsa diragala mo malatsing a ga Jesu a bofelo mo lefatsheng?