Re ka Bona Kae—Ditsala Tsa Boammaaruri?
BATHO ba bopilwe ba tlhoka go nna le ditsala. (Genesise 2:18) Baebele e bolela gore tsala ya boammaaruri, kana molekane, e “tsaletswe motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17, bapisa NW.) Ka jalo, tsala ya mmatota e tshwanetse ya kgona go kopa thuso mo go e nngwe fa go tlhokega. Mme gone go nna tsala ga se kgang fela ya gore o nne le mongwe yo o ka yang kwa go ene fa o tlhoka thuso kana go nna le motho yo o dirang le ene kana yo o tshamekang le ene.
Ditsala tse di siameng di a thusana. Diane 27:17 ya re: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” Fela jaaka tshipi e ka dirisiwa go lootsa bogale jwa tshipi e e tshwanang le yone, tsala e ka kgona go lootsa boemo jwa tlhaloganyo le jwa semoya jwa tsala e nngwe. Fa sengwe se se re swabisitseng se dira gore re tshwenyege thata mo maikutlong, re ka kgothatswa ke fela fa tsala e re leba ka bopelotlhomogi le go re naya kgothatso nngwe ya Dikwalo.
Mo Baebeleng, go nna ditsala go amanngwa le lorato, go tlwaelana, go bolelelana diphiri, le bolekane. Ditsala e ka nna baagelani, badirimmogo, jalo le jalo. Gape bangwe ba tsaya bangwe ba losika e le ditsala tsa bone tse ba ntshanang se inong le bone. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi gompieno ba go fitlhela go le thata go bona ditsala tsa boammaaruri le go tswelela ka botsala joo.
Botsala Jwa Boammaaruri
Baebele e tlhalosa tsala ya boammaaruri e le yo o kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe, o a ikanyega e bile o botsalano ka metlha yotlhe, o thusa molekane wa gagwe fa a le mo pitlaganong, e bile o mo gakolola ka boikanyego. (Diane 18:24; 17:17; 27:6, 9) Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba humileng le ba ba abang dimpho ba na le ditsala di le dintsi tse di kgatlhegelang fela melemo e di e bonang ka bopelotshetlha mo botsaleng joo.—Diane 14:20; 19:4, 6, 7.
Go a tshwanela he go bo Jesu Keresete a ile a gakolola gore mo sejong sa maitseboa, go se ka ga lalediwa ditsala tse di tla go duelang gape, mme go lalediwe batho ba ba ka se kang ba go duela gape. (Luke 14:12-14) Jesu ka boene o tlhoma sekao mo ntlheng eno ka go thusa ba ba neng ba lebelwa kwa tlase mo semoyeng. Ka ntlha ya seno o ne a bidiwa “tsala ya bakgethisi le baleofi.” (Mathaio 11:19) Mme Jesu o ne a bontsha gore ke fela ba ba utlwang ditaolo tsa gagwe ba e neng e le ditsala tsa gagwe tsa boammaaruri. O ne a bontsha gore o a ba rata ka go ntsha moya wa gagwe mo boemong jwa bone mme a ba kgothaletsa gore le bone ba ratane fela jalo.—Johane 15:12-14.
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bitsa badumedimmogolebone botlhe ba re ke “ditsala.” (3 Johane 14) Le fa go ntse jalo seno ga se bolele gore motho a ka se ka a nna gaufi le bangwe mo phuthegong ya Bokeresete go feta ba bangwe, gongwe e le ka gonne e le ba losika, ba kopanngwa mmogo ke maemo mangwe, ba tswa lefelong le le lengwe kana ba rata dilo tse di tshwanang, e le fela gore ba na le botho jo bo tshwanelanang, kana e le ka ntlha ya dinonofo dingwe tse di molemo tsa Bokeresete tse motho a ileng a di lemoga fa a ntse a tlwaelana le bone. Petere, Jakobe le Johane ba ne ba na le dinonofo dingwe tse di neng di dira gore Jesu a nne le barutwa bano mo ditshiamelong di le dintsi, tse di jaaka go dira gore ba bone go fetoga ga gagwe mo ponalong. Mo ntlheng eno Jesu a ka nna a bo a ne a lebile kwa isagweng, dilo dingwe tse a neng a di beetse banna ba bararo bano, dilo tse a neng a itse gore o ne a tla dirisa bone mo go tsone mo tirelong ya gagwe.—Mareko 9:1-10; 14:32, 33.
Le fa, jaaka Jesu, Mokeresete a bontsha lorato mo bathong ka kakaretso, o bontsha ka tshwanelo mofuta wa lorato lo lo tsamaisanang le go nna tsala mo bathong ba e leng ditsala tsa Modimo fela. Se se bontshang kafa seno se tshwanelang ka gone ke potso eno e e neng ya bodiwa Kgosi Jehoshafate: “A o ne o tshwanetse go thusa baikepi, le go rata bone ba ba ilang Jehofa?” (2 Ditirafalo 19:2) Batho ba ba eletsang go nna ditsala tsa lefatshe ba itira baba ba Modimo.—Jakobe 4:4.
Botsala jwa batho jo bo tlhomologileng thata jo go kwadilweng ka jone mo Dikwalong tsa Sehebera e ne e le jwa ga Dafide le Jonathane. Le mororo Jonathane e ne e le ene yo tota a neng a tshwanetse go nna moruaboswa wa setulo sa bogosi sa ga rraagwe e bong Saulo, ga a ka a tlhoa Dafide le go mo leba e le yo o tla lwelang bogosi le ene, mme o ne a lemoga gore Jehofa o ne a rata Dafide. Ka jalo “mowa wa ga Jonathane wa logakana le mowa wa ga Dafite, Jonathane a mo rata jaaka a ithata.”—1 Samuele 18:1.
Fa Jonathane a sena go swa kwa ntweng, Dafide o ne a hutsafala thata a hutsafalela go latlhegelwa ke tsala, a re: “Ke mo tlalelong ka ga gago Jonathane, mogolole; mo go nna, o ntse o le natefo thata; lorato lwa gago mo go nna lo ne lo gakgamatsa lo feta lorato lwa basadi.” (2 Samuele 1:26) Go ne go kgonega gore ba nne ditsala jalo ka gonne Dafide mmogo le Jonathane ba ne ba ikanyega thata mo go Jehofa Modimo go feta mo go sepe se sele.
Go farologana le seo, ka ntlha ya go senyega ga boitshwaro mo motlheng wa gagwe moporofeti Mika o ne a tshwanelwa ke go tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ikanya tsala.” (Mika 7:5) Jesu le ene o ne a bontsha gore batho ba pele e neng e le ditsala tsa balatedi ba gagwe ba ne ba tla ba tlhanogela ba ba ba ba ise gore ba bolawe.—Luke 21:16.
Go Nna Tsala le Modimo
Gareng ga masego a Modimo a neng a a neela Aborahame e ne e le tshiamelo le tlotla ya go bidiwa “tsala [kana, moratwa] ya ga Jehofa.” Seno e ne e le ka ntlha ya tumelo e e tlhomologileng ya ga Aborahame, e a neng a e bontsha ka selekanyo se segolo thata fa a ne a iketleeditse go ntsha morwawe e bong Isake setlhabelo.—2 Ditirafalo 20:7, bapisa NW; Jakobe 2:21-23.
Ka go dirisa “dikhumo tse di sa siamang” ka tsela e e tshwanetseng, go a kgonega gore motho a itirele ditsala le Jehofa Modimo le Morwawe, ba ba ka kgonang go amogelela motho mo “mafelong a bonno a bosakhutleng,” jaaka Jesu Keresete a bontshitse mo setshwantshong sa gagwe ka molebalebi yo o sa siamang. (Luke 16:1-13) Tota e bile Jesu o ne a bitsa barutwa ba gagwe ditsala tsa gagwe, mme ka go rialo gape ba ne ba le ditsala le Rraagwe. (Johane 15:13-15; 14:21) Mo go Pesalema 15:1-5, go tlhalosiwa dilo tse di tlhokegang gore re nne baeng mo motlaaganeng wa ga Jehofa re le bangwe ba ditsala tsa gagwe.
Phapaanong le seo, go nna ditsala le lefatshe go re dira baba ba Modimo. (Jakobe 4:4; 1 Johane 2:15-17) Batho ka kakaretso ba tlhobogane le Modimo e bile ke baba ba gagwe. Le fa go ntse jalo, go a kgonega gore ba ka boelana nae, mme seno se ka direga fela ka Jesu Keresete le ka bodiredi jwa go letlana nae jo Modimo a bo neileng baemedi ba Morwawe. Kgabagare ke fela ba e leng ditsala tsa Modimo ba ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng.—2 Bakorintha 5:18-20; Tshenolo 21:3, 4.
Fa re dira ka natla, re ka kgona go dira ditsala tsa boammaaruri. Dingwe tsa tsone re tla nna le kamano e e kgethegileng le tsone. Mme ga go na ope yo o ka tseelang Modimo sebaka, Tsala e kgolo go di gaisa tsotlhe. Ke Jehofa fela yo o ka re itseng ka botlalo, a re tlhaloganya sentle le go re tshegetsa ka botlalo.—Pesalema 139:1-4, 23, 24.