LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/15 ts. 32
  • A Modimo o Tla Senya Lefatshe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Tla Senya Lefatshe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/15 ts. 32

A Modimo o Tla Senya Lefatshe?

GO YA ka Mopapa John Paul II, batho ba ka letela isagwe ka tsholofelo. O ne a bolela gore, go ralala hisitori, “batho ba ntse ba tswelela pele go dira maleo, gongwe tota le a magolo go gaisa a pele ga morwalela.” Le fa go ntse jalo, mopapa o ne a tlhalosa ka gore, “go ya ka mafoko a kgolagano e Modimo a e dirileng le Noa, re lemoga gore gone jaanong ga go sa tlhole go na le boleo jo bo ka dirang gore Modimo a senye lefatshe le ene ka boene a le bopileng.”

A ke boammaaruri gore Modimo o ka se ka le ka motlha wa senya lefatshe? Baebele e bolela gore morago ga Morwalela, Modimo o ne a bolelela Noa jaana: “Nama yotlhe ga e ketla e tlhola e kgaolwa ka metsi a morwalela; le gone ga go ketla go tlhola go tla morwalela go senya lefatshe.” (Genesise 9:11) Mopapa o bolela gore ka mafoko ano, Modimo “o ile a ikana gore a ka se ka a senya [lefatshe].”

Baebele e tlhalosa sentle gore Mmopi a ka se ka a letlelela gore polanete ya rona e senngwe. Baebele e bolela jaana: “Lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.” (Moreri 1:4) Mme go na le mo gontsi mo go ka ithutiwang ka Morwalela—sengwe se mopapa a sa akgelang ka sone.

Jesu o ne a bolela gore maemo a lefatshe ka nako ya go nna gone ga gagwe mo isagweng a ne a tla nna “fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse,” fa batho ba ne “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe.” (Mathaio 24:37-39) Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a kwala gore fela jaaka “lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi” fela jalo ‘letsatsi la katlholo le la go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo’ le atametse lefatshe le gompieno.—2 Petere 3:5-7.

A Jesu le Petere ba ne ba lebetse ka kgolagano ya Modimo le Noa? Le e seng! Fela jaaka a boletse mo kgolaganong ya gagwe le Noa, Modimo a ka se ka a dirisa metsi a morwalela go fedisa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Go na le moo, o tla dirisa maatla a “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena” e bong Jesu Keresete. (Tshenolo [Apokalipisi] 19:11-21) Ka jalo, go ya ka Baebele, polanete eno e ka se ka ya senngwa, mme kwantle ga pelaelo “lefatshe” la batho ba ba boikepo le tla fedisiwa. (Diane 2:21, 22; Tshenolo 11:18) Morago ga moo, “basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela